LEFITIKO 4

Setlhabelo sa boleo

1 Morenaa ba a bua le Moše a re:

2 “Raya Baiseraele o re: ‘Fa motho a leofela nngwe ya ditaolo tsaMorenaka go sa itse, a dira sengwe sa dilo tse di sa tshwanelang go dirwa – go nne jaana:

3 “ ‘Fa moperesiti yo o tloditsweng a leofa, a rwesa morafe molato jalo, a a tlisetseMorenapoana e e se nang bogole ka ntlha ya boleo jwa gagwe jo o bo dirileng go nna setlhabelo sa boleo;

4 a tlise poana kwa mojakong wa Tente ya Boipontsho fa pele gaMorena, a bee letsogo mo tlhogong ya poana, a e tlhabe fa pele gaMorena.

5 Jaanong a moperesiti yo o tloditsweng a tsee madi mangwe a poana, a a ise mo teng ga Tente ya Boipontsho.

6 Moperesiti a be a ine monwana wa gagwe mo mading, a kgatshe madi mangwe gasupa fa pele gaMorena, fa pele ga lesire la Felo-ga-Boitshepotshepo.

7 Moperesiti a be a tshase madi mangwe mo dinakeng tsa aletare ya maswalo a a nkgang monate fa pele gaMorenae e mo Tenteng ya Boipontsho, a be a tshololele madi otlhe a a setseng a poana mo motheong wa aletare ya ditlhabelo tsa phiso e e fa mojakong wa Tente ya Boipontsho.

8 “ ‘Mme mafura otlhe a poana ya setlhabelo sa boleo a a tlose mo go yona, e bong lomipi lo lo apesitseng mogodu le mafura otlhe a a mo maleng

9 le diphilo tsoo pedi le matlhaname a tsona a a mo dinokeng le mafura a a bapileng le sebete, a a tlose fa diphilong,

10 jaaka a tlosiwa mo kgomong ya setlhabelo sa tebogo, mme a moperesiti a di fise mo aletareng ya setlhabelo sa phiso.

11 Mme fa e le letlalo la poana le nama yotlhe ya yona le tlhogo ya yona le memomo ya yona le mala a yona le moswang wa yona

12 a a ntshetse poana yotlhe kwa ntle ga bothibelelo kwa felong fa go phepa kwa molora o olelelwang teng, a e fise teng mo godimo ga dikgong ka molelo; e fisiwe kwa thutubudung ya molora.

13 “ ‘Mme fa phuthego yotlhe ya Iseraele e leofa ka go sa itse, mme phuthego e sa itemoge molato; fa ba dira sengwe sa go tlola taolo nngwe yaMorenase se sa tshwanelang go dirwa, ba nna molato;

14 a e re motlhang go lemogiwang boleo jo ba bo dirileng, phuthego e tsise poana go nna setlhabelo sa boleo; a ba e tlise fa pele ga Tente ya Boipontsho,

15 mme a bagolo ba phuthego ba bee mabogo mo tlhogong ya poana eo fa pele gaMorena, poana e be e tlhajwe fa pele gaMorena.

16 “ ‘Jaanong a moperesiti yo o tloditsweng a ise madi mangwe a poana eo kwa teng ga Tente ya Boipontsho;

17 moperesiti a be a ine monwana wa gagwe mo mading, a a kgatshe gasupa fa pele gaMorena, fa pele ga lesire.

18 A be a tshase madi mangwe mo dinakeng tsa aletare e e fa pele gaMorenamo Tenteng ya Boipontsho; a be a tshololele madi otlhe a a setseng mo motheong wa aletare ya ditlhabelo tsa phiso e e fa mojakong wa Tente ya Boipontsho.

19 Mme mafura otlhe a yona a a tlose mo go yona, a a fise mo aletareng.

20 A a dire ka poana jaaka a dirile ka poana ya setlhabelo sa boleo sa moperesiti, a dire fela jalo. A moperesiti a ba ruanye jalo le Modimo, foo ba tla itshwarelwa.

21 A be a ntshetse poana kwa ntle ga bothibelelo, a e fise jaaka a fisitse poana ya ntlha. Ke sona setlhabelo sa boleo sa phuthego.

22 “ ‘Fa moeteledipele wa morafe a leofa, a dira sengwe sa go tlola nngwe ya ditaolo tsaMorena, Modimo wa gagwe, se se sa tshwanelang go dirwa ka go sa itse, a nna molato,

23 mme morago a itemoga boleo jo o bo dirileng, a a tsise neo ya tlhabelo ya gagwe e bong phoko e e se nang bogole,

24 a bee letsogo mo tlhogong ya phoko, a e tlhabe mo felong fa go tlhajwang setlhabelo sa phiso teng fa pele gaMorena. Ke setlhabelo sa boleo.

25 Jaanong a moperesiti a tsee madi mangwe a setlhabelo sa boleo ka monwana wa gagwe, a a tshase mo dinakeng tsa aletare ya ditlhabelo tsa phiso, mme a tshololele madi a a setseng a yona mo motheong wa aletare ya ditlhabelo tsa phiso.

26 A be a fise mafura otlhe a yona mo aletareng jaaka mafura a setlhabelo sa tebogo. A moperesiti a mo ruanye jalo le Modimo ka ntlha ya boleo jwa gagwe; foo o tla itshwarelwa.

27 “ ‘Mme fa motho fela wa morafe a leofa ka go sa itse ka go dira sengwe sa go tlola nngwe ya ditaolo tsaMorenase se sa tshwanelang go dirwa, a nna molato;

28 mme morago a itemoga boleo jo a bo dirileng, a a tsise neo ya tlhabelo ya gagwe, e bong podi e namagadi e e se nang bogole ka ntlha ya boleo jwa gagwe jo o bo dirileng;

29 a bee letsogo mo tlhogong ya setlhabelo sa boleo, a se tlhabe mo felong ga setlhabelo sa phiso.

30 Jaanong a moperesiti a tsee madi mangwe a yona ka monwana wa gagwe, a a tshase mo dinakeng tsa aletare ya ditlhabelo tsa phiso, a be a tshololele madi otlhe a a setseng a yona mo motheong wa aletare eo.

31 Mme a a tlose mafura otlhe a yona jaaka go tlosiwa mafura mo setlhabelong sa tebogo. A moperesiti a a fise mo aletareng go nna monko o o monate moMoreneng. A moperesiti a mo ruanye jalo le Modimo; foo o tla itshwarelwa.

32 “ ‘Mme fa a tsisa kwana e le neo ya tlhabelo ya gagwe go nna setlhabelo sa boleo, gona a a tsise e namagadi e e itekanetseng,

33 a bee letsogo mo tlhogong ya setlhabelo sa boleo, a se tlhabe go na setlhabelo sa boleo mo felong fa go tlhajwang ditlhabelo tsa phiso teng.

34 Jaanong a moperesiti a tsee madi mangwe a setlhabelo sa boleo ka monwana wa gagwe, a a tshase mo dinakeng tsa aletare ya ditlhabelo tsa phiso, mme madi otlhe a a setseng a yona a a tshololele mo motheong wa aletare eo.

35 A be a tlose mafura otlhe a yona jaaka go tlosiwa mafura a kwana ya setlhabelo sa tebogo. Moperesiti a be a a fise mo aletareng mo godimo ga ditlhabelo tsa molelo tsaMorena. A moperesiti a mo ruanye jalo le Modimo ka ntlha ya boleo jwa gagwe jo a bo dirileng; foo o tla itshwarelwa.