Molao wa Sabata
1 Jaanong Moše a kgobokanya phuthego yotlhe ya Baiseraele, a ba raya a re: “Dilo tseMorenao di laotseng gore di dirwe ke tse:
2 A tiro e dirwe ka malatsi a marataro, mme la bosupa e nne letsatsi le le boitshepo mo go lona, e nne la Sabata la boikhutso laMorena. Mongwe le mongwe yo o dirang tiro ka lone a a bolawe.
3 Se gotseng molelo mo lelapeng lepe la lona ka letsatsi la Sabata.”
Kabelo ya Morena
4 Moše a ba a raya phuthego yotlhe ya Baiseraele a re: “TseMorenao di laotseng ke tse:
5 NtshetsangMorenakabelo ya di-tsa-lona. A mongwe le mongwe yo o pelotshweu a e tlise. Kabelo eo yaMorenae ka nna gouta gongwe selefera gongwe kgotlho;
6 gongwe masela a mabududu le a bohibidu jwa bofifadu le a bohibidu jwa madi le a masweu le boboa jwa dipodi;
7 gongwe matlalo a diphelehu a a hubiditsweng le matlalo a dintšwa tsa lewatle gongwe dipati tsa mokgwa;
8 gongwe mafura a setlhomo sa dipone gongwe makga a a monate a lookwane lwa tlotso le a maswalo a a nkgang monate;
9 gongwe majwe a a tlhokegang a šohama le majwe a a tlhokegang a a gokelelwang mo khibeng ya moperesiti le mo kgwatlhaneng ya sehuba.
Dilo tsa Tente ya Boipontsho
10 “Jaanong a mongwe le mongwe yo o setswerere mo go lona a tle a dire tsotlhe tseMorenao di laotseng,
11 e bong Tempelana le tente ya yona le thulelo ya yona le dikgogetso tsa yona le dipati tsa yona le mephakarego ya yona le maotwana a yona le ditlhako tsa yona;
12 le Letlole le dithobane tsa lone le sekhurumelo sa thuanyo le lesire la go le sira;
13 le lomati lwa dinkgwe tsa tshupo le dithobane tsa lone le didiri tsotlhe tsa lone le dinkgwe tsa tshupo;
14 le setlhomo sa dipone se se bonegang le didiri tsa sona le dipone tsa sona le mafura a setlhomo;
15 le aletare ya go tshuba maswalo le dithobane tsa yona le lookwane lwa tlotso le maswalo a a nkgang monate le sebipo sa mojako wa Tempelana;
16 le aletare ya ditlhabelo tsa phiso le letloa la kgotlho la yona le dithobane tsa yona le didiri tsotlhe tsa yona; le mogopo o o tlhapelang le lekoto la ona;
17 le legora lwa masela lwa lelapa le maotwana a lone le ditlhako tsa ona le sebipo sa kgoro ya lelapa;
18 le dimapo tsa Tempelana le dimapo tsa lelapa le dithapo tsa tsona;
19 le diaparo tsa maatlametlo tsa go direla Modimo mo Felong-ga-Boitshepo, e bong diaparo tse di boitshepo tsa ga Arone moperesiti; le diaparo tsa bomorwawe go dira tiro ya boperesiti.”
Baiseraele ba ntsha dikabelo tsa bone
20 Ke fa phuthego yotlhe ya Baiseraele e phatlalala, e tloga fa pele ga Moše.
21 Mme ba boa, mongwe le mongwe yo pelo ya gagwe e ratang, mongwe le mongwe yo mowa wa gagwe o utlwisisang, ba tlisa kabelo yaMorenaya go aga Tempelana ya Boipontsho le ya tirelo yotlhe ya yona le ya diaparo tse di boitshepo.
22 Ga tla banna le basadi, botlhe ba ba peloditshweu ba tlisa dikgokelo le manyena le dipalamonwana le dibaga, e le dilo tsa mefutafuta tsa gouta; le botlhe ba ba nayangMorenagouta ka go e kgadikanya,
23 le botlhe ba ba nang le masela a mabududu le a bohibidu jwa bofifadu le a bohibidu jwa madi le a masweu le boboa jwa dipodi le matlalo a diphelehu a a hubiditsweng le matlalo a dintšwa tsa lewatle, ba di tlisa.
24 Mongwe le mongwe yo o ratang go ntsha kabelo ya selefera le ya kgotlho a tlisa kabelo eo yaMorena; mongwe le mongwe yo o nang le dipati tsa mokgwa tse di batlegang mo tirong yotlhe ya kago a di tlisa.
25 Mosadi mongwe le mongwe yo o setswerere a otlha ka diatla, a tlisa tse a di otlhileng, e bong masela a mabududu le a bohibidu jwa bofifadu le a bohibidu jwa madi le a masweu.
26 Basadi botlhe ba ba neng ba itse, ba bile ba rata ba otlha boboa jwa dipodi.
27 Dikgosana tsone tsa tlisa majwe a a tlhokegang a šohama le majwe a a tlhokegang a a gokelelwang mo khibeng ya moperesiti le mo kgwatlhaneng ya yona
28 le makga a a monate le mafura a setlhomo sa dipone le lookwane lwa tlotso le maswalo a a nkgang monate.
29 Banna botlhe le basadi botlhe ba Baiseraele ba ba neng ba ikaeletse go tlisa tse di batlegang mo tirong yotlhe eMorenaa e laotseng ka Moše gore e dirwe, ba tlisetsaMorenadineo tsa bopelotshweu.
Badiri ba dilo tsa Tempelana
30 Mme Moše a raya Baiseraele a re: “Bonang,Morenao biditse Besalele ka leina; ke morwa Uri, morwa Hure, wa lotso lwa Juta.
31 O mo tladitse Mowa wa Modimo o o itshupang ka botlhale le ka tlhaloganyo le ka kitso le ka botswerere mo tirong nngwe le nngwe
32 gore a loge maano a maatlametlo, le go a dira ka gouta le ka selefera le ka kgotlho
33 le ka go seta majwe le go a tlapisa le ka go betla dikgong le go dira tiro nngwe le nngwe e e batlang botswerere.
34 Le gona o tsentse neo mo pelong ya gagwe ya go ruta ba bangwe, ene le Oholiabe, morwa Ahisamage, wa lotso lwa Dane.
35 Bao o ba tladitse botlhale jwa pelo gore ba itse go dira ditiro tsotlhe tsa go seta le tsa go loga masela a a ditshwantsho le masela a a mebalabala le masela a mabududu le a bohibidu jwa bofifadu le a bohibidu jwa madi le a masweu le tsa go loga masela a mangwe. Ba tla dira ditiro tsotlhe, ba loga maano a maatlametlo.