EKESODU 30

Aletare ya go tshuba maswalo

1 “Le gona o dire aletare ya go tshuba maswalo; o e dire ka dipati tsa mokgwa.

2 Boleele jwa yona e nne letsogo le boatlhamo jwa yona e nne letsogo; e nne le dikhutlo di le nne; bogodimo jwa yona e nne mabogo a le mabedi. Dinaka tsa yona di fetele kwa tlase go nna maoto.

3 O e manege gouta e e sa pekwang, e bong bophaphathi jwa yona le dithoko tsa yona tsotlhe le dinaka tsa yona. O e gaole ka gouta mo tikologong.

4 O e direle melepo e le mebedi ya gouta, e nne fa tlase ga segaolo mo ntlheng tse pedi; o e gokelele mo ditlhakoreng tse pedi tsa yona gore go somelwe dithobane mo go yona go e sikara.

5 “O be o betle dithobane tsa morukuru, o di manege gouta.

6 O e bee ka fa ntle ga lesire le le sirileng Letlole la Tshupo, e lebaganye le sekhurumelo sa thuanyo se se mo godimo ga tshupo ya molao kwa ke tla kopanang nao teng.

7 “A Arone a tshubele maswalo a a nkgang monate mo go yona; a a tshube mo mosong mongwe le mongwe, fa a baakanya dipone.

8 E ne e re fa Arone a tshuba dipone mantsiboa a a tshuba; a go kuisiwe musi jalo ka gale fa pele gaMorenamo ditshikeng tsa lona.

9 Lo se ka lwa tshuba maswalo a sele mo go yona le e seng setlhabelo sa phiso le fa e le tshupelo ya dijo; le tshupelo ya noo lo se ka lwa e tshela mo go yona.

10 A Arone a dire tsa thuanyo mo dinakeng tsa yona gangwe ka ngwaga; a a dire tsa thuanyo mo go yona ka madi a setlhabelo sa boleo gangwe ka ngwaga. A go nne jalo mo ditshikeng tsotlhe tsa lona. E boitshepotshepo moMoreneng.”

Lekgetho

11 JaanongMorenaa bua le Moše a re:

12 “E re fa o bala Baiseraele ba mephato e e kuiwang, a mongwe le mongwe yo o kuiwang a ntshetseMorenasegololo sa bophelo jwa gagwe gore kotlo e se ka ya ba wela, fa ba balwa.

13 Se mongwe le mongwe wa mephato e e kuiwang a tshwanetseng go se ntsha ke bontlhanngwe jwa šekele ya Felo-ga-Boitshepo e e leng digera di le 20. Bontlhanngwe joo jwa šekele a e nne lekgetho laMorena.

14 Mongwe le mongwe wa mephato e e kuiwang yo o dinyaga di le 20 le go feta foo a a ntshe lekgetho laMorena.

15 E ne e re fa lo ntshetsaMorenalekgetho le e leng segololo sa maphelo a lona mohumi a se ke a oketsa, modidi a se ke a tlhaetsa bontlhanngwe jwa šekele.

16 Madi ao a thuanyo o a tsee mo Baiseraeleng, o a beele tirelo ya Tempelana ya Boipontsho gore Baiseraele ba gopolwe fa pele gaMorena, mme lo tle lo fiwe boitshwarelo.”

Mogopo wa kgotlho o o tlhapelang

17 Morenaa ba a bua le Moše a re:

18 “Le gona o dire mogopo o o tlhapelang wa kgotlho le lekoto la ona la kgotlho. O o bee fa gare ga Tempelana ya Boipontsho le aletare, o tshele metsi mo go ona

19 gore Arone le bomorwawe ba tlhape diatla le dinao ka ona.

20 E ne e re fa ba tsena mo Tempelaneng ya Boipontsho ba tlhapa ka metsi gore ba se ka ba swa; gongwe fa ba atamela fa aletareng go direlaMorenaka go mo tshubela setlhabelo sa molelo

21 a ba tlhape diatla le dinao, e se re gongwe ba swa. A selo se e nne molao o o sa khutleng mo go bone; mo go ene le mo baneng ba gagwe le go ya pele.”

Lookwane lwa tlotso le tsa go tshuba maswalo

22 Morenaa ba a bua le Moše a re:

23 “Tsaya ditswaiso tse di molemolemo, e bong boroku jwa mera jo bo nkgang monatenate jwa dišekele di le 500 le bontlhanngwe jwa selekanyo seo jwa makwati a kinamone a a nkgang monate, e bong dišekele di le 250 le lotlhaka lo lo tswaisang lwa dišekele di le 250

24 le makwati a kasia a dišekele di le 500 tsa šekele ya Felo-ga-Boitshepo le hina ya lookwane lwa setlhare sa olefa.

25 O dire lookwane lwa tlotso lo lo boitshepo ka tsona, e nne setlolo sa lookwane se se tlhakantsweng ka ditswaiso tseo, e nne tiro ya go tlhakanya ka botswerere. A e nne lone lookwane lwa tlotso lo lo boitshepo.

26 “Jaanong o tlotse Tempelana ya Boipontsho ka lone le Letlole la Tshupo

27 le lomati lwa dinkgwe tsa tshupo le didiri tsotlhe tsa lone le setlhomo sa dipone le didiri tsa sona le aletare ya go tshubela maswalo;

28 le aletare ya setlhabelo sa phiso le didiri tsotlhe tsa yona le mogopo o o tlhapelang le lekoto la ona.

29 O di itshepise jalo gore di nne boitshepotshepo, mongwe le mongwe yo o di amang o tla itshepa.

30 “Le gona o tlotse Arone le bomorwawe, o ba itshepise gore ba ntirele e le baperesiti.

31 Mme o bolelele Baiseraele o re: ‘Ke lone lookwane lwa me lwa tlotso lo lo tshwanetseng go kaiwa boitshepo ke ditshika tsotlhe tsa lona.

32 Lo se ka lwa tshelwa mo mmeleng wa motho o sele; lo se ka lwa dira setlolo se se tlhakantsweng jalo. Se boitshepo. Lo se kae boitshepo!

33 Mongwe le mongwe yo o ka tlhakanyang se se ntseng jalo, gongwe a se naya motho o sele, o tshwanetse go bolawa le go tlosiwa jalo mo morafeng wa ga gabo.’ ”

Tse di nkgang monate

34 Morenaa ba a raya Moše a re: “Tsaya tse di nkgang monate, e bong boroku jwa setlhare sa Storakese le kgetla ya lewatle le boroku jwa Galabano, e le makga a a monate le matlhare a leswalo a a sa pekwang; a di tsewe ka go lekalekana ga tsona.

35 O dire tse di kuisang musi ka tsona di tlhakantswe ka botswerere di lokilwe ka letswai, di le phepa, di le boitshepo.

36 Tsaya go gongwe ga tsona, o sile, e nne bupe; o bo bee fa pele ga Letlole la Tshupo mo Tempelaneng ya Boipontsho kwa ke tla kopanang nao teng. A bo kaiwe boitshepotshepo ke lona.

37 Jaanong fa lo itirela tse di kuisang musi, lo se ka lwa di tlhakanya jaaka tseo. A tseo e nne tse di boitshepo tsaMorenamo go lona.

38 Mongwe le mongwe yo o dirang tse di ntseng jalo go dupa monate wa tsona, a a bolawe, a kumolwe mo morafeng wa ga gabo.”