EKESODU 26

Ka ga Tempelana gongwe Taberenakele

1 “Tempelana o e dire ka masela a le some, e le a masweu a a ditlhale-pedi le a mabududu le a bohibidu jwa bofifadu le a bohibidu jwa madi; o logele boKerubime mo go ona jaaka setswerere.

2 Boleele jwa lesela lengwe le lengwe e nne mabogo a le 28; bophara jwa lone e nne mabogo a le mane; masela otlhe a nne selekanyo se le sengwe fela.

3 Masela a le matlhano a rokaganngwe, le masela a matlhano a mangwe a rokaganngwe.

4 Jaanong o dire digole ka lesela le lebududu fa mafelelong a lesela le le fa thoko ga masela a a rokagantsweng; o dire jalo gape fa mafelelong a lesela la bofelo la thokaganyo ya bobedi.

5 O dire digole di le 50 mo leseleng lengwe, o be o dire digole di le 50 gape fa mafelelong a lesela le le mo thokaganyong ya bobedi. A digole di lebagane.

6 Le gona o dire dikgogetso di le 50 tsa gouta, o tshwaraganye masela a mabedi ao ka dikgogetso tseo gore e nne moago o le mongwe.

7 “Gape o dire masela a boboa jwa dipodi go nna thulelo ya tente godimo ga Tempelana. Dira masela a a ntseng jalo a le 11.

8 Boleele jwa lesela lengwe e nne mabogo a le 30; bophara jwa lone e nne mabogo a le mane; masela a le 11 a nne selekanyo se le sengwe fela.

9 O rokaganye masela a le matlhano go sele le masela a marataro a mangwe go sele. Mme lesela la borataro o le mene fa pele ga tente.

10 Le gona o dire digole di le 50 fa mafelelong a lesela la bofelo la thokaganyo ya ntlha le digole di le 50 fa mafelelong a lesela la bofelo la thokaganyo ya bobedi.

11 Gape o dire dikgogetso tsa kgotlho di le 50, o tsenye dikgogetso mo digoleng, o tshwaraganye thulelo ya tente jalo gore e nne e le nngwe fela.

12 Fa e le dikarolo tsa masela tse di fetang tekanyo ya tente, a di lepelele fela; bontlhanngwe jwa lesela le le fetang tekanyo o bo lepeletse ka fa morago ga Tempelana.

13 Boleele jwa masela bo fete bophara jwa Tempelana ka letsogo ka ntlha nngwe le ka ntlha e nngwe; a a lepelediwe mo ditlhakoreng tsa Tempelana go e bipa.

14 “O be o direle tente thulelo ya matlalo a diphelehu a a hubiditsweng, mme mo godimo ga yona go nne thulelo ya matlalo a dintšwa tsa lewatle.

15 “Le gona o direle Tempelana lebota la dipati tsa mokgwa.

16 Boleele jwa lobati longwe le longwe e nne mabogo a le some; bophara jwa lone e nne letsogo le bontlhanngwe.

17 A lobati longwe le longwe lo nne le malomelo a le mabedi a a lebaganyeng. O a direle dipati tsotlhe tsa Tempelana.

18 Fa e le dipati tsa Tempelana o direle lotlhakore lwa borwa dipati di le 20.

19 Le gona o direle dipati di le 20 tseo ditlhako tsa selefera di le 40; o direle malomelo a mabedi a lobati longwe le longwe ditlhako di le pedi.

20 Le lotlhakore lwa bobedi lwa Tempelana lo lo lebileng kwa bokone lo nne le dipati di le 20

21 le ditlhako di le 40 tsa tsona tsa selefera, ditlhako di le pedi ka fa tlase ga lobati longwe le longwe.

22 Mme morago wa Tempelana o o hularetseng bophirimatsatsi o o direle dipati di le thataro.

23 Dikhutlo tsa Tempelana ka kwa morago o di direle dipati di le pedi.

24 A di nne di patagane go tswa kwa tlase di nne mmogo, di patagane go ya kwa godimo go fitlha molepong wa ntlha. A go nne jalo mo dikhutlong tsoo pedi. A tsona di bope dikhutlo tse pedi.

25 E tla nna dipati di le 8 le ditlhako tsa tsona tsa selefera, e bong ditlhako di le 16; ditlhako di le pedi ka fa tlase ga lobati longwe le longwe.

26 “Le gona o dire mephakarego ka dikota tsa morukuru, e le metlhano ya dipati tsa lotlhakore longwe lwa Tempelana

27 le mephakarego e le metlhano ya dipati tsa lotlhakore lwa bobedi lwa Tempelana le mephakarego e le metlhano ya dipati tsa morago wa Tempelana o o hularetseng bophirimatsatsi.

28 Jaanong a mophakarego o o fa gare o kgabaganye dipati ka bogare go tswa ka fa go ya ka fa.

29 O manege dipati gouta, o dire melepo ya tsona ka gouta, mephakarego e somelwe mo go yona; le mephakarego o e manege gouta.

30 Tlhoma Tempelana jalo ka mokgwa o ò o bontshitsweng mo thabeng.

31 “Le gona o dire lesire ka masela a mabududu le a bohibidu jwa bofifadu le a bohibidu jwa madi le a masweu a a ditlhale-pedi. O logele boKerubime mo go lone jaaka setswerere.

32 O le pege mo maotwaneng a le mane a mokgwa a a manegilweng gouta, a dikgoge tsa ona e leng tsa gouta a a tlhomilweng mo ditlhakong di le nne tsa selefera.

33 O pege lesire mo dikgogeng, o tsenye Letlole la Tshupo gona ka fa teng ga lesire; mme a lesire le kgaoganyetse Felo-ga-Boitshepo le Felo-ga-Boitshepo-jwa-Maitshepo.

34 Mme o khurumele Letlole la Tshupo ka sekhurumelo sa thuanyo mo Felong-ga-Boitshepo-jwa-Maitshepo.

35 Lomati lwa bojelo lone o lo bee ka fa ntle ga lesire fa lotlhakoreng lwa bokone lwa Tempelana; setlhomo sa dipone sone o se bee fa lotlhakoreng lwa borwa, se lebane le lomati lwa bojelo.

36 “Le gona o direle mojako wa tente sebipo ka masela a mabududu le a bohibidu jwa bofifadu le a bohibidu jwa madi le a masweu a a ditlhale-pedi, se logilwe ke mologi wa masela a a marabata.

37 Sebipo seo o se direle maotwana a le matlhano a mokwa, o a manege gouta; dikgoge tsa ona e nne tsa gouta; o a bopele ditlhako di le tlhano tsa kgotlho.