Go dirwa kgolagano kwa Sinai
1 Morenaa raya Moše a re: “Tlhatlogela kwanoMoreneng, wena le Arone le Natabe le Abihu le bagolo ba le 70 ba Baiseraele, lo mo obamele lo le kgakala.
2 Mme a Moše a atameleMorenaa le esi, bale ba se ka ba atamela; le morafe o se ka wa tlhatloga nae.”
3 Ya re Moše a sena go tla, a bolelela morafe mafoko otlhe aMorenale melao yotlhe. Ke fa morafe otlhe o araba ka lentswe le le lengwe o re: “Mafoko otlhe aMorenao a buileng re tla a dirisa.”
4 Moše a kwala mafoko aotlhe aMorena, a ba a phakela mo mosong, a aga aletare fa tlase ga thaba, a tlhoma majwe a a motloutlo a le 12 ka fa ditsong di le 12 tsa Baiseraele.
5 A roma makau a Baiseraele go direla Modimo ditlhabelo tsa phiso, a tlhabelaMorenadipoo, e le ditlhabelo tsa tebogo.
6 Jaanong Moše a tsaya bontlhanngwe jwa madi, a a tshela mo megopong; a ba a kgatsha bontlhanngwe jwa madi mo aletareng.
7 A ba a tsaya lokwalo lwa kgolagano, a le buisa mo ditsebeng tsa morafe. Mme wa re: “Tsotlhe tseMorenao di buileng, re tla di dira le go di utlwa.”
8 Ke fa Moše a tsaya madi ale, a kgatsha morafe ka ona a re: “Bonang, ke madi a kgolagano eMorenao e dirileng le lona ka mafoko otlhe ao.”
9 Morago ga moo Moše le Arone le Natabe le Abihu le bagolo ba le 70 ba Baiseraele ba tlhatloga,
10 ba bona Modimo wa Baiseraele; ka fa tlase ga dinao tsa ona e kete go tlhatlaganye matlapa a mawebu a safire, go galalela jaaka legodimo.
11 Mme wa se ka wa tsholeletsa batlotlegi ba Baiseraele letsogo; ya re ba sena go bona Modimo, ba ja, ba nwa.
12 Morenaa raya Moše a re: “Tlhatlogela kwano go nna mo thabeng, o nne teng. Ke tla go naya matlapa a maboti le molao le ditaolo tse ke di kwadileng go di ba ruta.”
13 Moše a nanoga, a na le Jošua, modiredi wa gagwe; Moše a tlhatlogela kwa thabeng ya Modimo,
14 a laela a re: “Re leteleng fa go fitlhelela re boele kwano go lona. Bonang, Arone le Hure ba na le lona. Yo o nang le dikgang, a a tle kwa go bone.”
15 Ya re Moše a tlhatlogela kwa thabeng, leru la bo le khurumeditse thaba;
16 kgalalelo yaMorenaya bo e le mo godimo ga thaba ya Sinai; leru la e khurumetsa malatsi a marataro, mme a bitsa Moše ka letsatsi la bosupa a le mo teng ga leru.
17 Kgalalelo yaMorenae Baiseraele ba e bonyeng e ne e tshwana le molelo o o tukang mo setlhoeng sa thaba.
18 Moše a tsena mo teng ga leru, a tlhatlogela kwa thabeng. Moše a nna mo thabeng malatsi a le 40 le masigo a ona.