EKESODU 21

Melao ka ga batlhanka

1 “Ditaelo tse o tla di ba begelang ke tse:

2 Fa o reka lekgoba la Mohebere, a le go direle dinyaga di le thataro, mme ka ngwaga wa bosupa a le gololwe le tsamae, le sa ithekolole ka sepe.

3 Fa le tlile le le losi a le gololwe le le losi; fa le tlile le mosadi, a le gololwe le mosadi wa lone.

4 Mme fa morena wa lone a le naya mosadi yo o le belegelang bomorwa gongwe bomorwadi, mosadi yoo le bana ba gagwe ke ba morena wa lone. Monna a gololwe a le esi fela.

5 Mme fa lekgoba le bolela ka pelotshweu le re: ‘Ke rata morena wa me le mosadi wa me le bana ba me, ga ke rate go gololwa ka tsamaya,’

6 foo morena wa lone a a le tlise fa pele ga baatlhodi, a le atametse lobati gongwe kota ya lone, mme morena wa lone a a le phunye tsebe ka thoko, e le gore le nne lekgoba la gagwe ka metlha yotlhe.

7 “Mme fa motho a rekisa morwadie gore a nne lekgoba, lone le se ka la gololwa jaaka lekgoba la monna.

8 Fa le sa kgatlhe morena wa lone ntlheng ya bosadi, a a le lese le rekololwe. Mme ga a na thata go le rekisa mo morafeng o sele, gonne o le diretse ka boikanyologo.

9 Mme fa a le tseela morwawe, a a le direle tse di tshwanetseng bomorwadia motho.

10 Fa a tsaya mosadi yo mongwe, a se ka a fokotsa dijo tsa lone le diaparo tsa lone le tshwanelo ya lone ya nyalo.

11 Fa a sa le direle dilo tse tharo tse, a le gololwe fela, le sa lefelwe sepe.

Melao ka ga babolai

12 “Yo o itayang motho gore a be a swe, o tshwanetse go bolawa.

13 Mme fa a sa dira ka bomo, mme Modimo o iteisa seatla sa gagwe, foo ke tla go bontsha felo kwa a ka tshabelang teng.

14 Mme fa monna a tlhasela mongwe-ka-ene ka bomo gore a mmolae ka bolotsana, ene lo mo tlose, le fa a le fa aletareng ya me gore a swe.

15 “Yo o itayang rraagwe gongwe mmaagwe, a a bolawe.

16 “Yo o utswang motho, a mo rekisa gongwe a fitlhelwa a mo tshotse, o tshwanetse go bolawa.

17 “Yo o hutsang rraagwe gongwe mmaagwe o tshwanetse go bolawa.

18 “Fa banna ba lwa, mme mongwe a itaya yo mongwe ka lentswe gongwe ka letswele, mme e se mo a ka swang, mme a robala a ikoka.

19 Jaanong fa a tsoga gape, a itsamaela kwa ntle ka thobane ya gagwe, foo yo o mo iteileng a se ka a otlwa; fela a mo lefele ditshenyegelo tsa go lwala ga gagwe le dikalafo go ya a be a fole.

20 “Fa monna a itaya motlhanka wa gagwe gongwe lelata la gagwe ka thobane gore a be a swele mo diatleng tsa gagwe, o tshwanetse go bediwa.

21 Fela fa moitewa a phela letsatsi gongwe malatsi a le mabedi, foo a se ka a bediwa, ka a mo rekile.

22 “Fa banna ba lwa, mme ba thula mosadi yo moimana, mme a senyegelwa go se na bogole jo bongwe, moitei o tshwanetse go lefisiwa ka fa monna wa mosadi yoo a mo lefisang ka teng. Go lefiwe fa pele ga baatlhodi.

23 Mme fa a dirafalelwa ke bogole jo bongwe, o tshwanetse go lefela bophelo ka bophelo

24 le leitlho ka leitlho le leino ka leino le seatla ka seatla le lekoto ka lekoto

25 le phiso ka phiso le ntho ka ntho le letsadi ka letsadi.

26 “Fa monna a itaya motlhanka wa gagwe gongwe lelata la gagwe mo leitlhong, a le senya, a a mo lese a tsamae, a mo golole ka ntlha ya leitlho la gagwe.

27 Gongwe fa a kgola motlhanka wa gagwe gongwe lelata la gagwe leino, a a mo lese a tsamae, a mo golole ka ntlha ya leino la gagwe.

Boikarabelo jwa mong wa dilo

28 “Fa kgomo e tlhaba monna gongwe mosadi gore a be a swe, foo kgomo e tshwanetse go kgobotlediwa ka majwe, nama ya yona e se ka ya jewa, mme mong wa yona ga a bediwe.

29 Mme fa e le kgomo e e sa bolong go tlhaba, mme mong wa yona a ntse a begelwa, mme a sa e dise, fa yona e bolaya monna gongwe mosadi, gona kgomo eo e kgobotlediwe, mme mong wa yona le ene a bolawe.

30 Fa a lefisiwa madi a boitshwarelo, a a lefe tsotlhe tse a di lefisiwang gore a rekolole bophelo jwa gagwe.

31 Le fa e tlhaba mosimane gongwe e tlhaba mosetsana, a mong wa yona a direlwe ka fa molaong o.

32 Fa kgomo eo e tlhaba motlhanka gongwe lelata, mong wa yona o tshwanetse go ntshetsa morena wa gagwe selefera ya dišekele di le 30, mme kgomo eo e kgobotlediwe ka majwe.

33 “Fa monna a khurumolola sediba gongwe fa monna a epile sediba, a sa se khurumele, mme go wela kgomo gongwe esele mo go sona,

34 mong wa sediba a a e lefe ka selefera, a e busetse mong wa yona jalo, mme setoto e nne sa gagwe.

35 Fa kgomo ya motho e tlhaba kgomo ya mongwe-ka-ene, e be e swa, foo a ba rekise kgomo e e phelang, ba kgaogane tlhwatlhwa ya yona; le e e suleng ba e kgaogane.

36 Gongwe fa go itsiwe gore kgomo ga e bolo go tlhaba, mme mong wa yona a sa e dise, foo o tshwanetse go lefa kgomo ka kgomo, mme e e suleng e nne ya gagwe.