EKESODU 10

Petso ya borobedi: Tsie

1 Morenaa ba a raya Moše a re: “Yaa kwa go Farao; gonne ke thatafaditse pelo ya gagwe le dipelo tsa batlhanka ba gagwe gore ke dirafatse ditshupo tsa me tseo mo gare ga bone.

2 Le gona o bolelele bana ba gago le bana ba bana ba gago ka fa ke bonaditseng thata ya me mo go Baegepeto ka teng le ditshupo tsa me tse ke di dirileng mo go bone gore lo tle lo itse, fa e le nnaMorena.”

3 Moše le Arone ba ya kwa go Farao, ba mo raya ba re: “Morena, Modimo wa Bahebere, o bua jaana a re: ‘O tla gana goleele go le kae go ikokobetsa fa pele ga me? Lesa morafe wa me, o ye go ntirela!

4 Gonne fa o gana go naya morafe wa me tsela, ke tla tlisa tsie mo nageng ya gago kamoso.

5 E tla khurumetsa lefatshe lotlhe, fa motho a tla beng a palelwe ke go bona mmu; e tla ja masalela a a setseng a lo a tlogeletsweng ke sefako, e ja ditlhare tsotlhe tse di lo ungwelang kwa nageng.

6 E tla tlala mo matlong a gago le mo matlong a batlhanka botlhe ba gago le mo matlong a Baegepeto botlhe; e le tsie e borraago le borraago-mogolo ba iseng ba ke ba e bone, fa e sale ba nna mo lefatsheng go fitlha letsatsing la kajeno.’ ” Ke fa a retologa, a tswa, a tlogela Farao.

7 Batlhanka ba ga Farao ba sala ba mo raya ba re: “Monna yo, o tla re isa mo tatlhegong goleele go le kae? Lesa batho bao ba direleMorena, Modimo wa bone! A ga o ise o lemoge gore Egepeto o tla wela mo tatlhegong?”

8 Moše le Arone ba busediwa gape kwa go Farao, mme a ba raya a re: “Yaang lo direleMorenaModimo wa lona! Mme go tla tsamaya bomang?”

9 Moše a araba a re: “Re tla tsamaya le bana ba rona le batsofe ba rona, re tsamaya le bomorwaa-rona le bomorwadia-rona, re na le matsomane a rona le metlhape ya rona; gonne ke moletlo waMorenamo go rona.”

10 Farao a ba raya a re: “AMorenaa nne le lona, fa nka lo lesa go tsamaya, lona le bana ba lona! Itiseng, lo ikaeletse go dira bosula!

11 Legoka! A go tsamae lona banna fela, lo direleMorena; gonne ke sona se lo se eleditseng.” Mme ba lelekwa fa pele ga Farao.

12 Morenaa raya Moše a re: “Tsholeletsa lefatshe la Egepeto letsogo gore tsie e tle mo go lone, e je dimela tsotlhe tsa lefatshe tse sefako se di sadisitseng.”

13 Moše a tsholeletsa lefatshe la Egepeto thobane ya gagwe; ke faMorenaa fokisa phefo ya botlhabatsatsi mo lefatsheng ka letsatsi leo le bosigo jotlhe. Ya re bo sa, phefo ya botlhabatsatsi ya tlisa tsie.

14 Tsie ya tlala ka lefatshe lotlhe la Egepeto, ya nna mo nageng yotlhe eo, e le segopa se segolo thata, se pele ga sona go iseng go ke go tle tsie e e kana ka yona; le gona morago ga sona ga e kitla e tlhola e tla gape e le kalo.

15 Ya khurumetsa lefatshe lotlhe, mo lefatshe le se kang la tlhola le bonala; ya ja dimela tsotlhe tsa lefatshe le maungo otlhe a ditlhare tse di sadisitsweng ke sefako; ga se ka ga sala botala bope mo ditlhareng le mo go tse di medileng tsa naga mo lefatsheng lotlhe la Egepeto.

16 Ke fa Farao a bitsa Moše le Arone ka potlako a re: “Ke leofetseMorena, Modimo wa lona, le lona ke lo leofetse.

17 Mme jaanong a ko lo itshwarele boleo jwa me gangwe fela e le la bofelo, lo rapeleMorenaModimo wa lona gore a tlose loso loo mo go nna.”

18 Jaanong Moše a tswa, a tlogela Farao, a rapelaMorena.

19 MmeMorenaa sokolola phefo, a fokisa phefo e kgolo thata ya bophirimatsatsi; ya tsaya tsie, ya e latlhela kwa Lewatleng la Motlhaka, ga se ka ga sala tsie epe mo nageng yotlhe ya Egepeto.

20 MmeMorenaa thatafatsa pelo ya ga Farao gore a se lese Baiseraele go tsamaya.

Petso ya borobongwe: Lefifi

21 Morenaa ba a raya Moše a re: “Tsholeletsa letsogo kwa godimo gore go nne lefifi mo lefatsheng la Egepeto le e keteng motho a ka le tshwara ka seatla.”

22 Moše a tsholeletsa letsogo kwa godimo, ga nna lefifi le lentshontsho mo lefatsheng lotlhe la Egepeto malatsi a le mararo.

23 Batho ba bo ba sa bonane; motho a se ka a nanoga fa a ntseng teng malatsi a le mararo. Mme Baiseraele bone ba ntse ba na le lesedi fa ba agileng teng.

24 Jaanong Farao a bitsa Moše a re: “Yaang lo direleMorena. Fela dinku tsa lona le dikgomo tsa lona lo di tlogele. A bana ba lona ba tsamae le lona.”

25 Moše a gana a re: “Tota le wena o tshwanetse go re naya diruiwa tsa ditlhabelo tsa tebogo le phiso gore di ye le rona, re tle re direleMorena, Modimo wa rona, ka tsona.

26 Gape, diruiwa tsa rona le tsona di tshwanetse go ya le rona, go se ka ga sala le e seng e le nngwe fela. Gonne re tlhola mo go tsona tse re tla direlangMorenaModimo wa rona ka tsona. Kana rona ga re itse tse re tshwanetseng go direlaMorenaka tsona, re ise re fitlhe teng.”

27 MmeMorenaa thatafatsa pelo ya ga Farao, a se ka a rata go ba naya tsela.

28 Farao a mo raya a re: “Tsamaya o ntlogele, o itise gore o se ka wa bona sefatlhego sa me gape; gonne ka letsatsi le o bonang sefatlhego sa me ka lone, o tla swa.”

29 Moše a araba a re: “O buile, go siame! Ga nkitla ke tlhola ke bona sefatlhego sa gago.”