Dikatso tse di direlwang baitshepi
1 Fa e le dikatso tse di ntshediwang baitshepi, le lona lo dire jaaka ke laetse diphuthego tsa kwa Galatia.
2 A ka gale ka letsatsi la ntlha la tshipimongwe le mongwe wa lona a beele sengwe fa thoko, a kgobokanye ka fa a tlhogonolofaditsweng ka teng, e se ka ya re gongwe fa ke tla, ka fitlhela e le gona go phuthwang.
3 Mme e tla re fa ke sena go goroga, bone ba lo ba tlhaotseng ke ba rome ka dikwalo go isa dikatso tsa lona kwa Jerusalema.
4 Mme fa di lekanye go isiwa ke nna, ba tla tsamaya le nna.
Maikaelelo a ga Paulo a go eta, le ditumediso
5 Ke tla tla koo go lona ke raletse Maketonia; gonne Maketonia ke tla mo ralala fela,
6 mme mo go lona motlhamongwe ke tla diega, gongwe ke be ke feletse mariga teng, gore lo tle lo mphelegeletse kwa ke tla yang teng.
7 Gonne ga ke rate go lo bona jaanong ka go feta fela; mme ke solofela gore ke tla tlhola le lona sebakanyana, fa Morena a ka letlelela jalo.
8 Kwa Efeso gona ke tla nna teng go fitlha Pentekoste;
9 gonne ke buletswe mojako o mogolo teng wa tiro e e nang le lesego, e bile baganetsi ba le bantsi ba teng.
10 E re fa Timotheo a goroga, lo dire gore a nne mo go lona a se na poifo; gonne o dira tiro ya Morena fela jaaka nna.
11 Jaanong a go se nne ope yo o mo nyatsang, mme mmulediseng ka kagiso gore a tle go nna; gonne nna le bakaulengwe re mo lebeletse.
12 Fa e le Apolo, mokaulengwe, ene ke mo rapetse thata gore a ye koo go lona mmogo le bakaulengwe. Mme o ne a sa rate ka gope go ya koo jaanong; o tla tla ka sebaka se se mo lebanyeng.
13 Itiseng lo tlhomame mo tumelong, itsholeng senna lo tie!
14 A tsotlhe tsa lona di dirwe ka lorato!
15 Bakaulengwe, ke a lo rapela – Lo itse ba ntlo ya ga Setefane gore ke bone badumedi ba ntlha ba Agaya, mme ba ineetse mo tirelong ya go direla baitshepi–
16 ka re: Le lona lo ikokobeletse ba ba ntseng jalo le mongwe le mongwe yo o itapisang ka go dira le rona.
17 Ke itumeletse go tla ga Setefane le Fortunato le Agaiko; gonne ba emetse lona ba lo seng teng.
18 Gonne ba lapolositse mowa wa me le mewa ya lona. Tlotlang ba ba ntseng jalo!
19 Diphuthego tsa Asia di a lo dumedisa. Akwila le Perisila ba lo dumedisa thata mo Moreneng, le phuthego e e mo ntlong ya bone.
20 Bakaulengwe botlhe ba a lo dumedisa. Dumedisanyang ka katlo e e boitshepo.
21 Nna Paulo ke lo kwalela tumediso ka letsogo la ka.
22 Fa mongwe a sa rate Morena, a a hutsege! Marana tha!
23 A bopelotlhomogi jwa ga Jesu Keresete Morena bo nne le lona!
24 Lorato lwa me lo mo go lona lotlhe ka Keresete Jesu. Amen.