Aborahame o solofediwa ngwana
1 Morenaa ba a iponatsa mo go ene kwa ditlhareng tsa metherebinthe tsa ga Mamere, a ntse fa mojakong wa tente go le motshegare ka selebalo.
2 Ya re a tsholetsa matlho, a bona banna ba le bararo ba eme fa pele ga gagwe. Fa a ba bona, a tloga fa mojakong wa tente, a akofa go ba kgatlhantsha, a inamela fa fatshe
3 a re: “Morena, fa ke bonye bopelotlhomogi mo matlhong a gago, a ko o se fete motlhanka wa gago.
4 A go ko go tlisiwe metsinyana gore lo tlhape dinao, lo be lo ikhutse fa tlase ga setlhare.
5 Ke tla lo tlisetsa thathana ya bogobe gore lo lapolose dipelo tsa lona. Morago ga moo lo ka feta. Gonne ke ka moo lo fapogetseng kwa motlhankeng wa lona.” Ba araba ba re: “Dira ka fa o buileng ka teng.”
6 Ke fa Aborahame a itlhaganela, a ya mo tenteng kwa go Sara a re: “Akofa o tsee dielo di le tharo tsa bupe jo bosweu, o dube, o bese dinkgwe.”
7 Aborahame a ba a sianela kwa dikgomong, a tlhaola namane e e boruma e e siameng, a e neela motlhanka; mme ene a e tlhaba ka bonako.
8 Jaanong a tsaya mašwi a madila le a lobese le namane e a e apeileng, a di baya fa pele ga bona, ene a ntse a eme fa go bone fa tlase ga setlhare fa ba ja.
9 Ke fa ba mmotsa ba re: “Sara mosadi wa gago o kae?” A araba a re: “O ka mo tenteng.”
10 Morenaa ba a re: “Ke tla ba ke boela kwano go wena isago ka nako e, ke fitlhela Sara, mosadi wa gago, a na le ngwana wa mosimane.” Sara o ne a ntse a reeditse a le fa mojakong wa tente fa morago ga gagwe.
11 Kana Aborahame le Sara ba ne ba tsofetse, ba godile thata; mokgwa wa sesadi o sa tlhole o dirafalela Sara.
12 Ka moo Sara a tshegela mo pelong a re: “A nka utlwa monate wa lorato ke setse ke onetse, le morena wa me a tsofetse?”
13 Ke faMorenaa botsa Aborahame a re: “Sara o tshegang a re: ‘A ruri nka belega ke setse ke tsofetse?’
14 A go na le sengwe se se ka palelangMorena? Isago ka nako e e beilweng ke tla boela kwano go wena; foo Sara o tla bo a na le ngwana wa mosimane.”
15 Ke fa Sara a latola a re: “Ga ke a tshega!” A re jalo gonne a boifa. Mme ene a re: “Nnyaya! O tshegile.”
Aborahame o rapelela Sotoma
16 Banna bao ba nanoga, ba tloga teng. Ya re ba lebile Sotoma, Aborahame a ntse a na nabo, a ba felegetsa,
17 Morenaa akanya a re: “A nka lobela Aborahame se ke tla se dirang ne?
18 Etswe Aborahame a tla nna setšhaba se segolo se se thata tota, le gona ditšhaba tsotlhe tsa lefatshe di tla tshegofadiwa ka ene;
19 gonne ke mo tlhophile gore a laele bana ba gagwe le ba lapa la gagwe morago ga gagwe gore ba sepele mo tseleng yaMorena, ba dire ka tshiamo le ka tshwanelo goreMorenaa tle a tlisetse Aborahame tse a di mo solofeditseng.”
20 Ke faMorenaa re: “Go na le selelo se segolo ka ga Sotoma le Gomora; ruri maleo a bone a magolo thata.
21 Ke rata go fologa, ka bona gore a ba dirile gotlhe ka fa selelong se se tlileng kwa go nna ka ga bone gongwe nnyaya; ke rata go itse.”
22 Banna ba tloga foo, ba ya kwa Sotoma; Aborahame a sala a eme fa pele gaMorena.
23 Aborahame a atamela, a botsa a re: “A o tla fedisa mosiami le moikepi?
24 Ka gongwe go ka nna le basiami ba le 50 mo motseng oo. A le bone o tla ba nyeletsa, o se ke o itshwarele felo foo ka ntlha ya basiami ba ba 50 ba ba mo go ona?
25 A go nne kgakala nao go dira jalo, go bolaya mosiami mmogo le moikepi gore mosiami a dirafalelwe ke tse di dirafalelang moikepi! Gona moo a go nne kgakala nao! A moatlhodi wa lefatshe lotlhe ga a nke a dira ka tshiamo?”
26 Morenaa re: “Fa nka fitlhela basiami ba le 50 mo motseng wa Sotoma, ke tla itshwarela felo gotlhe ka ntlha ya bone.”
27 Aborahame a bua gape a re: “A ko o bone, ke nameditse pelo go bua le Morena, le fa ke le lerole le molora fela.
28 Motlha ope mo basiaming ba le 50 go ka tlhaela ba le batlhano. Jaanong a o tla senya motse otlhe ka ntlha ya ba batlhano ba?” A araba a re: “Ga nka ke ka o senya fa ke fitlhela ba le 45 teng.”
29 A tswelela pele gape go bua nae a re: “E ka re gongwe ga fitlhelwa ba le 40 gona.” Mme a re: “Ga nka ke ka dira jalo ka ntlha ya ba ba 40.”
30 A ba a re: “Ka thapelo, a Morena a se ka a galefa fa ke bua gape: Ka gongwe go tla fitlhelwa ba le 30 gona.” Mme a re: “Ga nka ke ka dira jalo fa ke fitlhela ba ba 30 gona.”
31 A bua gape a re: “A ko o bone, ke nameditse pelo go bua le Morena. Motlhamongwe go tla fitlhelwa ba le 20 teng.” Mme a re: “Ga nka ke ka ba senya ka ntlha ya ba ba 20.”
32 A ba a re: “Ka thapelo, a Morena a se ka a galefa. Nte ke bue gangwe fela: Gongwe go tla fitlhelwa ba le some fela gona.” Mme a re: “Ga nkitla ke ba senya ka ntlha ya ba ba some.”
33 Jaanong a tsamayaMorena, a sena go bua le Aborahame. Aborahame ene a boela kwa gae.