GENESI 15

Tsholofetso ya Modimo le tumelo ya ga Aborame

1 Morago ga dilo tseo Lefoko laMorenala tla kwa go Aborame ka pono la re: “Aborame, se boife! Ke nna thebe ya gago; tuelo ya gago e kgolo thata.”

2 Mme Aborame a re: “Morena Modimo, o tla mpha eng, ka e le fa ke tla tsamaya, ke se na bana? Mme Eliesere yo wa kwa Damaseko o tla ja boswa jwa lapa la me.”

3 Aborame a ba a re: “Bona, nna ga o a mpha ngwana; mme motlhanka wa lapa la me o tla rua tsa me.”

4 Ke fa Lefoko laMorenale tla kwa go ene le re: “Nnyaya, yoo ga a nke a rua tsa gago, mme yo o tswang mo mmeleng wa gago, ke ene yo o tla jang boswa jwa gago.”

5 A ba a mo ntshetsa kwa ntle a mo raya a re: “A ko o lelale kwa legodimong, o bale dinaledi, fa o ka kgona go di bala!” A ba a mo raya a re: “Losika lwa gago lo tla nna kalo.”

6 Aborame a dumelaMorena; mme tumelo eo ya kaiwa tshiamo ya gagwe.

7 A ba a mo raya a re: “Ke nnaMorenake go ntshitseng kwa Ure wa Kalatea go tla go go naya lefatshe le, go le rua.”

8 Mme a re: “Morena Modimo, ke tla itse ka eng, fa ke tla le rua?”

9 A mo araba a re: “Ntlisetse kgomo ya dinyaga di le tharo le podi ya ngwaga tse tharo le phelehu ya ngwaga tse tharo le lephoi le leeba.”

10 Aborame a mo tsisetsa tsotlhe tseo, a di fatola ka bogare; a baya mefama a e lebagantse. Fela dinonyane a se ka a di fatola.

11 Jaanong dinonyane tse di jang nama tsa fologela mo ditotong tseo, mme Aborame a di koba.

12 Jaanong ya re letsatsi le batla go phirima, Aborame a welwa ke boroko jo bogolo, mme letshogo le lefifi le legolo tsa mo tlela.

13 Ke faMorenaa raya Aborame a re: “O tshwanetse go itse gore losika lwa gago e tla nna baeng mo lefatsheng le e seng la bone. Ba tla nna batlhanka teng, ba gatelelwa dinyaga di le 400.

14 Mme le setšhaba seo se ba tla nnang batlhanka ba sona ke tla se otla; morago ga moo ba tla huduga ka dithoto tse dikgolo.

15 Mme wena o tla ya kwa go borraago ka kagiso; o tla fitlhwa o tsofetse ka botlalo.

16 Ba tla boela kwano e le ba losika lwa bone. Gonne kajeno molato wa Baamori ga o ise o tlale.”

17 Jaanong ya re letsatsi le sena go phirima, go le lefifi thata, ga bonala sebeso se se kuang musi le kgabo ya molelo e raletse fa gare ga mehama ele.

18 Ka letsatsi leoMorenaa dira kgolagano le Aborame a re: “Lefatshe le ke tla le naya losika lwa gago go simolola kwa nokeng ya Egepeto go fitlha kwa nokeng e kgolo, nokeng ya Ferathe,

19 e bong lefatshe la Bakeni le Bakenisi le Bakatemoni

20 le Bahethe le Baferesi le Barefaime

21 le Baamori le Bakanana le Bagiregasi le Bajebusi.”