GENESI 6

Boikepo jwa batho

1 E rile batho ba simolola go ata mo lefatsheng le go tsalelwa bomorwadi,

2 bomorwa Modimo ba bona bomorwadia batho, fa ba le bantle, ba tsaya basadi mo go bona botlhe ba ba ba ratang.

3 Ke faMorenaa re: “Mowa wa me ga o kitla o busa mo mothong ka bosakhutleng, gonne le ene ke nama. A malatsi a gagwe e nne dinyaga di le 120 fela.”

4 Mo malatsing ao ga bo go le mekaloba mo lefatsheng; le gona morago ga moo, fa bomorwa Modimo ba kopana le bomorwadia batho, ba ba tshodisa bana. Bona bao ke bagale ba bogologolo, ke banna bale ba ba tumileng.

5 Jaanong ya reMorenaa bona bosula jwa batho bo le bogolo le maano otlhe a dikakanyo tsa dipelo tsa bone a le bosula fela ka metlha yotlhe,

6 ke faMorenaa ikwatlhaya, ka a dirile batho mo lefatsheng, a hutsafala mo pelong ya gagwe.

7 JaanongMorenaa re: “Ke tla nyeletsa batho ba ke ba tlhodileng, ke ba tlosa mo lefatsheng; bone batho le diruiwa le digagabi le dinonyane tsa legodimo; gonne ke ikwatlhaya, ka ke ba dirile.”

8 Mme Noa ene a bona bopelotlhomogi mo matlhong aMorena.

Noa

9 Tsa bophelo jwa ga Noa ke tse: Noa e ne e le monna yo o siameng, a se na molato mo bathong ba metlha ya gagwe; Noa o ne a sepela le Modimo.

10 A tsala bomorwa ba le bararo, e bong Seme le Hame le Jafethe.

11 Lefatshe la bo le senyegile fa pele ga Modimo; lefatshe le tletse boithatelo jo bo setlhogo.

12 Ke fa Modimo o leba lefatshe, o fitlhela le senyegile; gonne batho botlhe ba ne ba sentse setho sa bone mo lefatsheng.

13 Mme Modimo wa raya Noa wa re: “Bofelo jwa batho botlhe bo tlile fa pele ga me. Gonne lefatshe le tletse tshiamololo e ba e dirang. Ka moo ke tla ba senya, ke ba tlosa mo lefatsheng.

14 Itirele mokoro o mogoloka dikgong tsa paina, o dire matlwana mo mokorong oo, o o thibe ka boka ka fa teng le ka fa ntle.

15 O o dire jaana: Boleele jwa mokoro oo e nne mabogo a le 300; boatlhamo jwa ona e nne mabogo a le 50; bogodimo jwa ona e nne mabogo a le 30.

16 O direle mokoro oo fenstere ya boleele jwa letsogo kwa godimo mo tikologong.

“Setswalo sa mokoro oo o se tsenye mo lotlhakoreng lwa ona. O dire matlwana a a kwa tlase le a a fa gare le a a kwa godimo mo go ona.

17 Gonne ke tla tlisa morwalela wa metsi mo lefatsheng, e le go senya nama yotlhe e mowa wa bophelo o leng mo go yona fa tlase ga letsatsi; tsotlhe tse di mo lefatsheng di tla swa.

18 Mme wena ke tla dira kgolagano nao e e tlhomameng; o tla tsena mo mokorong oo, wena le bomorwao le mosadi wa gago le basadi ba bomorwao, ba na nao.

19 Le gona o tsenye bobedi le bobedi jwa dilo tsotlhe tse di phelang tsa nama yotlhe tsa mofuta mongwe le mongwe mo mokorong oo, e le go di phedisa nao. A e nne e tonanyana le e namagadi.

20 A di le pedi tsa mefuta yotlhe ya dinonyane le tsa mefuta yotlhe ya diruiwa le tsa mefuta yotlhe ya digagabi tse di mo lefatsheng di tsene le wena go bolokelwa bophelo.

21 O be o itseele dijo tsa mefutafuta tse di jewang, o di phuthele kwa go wena gore e nne dijo tsa gago le tsa tsona.”

22 Noa a dira tsotlhe ka fa Modimo o mo laetseng ka teng.