Kaine le Abele
1 Atame o ne a itse Efa, mosadi wa gagwe; ke fa a nna moimana, a belega Kaine a re: “Ke bonye monna ka thuso yaMorena.”
2 A boela a belega Abele monnawe. Abele a nna modisa wa dinku, Kaine a nna molemi wa masimo.
3 Ya re malatsi mangwe a sena go feta, Kaine a tlisa maungo a masimo, a direlaMorenatshupelo.
4 Abele le ene a tlisa tsa maitibolo a dinku tsa gagwe le mafura a tsona. MmeMorenaa itumelela Abele le setlhabelo sa gagwe.
5 Fela a se ka a itumelela Kaine le tshupelo ya gagwe. Ke fa Kaine a galefa thata, a gagabisa matlho.
6 MmeMorenaa botsa Kaine a re: “O galefetseng? O gagabisetsang matlho?
7 A ga ke re, fa o dira sentle, o ka tsholetsa sefatlhego, mme fa o sa dire sentle, boleo bo lalela fa mojako, bo go tlhologeletswe, mme wena o bo laole.”
8 Mme Kaine a bua le Abele monnawe; ya re ba le kwa nageng, Kaine a tsogela Abele monnawe, a mmolaya.
9 Ke faMorenaa botsa Kaine a re: “Abele monnao o kae?” Ene a re: “Ga ke itse. A ke modisa wa ga nnake?”
10 MmeMorenaa re: “O dirileng? Lentswe la madi a ga monnao le ntlhaeletsa, le tswa mo mmung.
11 Jaanong o hutsitswe, o lelekilwe mo nageng e e atlhamolotseng legano go amogela madi a ga monnao a a tsholotsweng ke diatla tsa gago.
12 Fa o lema masimo, ga a kitla a tlhola a go ntshetsa dijo ka fa nonofong ya ona; o tla nna mofaladi le motshabi mo lefatsheng.”
13 Ke fa Kaine a rayaMorenaa re: “Molato wa me o mogolo go feta o o ka itshwarelwang.
14 Bona, kajeno o nteleka mo nageng e; ke tla iphitlha, ke tshaba sefatlhego sa gago; ke tla nna mofaladi le motshabi mo lefatsheng. Mongwe le mongwe yo o mponang o tla mpolaya.”
15 MmeMorenaa mo raya a re: “Nnyaya, mongwe le mongwe yo o go bolayang, Kaine, o tla busolosiwa gasupa.”Morenaa ba a baya lotshwao mo go Kaine gore a se ka a bolawa ke ope yo o mmonang.
16 Ke fa Kaine a tloga fa pele ga sefatlhego saMorena, a ya go nna kwa lefatsheng la Note mo ntlheng ya botlhabatsatsi ya Etene.
Losika lwa ga Kaine
17 Kaine o ne a itse mosadi wa gagwe a nna moimana, a belega Henoge; a ba a aga motse, a o taya leina la Henoge, a o teelela morwawe.
18 Henoge a belegelwa Irate; Irate a tsala Mehuyaele; Mehuyaele a tsala Methusaele; Methusaele a tsala Lamege.
19 Lamege a tsaya basadi ba le babedi; leina la mongwe e le Ata, leina la yo mongwe e le Sila.
20 Ata a belega Jabale; ke ene rraabone ba ba neng ba nna mo ditenteng, e le barui ba dikgomo.
21 Leina la ga monnawe ke Jubale; ke ene rraabone botlhe ba be neng ba letsa dirankure le ditlhaka.
22 Sila le ene a belega, a tshola Thubale-Kaine; a nna mothudi wa dilo tsa mefutafuta tsa kgotlho le tsa tshipi. Kgaitsadia Thubale-Kaine e ne e le Naama.
23 Lamege o ne a raya basadi ba gagwe a re:
“Ata le Sila,
utlwang lentswe la me;
lona basadi ba ga Lamege,
reetsang mafoko a me:
Ruri, ke tla bolaya monna
yo o ka nntshang ntho,
le lekau le le ka nkhutlang.
24 Gonne Kaine
o tla busolosiwa gasupa,
mme Lamege ene ga masome
a a supang le bosupa.”
Sethe le Enose
25 Atame a ba a itse mosadi wa gagwe gape; a belega morwa, a mo taya leina la Sethe. Gonne a re: “Modimo o mphile ngwana yo mongwe mo boemong jwa ga Abele yo Kaine o mmolaileng.”
26 Sethe le ene a belegelwa morwa, a mo taya leina la Enose. Metlheng eo ba simolola go bitsa leina laMorena.