Go ikokobeletsa mebuso
1 A motho mongwe le mongwe a ikokobeletse balaodi ba ba busang; gonne ga go na mmuso fa e se o o tswang Modimong; mebuso e e le yong e beilwe ke Modimo.
2 Ka moo, yo o ganang mmuso o emelana le puso ya Modimo; mme ba ba o ganang ba tla itsisetsa katlholo.
3 Gonne babusi ga se ba ba boifiwang ka ntlha ya tiro e e molemo, mme e le ka ntlha ya e e bosula. Jaanong fa o sa rate go boifisiwa ke mmuso, dira molemo, mme o tla bona tlotlo mo go ona.
4 Gonne ke modiredi wa Modimo mo go wena gore o bone molemo. Mme fa o dira bosula, o boife; gonne ga o a tsholela tšhaka lefela; ka gonne ke modiredi wa Modimo, ke mmusolosi yo o dirafatsang bogale jwa Modimo mo go ene yo o dirang bosula.
5 Ka ntlha ya moo ke tshwanelo go ikokobetsa, e seng fela ka ntlha ya petso, mme e bile e le ka ntlha ya segakolodi.
6 Ke ka ntlha ya moo lo ntshang lekgetho; gonne ke batlhanka ba Modimo ba ba ineetseng tiro eo ya bone ka metlha.
7 Jaanong neelang mongwe le mongwe se se mo tshwanetseng: lo neele lekgetho ene yo o tshwanetsweng ke lekgetho, pulatsela ene yo o tshwanetsweng ke pulatsela, poifo ene yo o tshwanetsweng ke poifo, tlotlo ene yo o tshwanetsweng ke tlotlo.
Lorato lo dirafatsa molao
8 Lo fetse tsotlhe tse di tshwanetseng go lešwa, go sale go ratana fela; gonne yo o ratang yo mongwe o dirafaditse molao.
9 Gonne ditaolo tse di reng: “O se ka wa dira boaka; o se ka wa bolaya; o se ka wa utswa; o se ka wa supa tshupo ya kako; o se ka wa eletsa,” le fa go ka ne go le taolo e nngwe e sele, di akareditswe ka lefoko le le reng: “O rate mongwe-ka-wena jaaka o ithata.”
10 Lorato ga lo direle motho bosula; ke ka moo lorato e leng tirafatso ya molao.
Sepelang lo thantse sentle!
11 Dirang jalo, ka lo itse sebaka gore e setse e le nako ya go tsoga mo thobalong; gonne pholoso e re atametse jaanong bogolo go jale fa re simolola go dumela.
12 Bosigo bo a sa, letsatsi le atametse; ka moo, a re apoleng ditiro tsa lefifi, re apareng marumo a lesedi!
13 A re tsamaeng re itshotse sentle jaaka mo motshegareng, e seng mo medirong ya tlhapelo le ya botagwa, e seng mo marobalelong a boaka le mekgweng e e maswe, e seng mo kgannye le mo lefufeng;
14 mme aparang Morena Jesu Keresete, lo se tlameleng mmele ka mokgwa o o ka tsosang dikeletso tse di bosula.