LUKA 22

Maano a go bolaya Jesu

1 Jaanong moletlo wa Dinkgwe tse di sa bedisiwang o o bidiwang Tlolaganyo wa bo o atametse.

2 Mme baperesiti ba bagolo le Baitsedikwalo ba batla ka fa ba ka mmolayang ka teng; gonne ba ne ba boifa morafe.

Jutase o tshwarisa Jesu

3 Jaanong Satane a tsena mo go Jutase yo o bidiwang Isekariote, e le mongwe wa ba ba 12.

4 Yoo a ya a bua le baperesiti ba bagolo le balaodi ba Tempele ka fa a ka mo ba neelang ka teng.

5 Bone ba itumela, ba be ba dumelana go mo naya madi.

6 A ba a dumela. Jaanong a batla nako e e lebanyeng ya go mo ba neela, bontsi bo se yo.

Selalelo sa Tlolaganyo se a baakanngwa

7 Jaanong ga tla letsatsi la Dinkgwe tse di sa bedisiwang, le kwana ya Tlolaganyo e tshwanetseng go tlhajwa ka lone.

8 Jesu a roma Petoro le Johane a re: “Yaang lo re baakanyetse Tlolaganyo gore re e je.”

9 Ba mmotsa ba re: “O rata gore re e baakanyetse kae?”

10 A ba raya a re: “Bonang, e tla re lo sena go tsena mo motseng, lo kgatlhane le monna a rwele nkgwana ya metsi; lo mo sale morago go ya mo ntlong e o tsenang mo go yona,

11 lo ree mong wa ntlo lo re: ‘Moruti o a go botsa a re: Ntlwana ya baeti e kae, kwa nka jelang Tlolaganyo teng le barutwa ba me?’

12 Ene o tla lo supetsa ntlwana e kgolo e e fa godimo, e e adilweng mesamo; lo baakanyetse teng.”

13 Ba ya ba fitlhela go ntse fela jaaka a ba boleletse, ba baakanyetsa Tlolaganyo.

Tlhomamiso ya Selalelo se se Boitshepo

14 Ya re nako e sena go fitlha, a rapama fa dijong, a na le baapostolo ba ba 12.

15 Jaanong a ba raya a re: “Ke eleditse thata go ja Tlolaganyo e le lona, ke ise ke boge;

16 gonne ke lo raya ke re: Ga nke ke tlhola ke e ja ka gope, go tle go tsamae e dirafale ka botlalo mo pusong ya Modimo.”

17 Ke fa a tsaya senwelo, a leboga a re: “Se tseeng, lo se hupalane.

18 Gonne ke lo raya ke re: Go tloga jaanong ga nke ke tlhola ke nwa leungo la moweine, go tle go tsamae puso ya Modimo e tle.”

19 A ba a tsaya senkgwe, a leboga, a se nathoganya, a se ba naya a re: “Se ke mmele wa me o o neelwang lona; dirang jalo gore e nne go nkgopola.”

20 Fela jalo le sona senwelo a se tsaya morago ga selalelo a re: “Senwelo se ke kgolagano e ntšhwa ka madi a me a lo a tshololelwang.

21 “Mme itseng, seatla sa yo o ntswang se na le nna mo tafoleng.

22 Tota Morwa-Motho o tsamaya jaaka go laotswe; fela go latlhega motho yoo yo o mo tswang.”

23 Ke fa ba simolola go botsanya gore e ka nna ofe wa bone yo o tla dirang jalo.

Yo mogolo le yo mmotlana

24 Le gona ga tsoga kgang mo go bone ya gore ke ofe wa bone yo o ka kaiwang yo mogolo.

25 Jesu a ba raya a re: “Dikgosi tsa merafe di a e busa, e bile ba ba setlhogo mo go bone ba bidiwa ‘Bababaledi ba bone.’

26 Fela lona lo se nne jalo, mme yo mogolo mo go lona a a nne jaaka yo mmotlana, le yo e leng moeteledipele a a nne jaaka modiredi.

27 Kana yo mogolo ke ofe? A ke yo o ntseng fa dijong, gongwe yo o direlang? A ga se yo o ntseng fa dijong? Mme nna ke mo gare ga lona jaaka yo o direlang.

28 “Ke lona ba lo itshokileng le nna mo dipitlaganong tsa me.

29 Mme ke lo abela puso fela jaaka Rre a e nkabetse,

30 gore lo je lo nwe fa tafoleng ya me mo pusong ya me. Lo tla nna mo ditulong tsa bogosi, lo atlhola ditso tse di 12 tsa Iseraele.”

Petoro o a kgothadiwa

31 Jaanong Morena a re: “Simona, Simona, bona, Satane o lo ipatletse gore a lo olose jaaka mabele;

32 mme nna ke go rapeletse gore tumelo ya gago e se khutle. Mme wena e re o sena go sokologa, o tiise bakaulengwe ba gago.”

33 Ene a mo fetola a re: “Morena, fa ke na nao, ke iketleeditse go ya le mo ntlong ya kgolegelo le mo losong.”

34 Mme Jesu a re: “Ke a go bolelela, Petoro, mokoko ga o nke o lela kajeno, wena o ise o intatole gararo o re, ga o nkitse.”

Ditšhaka tse pedi

35 A boa a ba raya a re: “E rile ke lo roma, lo se na sekgwama le kgwatlha le ditlhako, a lo ne lwa tlhoka sengwe?”

Ba re: “Le e seng sepe.”

36 A ba raya a re: “A jaanong yo o nang le sekgwama, a se tsee, le kgwatlha jalo. Yo o tlhokang, a a rekise kobo ya gagwe, a reke tšhaka.

37 Gonne ke lo raya ke re: Se se kwadilweng se se reng: ‘O baletswe le baikepi’ se sa ntse se tshwanetse go wediwa mo go nna. Gonne tse di kwadilweng ka ga me di a dirafala.”

38 Foo ba re: “Morena, bona, ditšhaka tse pedi ke tse.”

A ba raya a re: “Go lekanye.”

Jesu kwa Getsemane

39 Jaanong a tswa, a ya kwa Thabeng ya Diolefa ka fa a tlwaetseng ka teng, barutwa ba mo sala morago.

40 Ya re a sena go fitlha felong foo, a ba raya a re: “Rapelang gore lo se tsene mo thaelong!”

41 A ba a katogana nabo, go ka nna kana ka makonopelo a lentswe, a khubama ka mangole, a rapela

42 a re: “Rara, fa o rata, tlosa senwelo se mo go nna; fela a go se dirafale thato ya me, mme go dirafale ya gago!”

43 Jaanong ga bonala moengele kwa go ene, a tswa legodimong, a mo thatafatsa.

44 Ya re a le mo tlalelong e kgolo, a rapela ka bojotlhe jwa gagwe; mofufutso wa gagwe wa nna jaaka marothodi a madi a a rothelang fa fatshe.

45 Ya re a tsoga mo thapelong, a tla kwa barutweng, a fitlhela ba robetse ka ntlha ya bohutsana.

46 A ba raya a re: “Lo robaletseng? Tsogang lo rapele go re lo se tsene mo thaelong.”

Jesu o a golegwa

47 E rile a sa ntse a bua, ba bona go tla letshuti la batho, mme yo o bidiwang Jutase, mongwe wa ba 12, a bo a ba eteletse pele, a ba a atamela Jesu go mo atla.

48 Ke fa Jesu a mo raya a re: “Jutase, a o tshwarisa Morwa-Motho ka katlo?”

49 Ya re ba ba mo dikanyeditseng ba bona se se tla dirafalang, ba botsa ba re: “Morena, a ke re reme ka tšhaka?”

50 Mme mongwe wa bone a rema motlhanka wa moperesiti yo mogolo, a mo kgaola tsebe ya le le jang.

51 Mme Jesu a araba a re: “Lesang, go lekanye.” A ba a ama tsebe ya gagwe, a mo fodisa.

52 Jaanong Jesu a raya baperesiti ba bagolo le balaodi ba Tempele le bagolo ba morafe ba ba tsileng go ene a re: “A lo bolotse ka ditšhaka le melamu, jaaka e kete lo tsoma senokwane?

53 E rile ke ntse ke na le lona ka malatsi otlhe mo Tempeleng, lwa se ka lwa ntshetsa diatla; mme nako eno ke nako ya lona le thata ya lefifi.”

Petoro o itatola Morena

54 Foo ba mo tshwara, ba tsamaya ka ene, ba mo isa kwa ntlong ya moperesiti yo mogolo. Petoro a ba latela a le kgakala.

55 Ya re ba sena go gotsa molelo fa gare ga lelapa, ba ntse mmogo, Petoro a nna mo gare ga bone.

56 Jaanong ya re lelata lengwe le mmona a dutse fa molelong, la tlhoma matlho mo go ene, la bua la re: “Yo le ene o ne a na nae.”

57 Mme a mo itatola a re: “Mosadi, ga ke mo itse.”

58 Morago ga sebakanyana yo mongwe a mmona a re: “Le wena o mongwe wa bone.”

Mme Petoro a re: “Monna, ga ke ene.”

59 Ya re go sena go feta e ka nna nako e le nngwe fela, yo mongwe a tlhomamisa a re: “Ammaaruri, yo le ene o ne a na nae, gonne le ene ke Mogalelea.”

60 Mme Petoro a re: “Monna, ga ke itse se o se buang.”

Mme ka bonako, ya re a sa ntse a bua, mokoko wa lela.

61 Ke fa Morena a retologa, a leba Petoro, mme Petoro a gakologelwa lefoko la Morena ka fa a mo reileng ka teng a re: “E tla re mokoko o ise o lele kajeno, o intatole gararo.”

62 Petoro a tswela kwa ntle, a lela mo go botlhoko.

Jesu o fa pele ga lekgotla le legolo

63 Jaanong banna ba ba tshwereng Jesu ba mo sotla, ba mo itaaka,

64 ba be ba mo fapa matlho, ba mo faphola sefatlhegong, ba mmotsa ba re: “Bolela gore ke mang yo o go iteileng?”

65 Le dilo tse dingwe tse dintsi ba mo kgoba ka tsona, ba mo kgala.

Jesu o a latofadiwa

66 E rile bo sena go sa, ga phuthega bagolo ba morafe, e bong baperesiti ba bagolo le Baitsedikwalo, ba mo isa kwa lekgotleng la bone,

67 ba re: “Fa o le Keresete, re bolelele.”

A ba raya a re: “Le fa nka lo bolelela, ga lo nke lo dumela;

68 mme fa nka botsa, ga lo nke lo nkaraba, le fa e le go nkgolola.

69 Mme go tlogeng fano Morwa-Motho o tla nna ka fa letsogong le le jang la thata ya Modimo.”

70 Botlhe ba re: “Mme a o Morwa Modimo?”

A ba araba a re: “Lo a bolela, ke nna ene.”

71 Bone ba re: “Re sa batlelang tshupo? Gonne re e utlwile ka rosi ka molomo wa gagwe.”