Molaodi wa kwa Kaperenaume
1 E rile a sena go wetsa dipolelo tsotlhe tseo tsa gagwe mo ditsebeng tsa batho, a tsena mo Kaperenaume.
2 Teng go ne go le molaodi-wa-lekgolo mongwe, a na le motlhanka yo a mo ikanyang thata, a lwala, a le gaufi le go swa.
3 Ya re a utlwa ka ga Jesu, a roma bagolo ba Bajuta kwa go ene, a mo rapela gore a tle go fodisa motlhanka wa gagwe.
4 Ya re ba fitlha kwa go Jesu, ba mo rapela ka tlhoafalo ba re: “Go mo tshwanetse, mo direle jalo;
5 gonne o rata setšhaba sa rona, e bile ke ene yo o re agetseng senagoge.”
6 Foo Jesu a ya nabo. Jaanong ya re a sa tlhole a le kgakala le ntlo, molaodi-wa-lekgolo a roma ditsala kwa go ene, a mo raya a re: “Morena, se itshwenye, gonne ga ke a lekana gore o tsene ka fa tlase ga ditlhomeso tsa me.
7 Ke ka moo ke ikaileng gore ga ke a tshwanela go tla koo go wena; bua lefoko fela, mme motlhanka wa me o tla fola.
8 Gonne le nna ke motho yo ke beilweng ka fa tlase ga taolo, ke na le batlhabani ba ba mo taolong ya me, ke raya yo ke re: ‘Tsamaya!’ a tsamae; le yo mongwe, ke re: ‘Tlaya!’ a tle, le motlhanka wa me, ke re: ‘Dira se!’ mme a se dire.”
9 Ya re Jesu a utlwa jalo, a mo gakgamalela, a ba a retologela kwa bathong ba ba mo setseng morago a re: “Ke lo raya ke re: Ga ke ise nke ke bone tumelo e e kalokalo, le fa e le mo lseraele.”
10 Jaanong ya re ba ba romilweng ba boela kwa ntlong, ba fitlhela motlhanka yo o neng a lwala a fodile.
Lekau la kwa Naine
11 Ya re kamoso a ya kwa motseng o o bidiwang Naine, mme barutwa ba gagwe ba ya nae, le batho ba bantsi.
12 Ya re a atamela kgoro ya motse, ga bo go tshotswe moswi, a isiwa kwa ntle, e le morwa mmaagwe yo o esi, mme ene e le motlholagadi. Bontsi jo bogolo jwa motse jwa bo bo na nae.
13 Ya re Morena a mmona, a mo tlhomogela pelo, a mo raya a re: “Se lele.”
14 Jaanong a atamela, a ama setsholo, mme ba ba mo tshotseng ba ema. Foo a re: “Lekau, ke go raya ke re: Tsoga!”
15 Moswi a kanamologa, a simolola go bua, mme Jesu a mo neela mmaagwe.
16 Ke fa poifo e ba tshwara botlhe, ba be ba galaletsa Modimo ba re: “Moporofeti yo mogolo o tsogile mo gare ga rona!” Gape ba re: “Modimo o lekotse batho ba ona.”
17 Polelo eo ka ga gagwe ya utlwala mo Jutea yotlhe le mo lefatsheng lotlhe le le mo tikologong.
Barongwi ba ga Johane Mokolobetsi
18 Jaanong barutwa ba ga Johane ba ya, ba mmegela dilo tsotlhe tseo.
19 Foo Johane a ipiletsa barutwa ba le babedi ba gagwe, a ba roma go Morena a re: “A ke wena yo go tilweng: O tla tla, kampo re lebelele o sele?”
20 Ya re banna bao ba fitlha kwa go ene, ba re: “Johane Mokolobetsi o re romile kwano go wena a re: ‘A ke wena yo go tilweng: O tla tla, kampo re lebelele o sele?’ ”
21 Mo nakong eo a bo a fodisa ba le bantsi malwetse le matlhoko le mewa e e bosula, a naya difofu di le dintsi go bona.
22 Mme a ba araba a re: “Tsamayang, lo bolelele Johane tse lo di bonyeng le tse lo di utlwileng: Difofu di a bona, digole di a tsamaya, balepero ba a phepafadiwa, disusu di a utlwa, baswi ba a tsosiwa, bahumanegi ba rerelwa Efangele.
23 Mme go sego yo o sa kgopisegeng ka ga me.”
24 E rile barongwa ba ga Johane ba sena go tsamaya, a simolola go bua le batho ka ga Johane a re: “Lo ne lo tswela kwa sekakeng go bonang? A e ne e le lotlhaka lo lo temekisiwang ke phefo?
25 Tota lo ne lo tswela go bona eng? A e ne e le motho yo o apereng diaparo tse di boleta? Kana ba ba apereng diaparo tse dintlentle le ba ba phelang mo letlepung ba mo malapeng a dikgosi.
26 Tota lo ne lo tswela go bona eng? A e ne e le moporofeti? Ee, ke lo raya ke re: E bile ke yo o fetang moporofeti.
27 Yo ke ene go kwadilweng ka ga gagwe ga twe: ‘Bonang, ke roma morongwa wa me fa pele ga sefatlhego sa gago, yo o tla baakanyang tsela ya gago fa pele ga gago.’
28 Gonne ke lo raya ke re: Mo go ba ba tsetsweng ke basadi ga go ope yo o leng mogolo go feta Johane; mme yo o leng mmotlana mo pusong ya Modimo o mogolo go mo feta.”
29 Batho botlhe, le bone bakgethisi ba utlwile, ba ineela mo Modimong ka go kolobediwa ka kolobetso ya ga Johane.
30 Bafarisai le Baitse-molao bone ba nyatsa maikaelelo a Modimo a go ba thusa, ka ba se ka ba kolobediwa ke ene.
31 Morena a ba a re: “Kana batho ba kajeno nka ba tshwantsha le eng? Ba tshwana le eng?
32 Ba tshwana le bana ba ba ntseng mo patlelong, ba bitsana ba re: ‘Re lo leleditse ditlhaka, mme ga lo a ka lwa bina; re lo opeletse tse di ledisang, mme ga lo a ka lwa lela.’
33 Johane Mokolobetsi o tsile, a sa je senkgwe, a sa nwe weine; mme lo a re: ‘O na le modemone.’
34 Morwa-Motho o tsile, a ja, a nwa; mme lo a re: ‘Bonang motho wa lejabobe, monwa-bojalwa, tsala ya bakgethisi le baleofi ke yo!’
35 Mme botlhale bo atlholetswe ke bana botlhe ba jona.”
Jesu o tlodiwa dinao
36 Jaanong mongwe wa Bafarisai a mo kopa gore a je nae. Jesu a tsena mo ntlong ya gagwe, a nna fa dijong.
37 Mme bonang, mosadi mongwe wa motse yo e leng moleofi a utlwa gore o ntse fa dijong mo ntlong ya Mofarisai, a tsisa setlolo ka modutwana wa alabasetere,
38 a ema ka fa morago fa dinaong tsa gagwe, a lela, a simolola go kolobetsa dinao tsa gagwe ka dikeledi, a di phimola ka moriri wa gagwe, a nna a mo atla dinao, a di tlotsa ka setlolo.
39 Ya re Mofarisai yo o mo laleditseng a bona jalo, a ithaya a re: “Yo, fa e ka bo e le moporofeti, a ka bo a itse gore mosadi yo o mo amang ke mang, le gore o ntse jang; gonne ke moleofi.”
40 Jesu a tswa molomo, a mo raya a re: “Simone, ke na le lefoko nao.”
Ene a re: “Moruti, bua.”
41 Jesu a re: “Batho ba le babedi ba ne ba tsere molato mo moadiming mongwe, wa ntlha a le molato wa diranta di le 50, yo mongwe wa di le tlhano.
42 Mme ya re ka ba se na sepe se ba ka lefang ka sona, a phimola molato wa bona ka bobedi. Jaanong yo o tla mo ratang bogolo mo go bone ke ofe?”
43 Simone a araba a re: “Ke gopola gore e tla nna ene yo a mo itshwaretseng go le gogolo.”
Jesu a mo raya a re: “O atlhotse sentle.”
44 Jaanong a retologela kwa mosading, a raya Simone a re: “A o bona mosadi yo? Ke tsenye mo ntlong ya gago, mme ga o a ka wa mpha metsi a go tlhapa dinao; mme ene o nkolobeditse dinao ka dikeledi, a ba a di phimola ka moriri wa gagwe.
45 Wena ga o a ka wa nkatla; mme ene, fa e sa le a tsena ga a ise a ke a khutle go nkatla dinao.
46 Tlhogo ya me ga o a ka wa e tlotsa lookwane; mme ene o ntloditse dinao ka setlolo.
47 Ka ntlha ya moo ke go raya ke re: Dibe tsa gagwe tse di leng dintsi o di itshwaretswe; go bonala jalo, ka a ratile go le gogolo; mme yo o itshwarelwang go le gobotlana, o rata go le gobotlana.”
48 Jaanong a raya mosadi a re: “Dibe tsa gago ò di itshwaretswe.”
49 Ba ba ntseng nae fa dijong ba simolola go akanya ba re: “Ke mang yo, yo e bileng a itshwarela dibe?”
50 Jesu a raya mosadi a re: “Tumelo ya gago e go pholositse; tsamaya ka kagiso!”