Tsogo ya Morena
1 E rile Sabata a sena go feta, Maria Magtalena le Maria, mma Jakobo, le Salome ba reka ditlolo tse di nkgang monate gore ba ye go mo tlotsa.
2 Ya re ka moso phakela, ka letsatsi la ntlha la beke, ba fitlha fa lebitleng, letsatsi le tlhaba.
3 Foo ba raana ba re: “Ke mang yo o tla re pitikololelang lentswe fa mojakong wa lebitla?”
4 Mme ya re ba leba, ba bona lentswe le pitikolotswe; gonne le ne le le legolo thata.
5 Ya re ba tsena mo lebitleng, ba bona lekau le ntse ka fa ntlheng ya le le jang, le apere kobo e tshweu; ba be ba rerega.
6 La ba raya la re: “Se reregeng; lo batla Jesu wa Nasaretha yo o neng a bapotswe. O tsogile, ga a yo fa! Bonang felo fa ba ne ba mmeile teng!
7 Jaanong yaang lo bolelele barutwa ba gagwe le Petoro gore o lo etelela pele go ya kwa Galelea; lo tla mmona teng, ka fa a lo boleletseng ka teng.”
8 Ke fa ba tswa mo lebitleng, ba tshaba; gonne thoromo le therego di ne di ba tshwere; mme ba se ka ba bua sepe le ope, ka gonne ba boifa.
Jesu o iponatsa morago ga tsogo
9 Ya re a sena go tsoga e sa le ka moso ka letsatsi la ntlha la beke, a bonala pele kwa go Maria Magtalena yo a kileng a kgarameletsa medemone e e supang ntle mo go ene.
10 Ene a ya a bolelela bone ba ba neng ba na le Jesu, ba hutsafetse, ba lela.
11 Mme bone, ya re ba utlwa gore o a phela, e bile o bonywe ke ene, ba se ka ba dumela.
12 Morago ga moo a iponatsa go ba le babedi ba bone ka popego e sele, fa ba tsamaya ba ya kwa nageng.
13 Le bone ba ya ba bolelela ba bangwe; mme le bone ba se ka ba ba dumela.
Taelo ya go rerela batho botlhe Efangele
14 La bofelo a iponatsa go ba ba 11, ba ntse fa dijong, a kgalemela go sa dumeleng ga bone le bopeloethata jwa bone, ka ba se ka ba dumela ba ba mmonyeng a sena go tsosiwa.
15 A ba a ba raya a re: “Yaang le lefatshe lotlhe, lo rerele lobopo lotlhe Efangele.
16 Yo o dumelang, a ba a kolobediwa, o tla pholosiwa; yo o sa dumeleng ene o tla atlholwa.
17 Ditshupo tse di tla supelang ba ba dumelang ke tse: Ba tla kgarameletsa medemone ntle ka leina la me; ba tla bua ka diteme tse dintšhwa.
18 Ba tla tsholetsa dinoga; mme le fa ba ka nwa se se bolayang, ga se nke se ba dira sepe. Ba tla baya balwetse diatla, mme ba tla fola.”
Tlhatlogo ya ga Jesu
19 Jaanong e rile Morena Jesu a sena go bua nabo, a tsholelediwa kwa legodimong, a nna ka fa ntlheng ya le le jang la Modimo.
20 Mme bone ba tswa, ba rera mo dintlheng tsotlhe, Morena a ntse a dira nabo, a tlhomamisa Lefoko ka ditshupo tse di le latelang.