Phodiso ya yo o suleng mhama
1 Morago ga malatsi mangwe a boa a tsena mo Kaperenaume; mme ga utlwala, fa a le kwa lapeng.
2 Jaanong ga phuthega batho ba bantsi, ga ba ga tlhokafala manno tota le fa mojako, mme a ba bolelela Lefoko.
3 Ga ba ga tla bangwe, ba tsisa mongwe yo o suleng mhama go ene, a rwelwe ke batho ba le bane.
4 Ya re ba palelwa ke go mo isetsa kwa go ene ka ntlha ya bontsi, ba rutla thulelo, fa a leng teng; ya re ba sena go phunya, ba folosa bolao jo motho yo o suleng mhama o neng a letse mo go jona.
5 Ya re Jesu a bona tumelo ya bone, a raya yo o suleng mhama a re: “Ngwanaka, dibe tsa gago o di itshwaretswe.”
6 Mme bangwe ba Baitsedikwalo ba ne ba ntse teng, ba akanya mo dipelong tsa bone ba re:
7 “Yo, o buelang jaana? O a kgala! Ke mang yo o nang le thata go itshwarela dibe, fa e se Modimo o le osi?”
8 Ya re ka Jesu a lemoga ka bonako mo moweng wa gagwe gore ba akanya jalo mo teng ga bone, a ba raya a re: “Lo akanyetsang jalo mo dipelong tsa lona?
9 Mo go botlhofo ke gofe? A ke go raya yo o suleng mhama o re: ‘Dibe tsa gago o di itshwaretswe’; gongwe go re: ‘Tsoga o tsee bolao jwa gago, o tsamae’?
10 Mme lo tla lemoga gore Morwa-Motho o na le thata mo lefatsheng go itshwarela dibe!” Jaanong a raya yo o suleng mhama a re:
11 “Ke go raya ke re: Tsoga o tsee bolao jwa gago, o boele kwa gae!”
12 Mme a tsoga, a tsaya bolao jwa gagwe ka bonako, a tswa fa pele ga bone botlhe, mo botlhe ba bileng ba gakgamala, ba galaletsa Modimo ba re: “Ga re ise re ke re bone se se ntseng jaana.”
Go bidiwa ga Lefi
13 A ba a tloga, a boela kwa letsheng, mme lesomo lotlhe la batho la tla kwa go ene, mme a ba ruta.
14 Ya re a feta, a bona Lefi, morwa Alefeo a ntse mo ntlong ya kgethelo; a mo raya a re: “Ntshala morago!” A nanoga a mo sala morago.
15 Ya re Jesu a ntse fa dijong mo ntlong ya ga Lefi, bakgethisi ba bantsi le baleofi ba nna fa dijong nae le barutwa ba gagwe; gonne e ne e le ba bantsi ba ba mo setseng morago.
16 Jaanong ya re Baitsedikwalo ba setlhopha sa Bafarisai ba bona, fa a ja le baleofi le bakgethisi, ba raya barutwa ba gagwe ba re: “Ke go reng, fa a ja le bakgethisi le baleofi?”
17 Ya re Jesu a utlwa, a ba raya a re: “Ba ba itekanetseng ga ba batle ngaka, e batlwa ke ba ba lwalang. Ga ke a tla go bitsa basiami, ke tsile go bitsa baleofi.”
Ka ga go itima dijo
18 Ka sebaka seo barutwa ba ga Johane le Bafarisai ba ne ba itima dijo. Jaanong ba tla, ba mo raya ba re: “Ke go reng, fa barutwa ba ga Johane le barutwa ba Bafarisai ba itima dijo, mme barutwa ba gago bone ba sa dire jalo?”
19 Jesu a ba raya a re: “A batho ba lenyalo ba ka itima dijo, monyadi a sa ntse a na nabo? Fa ba sa ntse ba na le monyadi, ga ba ka ke ba itima dijo.
20 Mme malatsi a tla tla, mogang monyadi a tla bong a tlositswe mo go bone; ke gona mo malatsing ao ba tla itimang dijo.
21 “Ga go ope yo o ka rokelelang sebata sa lesela le lešwa mo seaparong se se onetseng; fa go ka dirwa jalo, sebata se sešwa se tla gagola seaparo se se onetseng, mme legago le oketsege.
22 Le gona ga go ope yo o ka tshelang weine e ntšhwa mo makukeng a a onetseng; fa go ka dirwa jalo, weine e tla phantsha makuka, mme weine e senyege mmogo le makuka; mme weine e ntšhwa e tshelwa mo makukeng a mašwa.”
Jesu ke Morena wa Sabata
23 E rile Jesu a ralala masimo ka Sabata, barutwa ba gagwe ba simolola go roba diako, ba ntse ba tsamaya.
24 Bafarisai ba mmotsa ba re: “Bona, ba direlang se se sa letlelelwang ka Sabata?”
25 Ene a ba araba a re: “A ga lo ise lo ke lo buise se Dafita o kileng a se dira, fa a tlhoka, mme a tshwerwe ke tlala, le ba ba neng ba na nae?
26 Jaaka a ne a tsena mo ntlong ya Modimo, Abjathare e le moperesiti yo mogolo, a ba a ja dinkgwe tsa tshupo tse di sa letlelelwang go jewa ke ope, fa e se baperesiti fela, a ba a fa le bone ba ba neng ba na nae?”
27 A ba a ba raya a re: “Sabata o dirilwe ka ntlha ya motho, e seng motho ka ntlha ya Sabata.”
28 Ka moo he, Morwa-Motho ke Morena le wa Sabata.