Tumediso
1 Nna Juta, motlhanka wa ga Jesu Keresete le monnaa Jakobo, ke kwalela ba ba biditsweng, ba ba ratilweng mo go Modimo Rara, ba ba boloketsweng Jesu Keresete:
2 A boutlwelo-botlhoko le kagiso le lorato di lo ntsifalele!
Ka ga go ganetsa baruti ba boikepo le maaka
3 Baratwi, e rile ke ikaeletse ka tlhoafalo yotlhe go lo kwalela ka ga pholoso e re e tlhakanetseng, ka patelesega go lo kwalela go lo kgothatsa gore lo tlhabanele tumelo e e kileng ya neelwa baitshepi gangwe fela.
4 Gonne go itshusumeditse batho bangwe ba e sa leng bogologolo ba kwaletswe katlholo ya go re: Ke baikepi ba ba fetolang bopelotlhomogi jwa Modimo wa rona boitaolo, mme ba itatola Molaodi yo o tlhelele, Morena wa rona Jesu Keresete.
5 Mme lona, le fa dilo tsotlhe tse lo ntse lo di itse, ke rata go lo gakolola gore e rile Morena a sena go golola morafe kwa lefatsheng la Egepeto, a boa a nyeletsa bone ba ba se kang ba dumela.
6 Le baengele ba ba se kang ba boloka maemo a bone, mme ba tlogela boago jwa bone, o ba boloketse katlholo ya letsatsi le legolo ka dikgole tse di sa khutleng mo lefifing;
7 jaaka ba Sotoma le Gomora le ba metse e e neng e le mo tikologong, ba ba akafetseng ka mokgwa wa bao, ba latela nama e sele, ba beilwe go nna sekao ka go boga petso ya molelo o o sa khutleng.
8 Le fa go ntse jalo le bone bao ba leswefatsa nama jalo, ba dirwa ke ditoro tsa bone, ba nyatsa borena, ba kgala baengele ba ba galalelang.
9 Mme Migaele, moengele yo mogolo, e rile a omana le Diabolo, a ganetsanya nae ka ga serepa sa ga Moše, a tshaba go atlhola ka go mo gobolola, mme a bua a re: “A Morena a go kgalemele!”
10 Mme bao ba kgala tsotlhe tse ba sa di itseng; mme tsotlhe tse ba di itseng ka fa tlhagong jaaka diphedi tse di se nang tlhaloganyo di di itse, tseo ba itshenya ka tsona.
11 A tatlhego ya bone wee! Gonne ba tsamaile ka tsela ya ga Kaine, ba itatlhela mo timelong ka ntlha ya tuelo jaaka Bileame, ba latlhega ka go rukhutlha jaaka Kora.
12 Bao ke dibala tsa ditlhong mo meletlong ya lona ya lorato, ga ba boife go ja le lona le go inontsha fela. Ke maru a a se nang metsi, a a kgweediwang ke diphefo; ke ditlhare tsa mariga tse di se nang maungo, tse di suleng gabedi, di kumotswe.
13 Ke makhubu a lewatle a a gwasang, ba phoka mafulo a ditlhong tsa bone; ke dinaledi tse di kailang, ba boloketswe bontsho jwa lefifi ka bosakhutleng.
14 Le ene Henoge, motho wa bosupa go tloga mo go Atame o boleletse pele ka ga bone a re: “Bona, Morena o e tla, a na le masomosomo a a boitshepo a gagwe,
15 go tla go sekisa botlhe le go betsa baikepi botlhe ka ntlha ya ditiro tsotlhe tsa boikepo jwa bone, tse ba di dirileng ka go ikepa, le ka ntlha ya mafoko otlhe a bodipa a baleofi bao ba ba ikepileng ba a buileng ka ga gagwe.”
16 Bao ke bangongoregi ba ba galalang tse ba di newang, ba ba tsamayang ka fa dikeletsong tsa bone; le gona melomo ya bone e bua mafoko a bodipa, ba ntse ba tlakisa batho go ipatlela thuso.
Kgothatso le tebogo
17 Mme lona, baratwi, gakologelwang mafoko a a sa leng a buiwa ke baapostolo ba Morena wa rona Jesu Keresete,
18 ba lo boleletse ba re: “Mo sebakeng sa bofelo go tla nna basotli ba ba tsamayang ka fa dikeletsong tsa bone tsa boikepo.”
19 Ba ke bone ba ba dirang dikgaogano, e le batho ba nama fela, ba ba se nang Mowa.
20 Mme lona, baratwi, ikageng mo tumelong ya lona e e boitshepotshepo, lo rapele ka Mowa o o Boitshepo,
21 lo ipoloke mo loratong lwa Modimo, lo lebeletse kutlwelo-botlhoko ya Morena wa rona Jesu Keresete e e isang bophelong jo bo sa khutleng.
22 Mme ba bangwe ba ba belaelang lo ba utlwele botlhoko,
23 lo ba pholose ka go ba swatola mo molelong; ba bangwe bone lo ba utlwele botlhoko ka go boifa, lo ntse lo tlhoile le sona seaparo se se kgotletsweng ke nama.
24 Mme ona o o nonofileng go lo boloka gore lo se kgotšwe, le go lo emisa fa pele ga kgalalelo ya ona, lo se na molato ope, lo duduetsa,
25 e bong Modimo o osi, Mopholosi wa rona ka Jesu Keresete, Morena wa rona, a kgalalelo e nne ya one le borena le thata le puso ka metlha e e fetileng le jaanong le ka bosakhutleng! Amen.