3 JOHANE 1

Tumediso, Gayo o a bokwa

1 Nna yo mogolo ke kwalela Gayo yo o rategang, yo ke mo ratang ka nnete.

2 Moratwa, ke eletsa gore o tshele sentle mo dilong tsotlhe, o nne yo o itekanetseng mo mmeleng jaaka mowa wa gago o phela pila.

3 Gonne ke itumetse thata, jale fa bakaulengwe ba tla, ba supa ka ga boammaaruri jwa gago, jaaka o ntse o tsamaya mo boammaaruring.

4 Ga ke na boitumelo jo bo fetang joo jwa go utlwa gore bana ba me ba tsamaya mo boammaaruring.

5 Moratwa, o dira tiro nngwe le nngwe ka boikanyo, e o e direlang badumedi-ka-wena ba e leng baeng;

6 ba supile fa pele ga phuthego ka ga lorato lwa gago. O tla bo o dira sentle, fa o ba tsamaisa pila ka mokgwa o o tshwanetseng Modimo.

7 Gonne ba bolotse ka ntlha ya leina la ga Keresete ba sa tsee sepe mo baheitaneng.

8 Ke ka moo re tshwanetseng go tshola ba ba ntseng jalo gore re nne badiredi ba boammaaruri mmogo.

Ngongorego ka ga Dioterefese. Demeterio o a bokwa. Tumediso

9 Nkile ka kwalela phuthego lefoko lengwe, mme Dioterefese yo o ratang go nna wa ntlha mo go bone ga a re tshole.

10 Ka ntlha ya moo, e tla re ke tla, ke mo gopotse ditiro tsa gagwe tse a di dirang, ka a ntse a re senya ka mafoko a a bosula; mme tseo ga di ise di mo lekane, nnyaya, ene ka esi ga a tshole bakaulengwe, e bile o kganela ba ba ratang go dira jalo, a ba leleke mo phuthegong.

11 Moratwa, o se ka wa latela se se bosula, mme o latele se se molemo. Yo o dirang molemo o tswa Modimong; yo o dirang bosula ga a bona Modimo.

12 Demeterio o na le tshupo ya batho botlhe le ya boammaaruri ka josi gore o siame, ee, le rona re supa jalo, mme wena o itse gore tshupo ya rona ke boammaaruri.

13 Ke na le dilo tse dintsi tse nka di go kwalelang, mme ga ke rate go di go kwalela ka enke le pene.

14 Mme ke solofela gore ke tla akofa ke go bona, mme re tla buisanya ka molomo.

15 Kagiso a e nne nao!

Ditsala di a go dumedisa. Dumedisa ditsala ka maina.