Tsa ga Johane Mokolobetsi
1 Mo malatsing ao ga tla Johane Mokolobetsi, a rera mo sekakeng sa Jutea a re:
2 “Tlhabologang; gonne puso ya magodimo e atametse!”
3 Yoo ke ene yo moporofeti Jesaya o buileng ka ga gagwe a re:
“Lentswe la mongwe yo o kuang
mo sekakeng la re:
‘Baakanyang tsela ya Morena,
siamisang mebila ya gagwe!’ ”
4 Johane yoo, seaparo sa gagwe e ne e le sa boboa jwa kammele, a itlamile letheka ka moitlamo wa letlalo; dijo tsa gagwe e ne e le tsie le dinotshe tsa naga.
5 Ke fa go tswela go ene batho ba Jerusalema le ba Jutea yotlhe le ba naga yotlhe e e fa Joretane,
6 mme a ba kolobetsa mo nokeng ya Joretane, ba ntse ba ipobola dibe tsa bone.
7 Ya re a bona bontsi jwa Bafarisai le Basadukai ba tla kolobetsong, a ba raya a re: “Lotsalo lwa dinoga ke lona! Lo kaetswe ke mang gore lo falole bogaleng jo bo tlang?
8 Ungwang he maungo a a tshwanetseng tlhabologo.
9 Lo se ka lwa ithaya lwa re: ‘Re na le Aborahame, ke ene rraetsho.’ Gonne ke lo raya ke re: Modimo o nonofile go ka tsosetsa Aborahame bana ka majwe a.
10 Selepe se setse se beilwe fa meding ya ditlhare; mme setlhare sengwe le sengwe se se sa ungweng leungo le le siameng, se tla rengwa, se be se latlhelwa mo molelong.
11 Nna ke lo kolobeletsa tlhabologo ka metsi; mme yo o tlang morago ga me o nonofile bogolo go nna, yo ke sa tshwanelang go mo tsholela ditlhako; ene o tla lo kolobetsa ka Mowa o o Boitshepo le ka molelo;
12 o tshwere seoloso ka letsogo, mme o tla feela seboana sa gagwe gotlhe; o tla phuthela mabele a gagwe mo sefaleng, mme moko a o tshuba ka molelo o o sa kakeng wa tingwa.”
Johane o kolobetsa Jesu
13 Jaanong Jesu a tswa kwa Galelea, a ya kwa go Johane kwa Joretane gore a kolobediwe ke ene.
14 Mme Johane a re o a gana, a mo raya a re: “Ke nna ke tshwanetseng go kolobediwa ke wena, mme a o tla go nna?”
15 Jesu a mo araba a re: “Letlelela go nne jalo; gonne go re tshwanetse jalo gore re dirafatse tshiamo yotlhe.” Ke fa a dumela.
16 Ya re Jesu a sena go kolobediwa, a tswa mo metsing ka bonako. Foo magodimo a mmulegela, a bona Mowa wa Modimo o fologa jaaka lephoi, o tla mo go ene.
17 Mme lentswe la utlwala, le tswa kwa magodimong le re: “Yoo ke Morwaake yo o rategang, yo ke mo itumelelang.”