Tatlhego ya baba ba Baiseraele
1 Lebanone, bula dikgoro tsa
gago gore molelo o je mesetere
ya gago!
2 Gwetla, setlhare sa mosiperese,
gonne mosetere o wele,
ditlhare tse dintle di sentswe;
gwetlang, ditlhare
tsa eike tsa Basane,
ka sekgwa sa tshutlhankga
se remilwe.
3 Utlwa! Badisa ba a gwetla,
gonne mafulo a mantle a bone
a sentswe.
Utlwa! Ditawana di a duma,
gonne sekgwa se sentle
sa Joretane se sentswe.
Modisa yo o molemo le yo o sa siamang
4 Morena, Modimo wa me, o buile jaana a re: “Disa dinku tse di tlhajwang!
5 Ke tse bareki ba tsona ba di tlhabang, ba sa ipone molato; mme ba ba di rekisang ba re: ‘AMorenaa bakwe, gonne ke humile!’ Badisa ba tsona ga ba di rekegele.
6 “Gonne ga nkitla ke tlhola ke rekegela baagi ba lefatshe le,” go buaMorena. “Bonang, ke tla tsenya motho mongwe le mongwe mo seatleng sa mongwe-ka-ene le mo seatleng sa kgosi ya gagwe, mme ba tla fetola lefatshe sekaka; ga nkitla ke ba pholosa mo diatleng tsa bone.”
7 Jaanong ka disa dinku tse di tlhajwang. Tota e ne e le dinku tse di tlhomolang pelo! Ka tsaya dithobane di le pedi, nngwe ka e bitsa “Bopelonomi”, e nngwe ka e bitsa “Kutlwano”, ka fudisa letsomane.
8 Ka ba ka nyeletsa badisa ba le bararo mo kgweding e le nngwe; ke fa ke fela pelo ka ntlha ya bona, mme le bona ba se ka ba tlhola ba mpatla.
9 Ka ba ka re: “Ga ke tlhole ke rata go lo disa. Se se swang a se swe! Se se nyelelang a se nyelele! Mme a tse di setseng di jane!”
10 Ke fa ke tsaya thobane ya me ya “Bopelonomi”, ke e roba, e le go senya kgolagano ya me e ke e dirileng le merafe yotlhe.
11 Ya senyega jalo ka letsatsi leo; mme dinku tsa letsomane tse di tlhomolang pelo, tse di neng di ntse di nkutlwa, tsa lemoga ka mokgwa o, fa e le Lefoko laMorena.
12 Jaanong ka ba raya ka re: “Fa lo bona gore go tshwanetse, mpheng tuelo ya me; fa go se jalo, lesang!” Ke fa ba ntekanyetsa tuelo ya me, e bong diselefera di le somamararo.
13 FooMorenaa nthaya a re: “Di latlhele mmopi wa dinkgwana tlhwatlhwa e kgolo e, e e seng ya sepe, e ba nkaileng yona.” Ka tsaya diselefera di le somamararo, ka di latlhela mmopi wa dinkgwana mo Ntlong yaMorena.
14 Ka ba ka roba thobane ya bobedi ya me ya “Kutlwano”, e le go senya kutlwano ya bana ba motho, ya Juta le Iseraele.
15 Morago ga mooMorenaa nthaya a re: “Tsaya gape dilo tsa modisa, mme e le wa seeleele.
16 Gonne bona, ke tla tsosa modisa mo lefatsheng yo o sa tlholeng tse di latlhegileng, a sa batle tse di phatlaletseng, a sa alafe tse di robegileng, a sa tlamele tse di itekanetseng; mme a ja nama ya tse di nonneng, a garolaka ditlhako tsa tsona.
17 A tatlhego wee ya modisa yo e seng wa sepe, yo o tlogelang letsomane! A tšhaka e reme letsogo la gagwe le leitlho le le jang la gagwe! A letsogo la gagwe le omelele ruri, a leitlho le le jang la gagwe le swele ruri.”