SAGARIA 9

Go kgalemelwa merafe

1 Taelo ya Modimo. Lefoko laMorenaka ga lefatshe la ga Haterage; le bile le raya Damaseko; gonneMorenao lebile batho le ditso tsotlhe tsa Iseraele.

2 Le ka ga Hamathe le ene yo o bapileng nae, le ka ga Tiro le ka ga Sitone ka a le botlhale thata.

3 Ee, motse wa Tiro o ikagetse dikago tsa phemelo, wa phutha selefera jaaka lerole le gouta jaaka dithetse tsa mebila.

4 Bonang, Morena o tla o thopa, a itaya phemelo ya ona e e mo lewatleng, mme ona ka osi o tla jewa ke molelo.

5 Motse wa Ašekalone o tla bona jalo, o boifa; wa Gasa o tla tlalelwa thata; wa Ekerone le ona, ka tebelelo ya ona e ba swabisitse; kgosi ya Gasa e tla nyelela; Ašekalone o tla tlhoka baagi.

6 Makgoba a tla nna mo Ašetote: “Ke tla fedisa boikgantsho jwa Bafelesita jalo.

7 Ke tla tlosa madi a ba a nwang mo melomong ya bone le maila a a mo menong a bone; le bone ba tla sadisediwa Modimo wa rona, ba tshwana le lotso mo Juta; le ba Ekerone ba tla tshwana le Bajebusi.

8 Mme ke tla thibelela tikologong ya Ntlo ya me go e femela mo go ba ba fetang le ba ba boang; mme mogateledi ga a nke a tlhola a ba thopa. Gonne jaanong go lebeletse nna ka matlho a me.”

Puso ya ga Mesia, kgosi ya kagiso

9 Itumele thata, morwadia Sione,

o duduetse,

morwadia Jerusalema;

bona, kgosi ya gago

e e tla kwa go wena,

e siame, e tletse pholoso,

e pelonolo, e palame esele,

e leng eselana, ngwana wa esele.

10 “Mme ke tla thubakanya

dikoloi tsa ntwa mo go Eferaime

le dipitse mo Jerusalema;

bora jwa ntwa

bo tla robakanngwa,

mme ene o tla rerela ditšhaba

kagiso.

Puso ya gagwe e tla simologa

fa lewatleng go ya go fitlha

kwa lewatleng le lengwe;

e simologa fa nokeng ya Ferathe

go ya go fitlha kwa dikhutlong

tsa lefatshe.”

Batho ba Modimo ba tla pholosiwa

11 “Le gona fa e le wena Sione,

ke tla ntsha bagolegwi ba gago

mo mosimeng o o se nang metsi

ka ntlha ya madi

a kgolagano ya gago.

12 Boelang kwa kagong ya phemelo,

lona batshwarwi

ba lo nang le tsholofelo;

le gona ke itsise kajeno

gore ke tla lo busetsa gabedi

tse di lo latlhegetseng.

13 Gonne ke laetse Juta

e le bora jwa me,

ka tlhatlhela Eferaime mo go jona;

ke tlhotlheleditse bana ba gago,

Sione,

gore ba lwe le bana ba gago,

lefatshe la Bagerika;

ke go dirile jaaka tšhaka

ya mogale.”

14 MmeMorenao tla bonala

kwa godimo ga bone;

motsu wa gagwe o tla tswa

jaaka legadima;

mme Morena Modimo

o tla letsa lonaka,

a tsamaya ka diphefo tsa borwa.

15 Morenawa masomosomo

o tla ba sireletsa,

mme ba tla ja batshodi

ba seragamajwe, ba ba gataka,

ba nwa madi a bone jaaka weine,

ba tlala ona

jaaka megopo ya setlhabelo

le jaaka dikgokgotsho tsa aletare.

16 MmeMorena,

Modimo wa bone

o tla ba pholosa ka letsatsi leo,

ka ba le morafe

o e leng letsomane la gagwe;

gonne ba phatsima

jaaka ditaemane

mo serwalong sa kgosi

mo nageng ya gagwe.

17 Kana kgalalelo ya bone

e kgolo jang ne!

Bontle jwa bone bo kana kang ne!

Mabele a godisa makau,

matute a moweine

a godisa makgarebe.