Pono ya borobedi: Dikoloi tse nne tsa ntwa
1 Ka ba ka tsholetsa matlho, ka bona dikoloi tsa ntwa di le nne, di tswa fa gare ga dithaba di le pedi, mme dithaba ya bo e le tsa kgotlho.
2 Koloi ya ntlha e ne e gogwa ke dipitse tse dikhunou, koloi ya bobedi e gogwa ke dipitse tse dintsho,
3 koloi ya boraro e gogwa ke dipitse tse ditshweu, koloi ya bone e gogwa ke dipitse tse dithamaga tse di thata.
4 Ka botsa moengele yo o buang le nna ka re: “Tseo di kaya eng, morena wa me?”
5 Moengele a nkaraba a re: “Ke diphefo tse nne tsa legodimo tse di bololang di sena go laelwa ke Morena wa lefatshe lotlhe.”
6 Koloi ya dipitse tse dintsho ya bololela lefatshe la bokone; tse ditshweu tsa bolola tsa di sala morago; tse dithamaga tsa bololela lefatshe la borwa.
7 Tse di thata tsa bolola tsa batla go ralala lefatshe. Ke fa a re: “Tsamayang lo ralale lefatshe.” Tsa ba tsa ralala lefatshe.
8 Jaanong a nthaeletsa a re: “Bona, tse di bololelang lefatshe la bokone di fitlhisa Mowa wa me mo lefatsheng la bokone.”
Taelo ya gore Jošua wa moperesiti yo mogolo a nne kgosi
9 Ke fa Lefoko laMorenale ntlela le re:
10 “Amogela mo go Heletai le mo go Tobia le mo go Jetaya tse di tswang mo batshwarwing, o tsamae kajeno, o tsene mo ntlong ya ga Josia, morwa Sefanya, kwa ba gorogetseng teng, ba tswa kwa Babele;
11 o amogele selefera le gouta, o dire serwalo sa bogosi, o se rwese Jošua mo tlhogong, e leng moperesiti yo mogolo, morwa Josatake,
12 o mo ree o re: ‘Morenawa masomosomo o bua jaana a re: Bona, go tla monna yo leina la gagwe e leng Letlhogela, o tla tlhoga mo bonnong jwa gagwe, a aga Tempele yaMorena.
13 Ee, ene o tla aga Tempele yaMorena, Ene o tla bona tlotlego e kgolo, a nna mo sedulong sa gagwe sa bogosi, a busa; le gona o tla nna moperesiti a le mo sedulong sa gagwe sa bogosi, mme go tla nna kutlwano ya kagiso fa gare ga bogosi le boperesiti.
14 Mme serwalo se tla nna mo Tempeleng yaMorenagore e nne segopotso sa ga Heletai le Tobia le Jetaya le sa bopelontle jwa morwa Sefanya.’ ”
15 Mme ba ba kwa kgakala ba tla tla, ba lo thusa go aga Tempele yaMorena, mme lo tla itse gore,Morenawa masomosomo o nthomile mo go lona. Go tla dirafala jalo, fa lo utlwa lentswe laMorena, Modimo wa lona, ka tlhokomelo.