Baruti ba maaka
1 Baratwi, lo se ka lwa dumela mowa mongwe le mongwe, mme lo leke mewa gore a e tswa mo Modimong; gonne baporofeti ba bantsi ba maaka ba bololetse mo lefatsheng.
2 Se lo tla itseng Mowa wa Modimo ka sona ke se: Mowa mongwe le mongwe o o ipolelang Jesu Keresete yo o tsileng mo nameng, ke o o tswang mo Modimong.
3 Mme mowa mongwe le mongwe o o sa ipoleleng Jesu Keresete yo o tsileng mo nameng, ga o tswe mo Modimong, mme ke ona mowa wa moganetsa-Keresete o lo utlwileng gore o e tla, mme jaanong o setse o le mo lefatsheng.
4 Lona banaka lo ba Modimo, mme lo ba fentse; gonne yo o mo go lona o mogolo bogolo go yo o mo lefatsheng.
5 Bone ke ba lefatshe, ke ka ntlha ya moo ba buang tsa lefatshe, le gona lefatshe le a ba utlwa.
6 Rona re ba Modimo. Yo o itseng Modimo o a re utlwa; yo e seng wa Modimo ga a re utlwe. Ke sona se re itseng Mowa wa boammaaruri le mowa wa timelo ka sona.
Modimo ke lorato. Ka ga go rata Modimo le batho
7 Baratwa, a re rataneng; gonne lorato lo tswa Modimong, mme mongwe le mongwe yo o nang le lorato o tsetswe ke Modimo, e bile o itse Modimo.
8 Yo o se nang lorato, ga a a ka a itse Modimo; gonne Modimo ke lorato.
9 Lorato lwa Modimo lo bonetse mo go rona ka gore Modimo o rometse Morwaa-ona mo lefatsheng yo o tsetsweng a le esi, gore re tshele ka ene.
10 Lorato lo ntse jaana: Ga se rona re ratileng Modimo, mme ke ona o ratileng rona, wa romela Morwaa-ona go nna thuanyo ya maleo a rona.
11 Baratwa, fa Modimo o re ratile go le kalokalo, le rona re tshwanetse go ratana.
12 Ga go ope yo o kileng a bona Modimo. Fa re ratana, Modimo o nna mo go rona, le lorato lwa one lo tletse mo go rona.
13 Se re itseng ka sona gore re nna mo go ona, le ona mo go rona, ke fa o re abetse Mowa wa ona.
14 Re bonye, re bile re supa gore Rara o rometse Morwawe go nna Mopholosi wa lefatshe.
15 Mongwe le mongwe yo o ipolelang gore Jesu ke Morwa Modimo, Modimo o nna mo go ene, le ene mo Modimong.
16 Mme re itsile, ra ba ra dumela lorato lo Modimo o re ratang ka lone.
Modimo ke lorato, mme yo o nnang mo loratong o nna mo Modimong, le Modimo o nna mo go ene.
17 Se lorato lo diregileng botlalo mo go rona ka sona ke sa go re, re tle re nne le namatshego ka letsatsi la katlholo; gonne mo lefatsheng leno re tshwana le ene.
18 Poifo ga e yo mo loratong; lorato lo lo tletseng lo lelekela poifo kwa ntle, ka gonne poifo e na le petso, mme yo o boifang ga a a tlala mo loratong.
19 Rona re a o rata; gonne ona o re ratile pele.
20 Fa motho a re: “Ke rata Modimo,” mme a tlhoile morwa-rraagwe, ke moaki; gonne yo o sa rateng morwa-rraagwe yo a mmonyeng, a ka rata Modimo jang o a iseng a o bone?
21 Mme taolo e re e amogetse mo go ona e e reng: Yo o ratang Modimo a a rate le morwa-rraagwe.