1 Bonang, ke lorato lo lo ntseng jang ne, lo Modimo Rara o re ratileng ka lone gore re bidiwe bana ba Modimo! Mme tota re bone. Ke ka moo lefatshe le sa re itseng, ka gonne ga le a ka la itse ene.
2 Baratwi, jaanong re bana ba Modimo mme ga go ise go bonatsege gore re tla nna jang. Mme re itse gore fa a sena go bonatsega, re tla tshwana nae; gonne re tla mmona jaaka a ntse.
3 Mongwe le mongwe yo o nang le tsholofelo eo mo go ene o a iitshekisa jaaka ene a itshekile.
4 Mongwe le mongwe yo o dirang boleo o a siamolola; boleo ke jona tshiamololo.
5 Mme lo itse gore ene o bonetse gore a tlose boleo, mme mo go ene ga go na boleo.
6 Mongwe le mongwe yo o ntseng mo go ene ga a leofe; mongwe le mongwe yo o leofang ga a ise a mmone, le fa e le go mo itse.
7 Banaka, se timediweng ke ope; yo o dirang tshiamo ke mosiami, jaaka ene e le mosiami.
8 Yo o dirang boleo ke wa ga Diabolo; gonne Diabolo o ntse a leofa go tswa tshimologong. Se Morwa Modimo o se bonatsegetseng ke go senya ditiro tsa ga Diabolo.
9 Mongwe le mongwe yo o tsetsweng ke Modimo ga a dire boleo, ka gonne peo ya ona e ntse mo go ene, mme o palelwa ke go leofa, ka a tsetswe ke Modimo.
10 Ke sona se go bonalang ka sona ba e leng bana ba Modimo le ba e leng bana ba ga Diabolo; mongwe le mongwe yo o sa direng tshiamo ga se wa Modimo, le ene yo o sa rateng modumedi-ka-ene o ntse jalo.
11 Gonne molaetsa o lo sa leng lo o utlwa go tloga tshimologong ke wa gore re ratane;
12 e seng jaaka Kaine yo e neng e le wa yo-o-bosula, a bolaya monnawe. Mme o mmolaetseng? E ne e le ka ditiro tsa gagwe di le bosula, mme tsa ga monnawe di siame.
13 Ba ga etsho, se gakgamaleng, fa lefatshe le lo tlhoa.
14 Re itse gore re dule mo losong, ra tsena mo bophelong, ka re rata badumedi-ka-rona. Yo o sa rateng modumedi-ka-ene o setse mo losong.
15 Mongwe le mongwe yo o tlhoileng morwa-rraagwe ke mmolai, mme lo itse gore ga go mmolai ope yo botshelo jo bo sa khutleng bo ntseng mo go ene.
16 Se re itsileng lorato ka sona ke fa ene a re beetse bophelo jwa gagwe; le rona re tshwanetse go beela bomorwa-rraarona maphelo a rona.
17 Mme le fa e le mang yo o nang le tsa botshelo jwa lefatshe, mme a fitlhela morwa-rraagwe a tlhoka, a ba a mo hutela pelo, lorato lwa Modimo lo ka nna jang mo go ene?
18 Banaka, a re se rateng ka lefoko, le fa e le ka loleme, mme a e nne ka tiro le ka boammaaruri.
19 Se re tla itseng ka sona gore re ba boammaaruri, e bile re ka gomotsa dipelo tsa rona fa pele ga ona ka sona,
20 ke fa e re dipelo tsa rona di re atlhola, re re: Modimo o mogolo go feta dipelo tsa rona, o bile o itse tsotlhe.
21 Baratwi, fa dipelo tsa rona di sa re atlhole, re a be re na le nametsego mo Modimong.
22 Mme le fa e le eng se re se kopang, re se amogela mo go ona, ka re tshegetsa ditaolo tsa ona, re dira tse di natefang fa pele ga ona.
23 Taolo ya one ke ya gore re dumele mo leineng la ga Morwaa-ona, Jesu Keresete, re be re ratane ka fa taolong e o e re neetseng.
24 Mme yo o dirisang ditaolo tsa ona o nna mo go ona, le ona o nna mo go ene; mme se re itseng ka sona gore o nna mo go rona, ke ka Mowa o re o neilweng ke ona.