Go latlhega basiamolodi ba ba itumelelang maaka
1 A tatlhego ya bone wee, ba ba akanyang tsa bokgopo, ba ba logang maano a a bosula mo malaong a bone; e re bosigo bo sa, ba bo dire ka thata e le mo diatleng tsa bone.
2 Fa ba eletsa masimo, ba a thukhutha, gongwe matlo, ba a a tsaya; ba gatelela monna le ntlo ya gagwe, ee, monna le boswa jwa gagwe.
3 Ke ka mooMorenaa buang jaana a re: “Bonang, ke akanyetsa losika lo tatlhego e lo sa ka keng lwa somola melala ya lone mo go yona. Ga lo ka ke lwa tlhola lo tsamaya lo inamologile, ka e tla bo e le sebaka se se bosula.
4 Ka letsatsi leo ba tla tlhaba sefela sa tshotlo ka ga lona, ba opela sefela sa khutsafalo ba re:
“ ‘Go dirafetse, re gateletswe ruri.
Kabelo ya morafe wa me
Modimo o dira ba bangwe
beng ba yona.
O e tlosa jang mo go nna!
O abela baikepi
masimo a rona.’ ”
5 Ka moo ò tla bo o se na ope mo phuthegong yaMorenayo o go lekanyetsang boswa ka mogala.
6 Ba rera ba re: “Lo se ka lwa rera! Mafoko a, ga a tshwanela go rerwa; kgobo ga e na go re wela.
7 Ba ntlo ya Jakobe, a go ka bodiwa ga twe: ‘AMorenao fedile pelo? Gongwe a ke tsona ditiro tsa gagwe!’ ” – “A ga ke re, mafoko a gagwe a bopelonomi mo go yo o tsamayang ka tshiamo?
8 “Mme morafe wa me o tsogile jaaka mmaba e sa le maabane; gonne ba ba iphetelang ba iketlile, ba se na sepe le ntwa, lo ba rutlile kobo mo diaparong.
9 Basadi ba morafe wa me lo ba lelekile mo malapeng a ba a ratang; mokgabo o ke o fileng bana ba bone lo o ba amogile ka bosakhutleng.
10 Lo re: ‘Tlogang lo tsamae, gonne fano ga go na boikhutso!’ Ka ntlha ya boitshekologo lo tla nyelediwa ka nyelelo e e sa foleng.
11 Fa monna a ka latela phefo, a tsietsa, a aka a re: ‘Ke tla go rerela go nwa weine le bojalwa’ – e ka nna ene moreredi wa morafe o.
12 “Ruri, ke tla phutha ba ga eno botlhe, Jakobe; ruri, ke tla kgobokanya masalela a Iseraele; ke ba kopanya jaaka dinku di tlhatlhelwa mo lesakeng, jaaka motlhape mo gare ga mafulo a ona. Go tla utlwala modumo wa bontsi jwa batho.”
13 Mmetla-tsela o tla bolola, a ba etelela pele; ba tla sutlha, ba tsena ka kgoro, ba tswa ka yona. Mme Kgosi ya bone e tla ba etelela pele, mmeMorenaa le tlhogo ya bone.