MIGA 1

1 Lefoko laMorenale le tsileng kwa go Miga wa kwa Morešethe mo malatsing a ga Jothame le Ahase le Hesekia, dikgosi tsa Juta, la tse o di bonyeng ka ga Samaria le Jerusalema.

Katlholo ka ga Samaria le Jerusalema

2 Utlwang, lona merafe yotlhe!

Tlhokomela, wena lefatshe,

le lona dilo tse di mo go lone!

Morena Modimo o tla supa

ka ga lona,

Morena a le mo Tempeleng

e e Boitshepo ya gagwe.

3 Gonne bonang,Morena

o tla tswa mo felong ga gagwe,

a fologa, a gata mafelo

a a kwa godimo a lefatshe.

4 Dithaba di tla gakologa

fa tlase ga gagwe,

mabala a phatloga

jaaka mmotu mo molelong

le jaaka metsi a a fologang

mo thabeng.

5 Tsotlhe tse, di tla ka ntlha ya boikepo jwa Jakobe le ka ntlha ya maleo a Baiseraele. Ke mang yo o leofisitseng Jakobe? A ga se Samaria? Dithota tsa tlhabelo tsa Juta di tswa kae? A ga di tswe kwa Jerusalema?

6 “Ka moo ke tla dira Samaria marope a naga le tshimo fa ditlhare tsa moweine di tlhongwang teng; ke kgokolosetsa mafika a teng kwa leboeng, ke senola metheo ya teng.

7 Medimo ya diseto yotlhe ya teng e tla thubaganngwa; dituelo tsotlhe tsa boaka tsa teng di tla fisiwa ka molelo; medimo yotlhe ya ditshwantsho ya teng ke tla e senya; gonne o di phuthile e le tuelo ya seaka, di tla ba di fetoga tuelo ya seaka gape.”

8 Ka ntlha ya moo ke rata go hutsafala le go lela, ke rata go tsamaya, dinao di sa rwesiwa, ke sa apara; ke rata go lela jaaka diphokojwe le go hutsafala jaaka bontlokwe.

9 Gonne dintho tsa teng tsa kotlo yaMorenaga di na go fola, ka di fetetse kwa Juta, di fitlhile kwa kgorong ya morafe wa ga etsho, kwa Jerusalema.

Baba ba a atamela

10 Se itsiseng kwa Gathe,se leleng mo Ako, ipidikanyeng mo loroleng kwa Bethe-Leafera.

11 Hudugang, lona baagi ba Safire, lo le bosaikatega jo bo tlhabisang ditlhong! Baagi ba Saananega ba tswe. Khutsafalo e mo Bethetshele: Mmaba o ikemisa go simolola kwa go lona.

12 Ruri, baagi ba Marotheba lelela tse di monate; gonne tatlhego e fologile moMoreneng, ya fitlha kwa dikgorong tsa Jerusalema.

13 Baagi ba Lagiše, golegelang dipitse tse di lobelo mo koloing! Motse o, o simolotse go leofisa morwadia Sione; gonne go fitlhetswe ditiro tsa boikepo tsa Iseraele mo go lona.

14 Ka moo o na le go ntshetsa Morešethe-Gathelokwalo lwa tlhalo. Matlo a Agesibea tla aketsa dikgosi tsa Iseraele.

15 Baagi ba Mareša, ke tla ba ke fitlhisa mothopi kwa go lona. Ba ba tlotlegang mo go Iseraele ba tla fitlha kwa Adulame.

16 Ipeole o itire lefatla ka ntlha ya bana ba ba go natefelang; atlhamolosa lefatla la gago jaaka la lenong, gonne ba tlositswe mo go wena e le batshwarwi.