JONA 4

Ngongorego ya ga Jona. Kutlwelo-botlhoko ya Modimo

1 Mme Jona a kgopisega thata, a ngala,

2 a rapelaMorenaa re: “Ao,Morena, a ga ke a re jalo ke sa le mo lefatsheng la ga etsho? Ke ka moo ke neng ke itlhaganela go tshabela kwa Tharesise. Kana ke ne ke itse gore ò Modimo o o boitshwarelo le kutlwelo-botlhoko, o o bopelotelele le bopelotlhomogi jo bogolo, o o busang pelo mo bogaleng.

3 JaanongMorena, a ko o tlose mowa wa me mo go nna; gonne mo go nna go swa go molemo bogolo go go phela.”

4 Ke faMorenaa re: “A ò a re ò tuka bogale ka tshwanelo?”

5 Mme Jona a tswela kwa ntle ga motse, a nna fa fatshe mo ntlheng ya botlhabatsatsi ya motse; a itirela leobo gona, a nna fa tlase ga lone mo moriting go ya go fitlhelela a bone se se tla dirafalelang motse.

6 Ke faMorenaa tlhogisa mokhure gore o okame Jona, o mo direle moriti mo tlhogong, o mo tlose mo ngalong ya gagwe. Mme Jona a itumelela mokhure oo thata thata.

7 Jaanong ya re mahube a tlhatloga mo letsatsing la ka moso, Modimo wa laela seboko; sona sa fetlha mokhure oo, wa ba wa swaba.

8 Ya re letsatsi le tswa, Modimo wa fokisa phefo e e bolelo ya botlhabatsatsi; ke fa letsatsi le tlhaba Jona mo tlhogong, a ba a nyema moko, a kopela mowa wa gagwe go swa a re: “Mo go nna go swa go molemo bogolo go go phela.”

9 Mme Modimo wa raya Jona wa re: “A ò a re ò tuka bogale ka tshwanelo ka ntlha ya mokhure?”

A araba a re: “Ke tla tuka bogale ka tshwanelo go fitlha losong.”

10 La bofeloMorenaa re: “Wena ò tlhomogela mokhure pelo o ò sa itapisang ka ntlha ya ona, o ò sa o godisang. O godile mo bosigong bo le bongwe, wa ba wa nyelela mo bosigong bo le bongwe.

11 Mme nna a ga ke a tshwanela go tlhomogela Ninife pelo, yo e leng motse o mogolo, o o nang le batho ba ba fetang 120 000 ba ba sa itseng go farologanya letsogo le le jang le la molema, le diphedi di le dintsi?”