AMOSE 5

Pegelo ya boraro ya kotlo: Selelo ka ga Iseraele

1 Utlwang lefoko la sefela sa selelo se ke lo lelelang ka sona, lona Baiseraele, ke re:

2 “Lekgarebe la Iseraele le ole,

ga le kitla le tlhola le tsoga;

le namaletse mo lefatsheng

la lone,

ga go na yo o ka le tsosang.”

3 Gonne Morena Modimo o bua jaana a re: “Motse wa Baiseraele o go tswang ba le sekete o tla salelwa ke ba le lekgolo fela; o go tswang ba le lekgolo o tla salelwa ke ba le some fela.”

4 GonneMorenao bua jaana le Baiseraele a re: “Mpatleng, foo lo tla phela!

5 Se batleng Bethele, se tseneng kwa Gilegala, se feteleng kwa Bereseba; gonne Gilegala o tla thopiwa, a isiwa mo botshwarong, mme Bethele o tla fetoga lefelafela.”

6 BatlangMorena, foo lo tla phela; e se re gongwe a tlhasela ntlo ya Josefa jaaka molelo o o jang, go se yo o ka o timelang Iseraele;

7 lona ba lo fetolang katlholo longana, ba lo digelang tshiamo fa fatshe!

8 Yo o dirang Selemela

le Dikolobe,

yo o fetolang lefifi moso,

a ba a fifatsa motshegare bosigo,

yo o bitsang metsi a lewatle,

a a tshela mo lefatsheng:

Leina la gagwe keMorena.

9 O ratha ba ba thata ka tshenyego

jaaka tladi;

tshenyego e tla wela metse

e e femetsweng.

10 Ba tlhoile yo o emelang tshiamo mo lekgotleng, ba tenwa ke yo o buang nnete.

11 Ka moo e re ka lo gatelela mohumanegi, lo amogela lekgetho la mabele mo go ene, ga lo kitla lo nna mo matlong a lo a agileng ka mafika a a betlilweng; ga lo kitla lo nwa weine ya masimo a mantle a ditlhare tsa moweine tse lo di tlhomileng.

12 Gonne ke a itse, ditlolo tsa lona di dintsi, le maleo a lona a a boitshega, ba lo ilang mosiami, lo amogela madi a thelesetso, lo gatelela mohumanegi mo lekgotleng.

13 Ka moo, yo o nang le tlhaloganyo o tla didimala ka sebaka seo; gonne ke sebaka se se boitshegang.

14 Batlang tse di molemo, e seng tse di bosula, gore lo tle lo phele, mmeMorena, Modimo wa masomosomo, a tle a nne le lona jaaka lo a tle lo bue.

15 Tlhoang tse di bosula, ratang tse di molemo, dirang tshiamo mo lekgotleng; ka gongweMorena, Modimo wa masomosomo, o tla utlwela masalela a ga Josefa botlhoko.

16 Ka moo, Morena, Modimo wa masomosomo,Morenao bua jaana a re: “Go selelo mo dipatlelong tsotlhe; mo ditseleng tsotlhe ba bua ba re: ‘Joo, rona wee!’ Ba biletsa balemi khutsafalong; ba ba itseng difela tsa khutsafalo ba bilediwa selelong.

17 Le gona go tla nna selelo mo masimong otlhe a moweine, mogang ke ralalang mo gare ga lona,” go buaMorena.

18 A tatlhego ya bone wee, ba ba eletsang letsatsi laMorena! Kana letsatsi laMorenale tla nna jang mo go lona? Le tla nna lefifi, e seng lesedi!

19 Go tla nna jaaka fa monna a tshaba tau, mme a kgatlhana le senonnori; gongwe a tshabela mo ntlong, a ikaega ka seatla mo loboteng, mme noga e mo loma.

20 “A ga ke re, letsatsi laMorenale tla nna lefifi, e seng lesedi; le tla nna bontsho, le se na phatsimo!

21 “Ke tlhoile meletlo ya lona, ke a e nyatsa; ga ke rate monkgo wa dikgobokano tsa lona.

22 Gonne le fa lo mphisetsa ditlhabelo le ditshupelo tsa dijo tsa lona, ga di nkgatlhe, le setlhabelo sa tebogo sa dinamane tse di nonneng tsa lona ke gana go se bona.

23 Tlosang tlhodio ya difela tsa lona mo go nna; ga ke rate go utlwa melodi ya diletso tsa lona.

24 Mme katlholo e tla phothosela jaaka metsi, le tshiamo jaaka noka e e sa kgaleng.

25 “A e rile fa lo le kwa sekakeng dinyaga di le 40, lwa ntlisetsa ditlhabelo le ditshupelo tsa dijo, lona Baiseraele?

26 Lo tla rwala Sikhuthe, kgosi ya lona, le Kewane wa naledi, ditshwantsho tsa medimo ya lona tse lo di itiretseng,

27 mme ke tla lo isa botshwarong kgakala go feta Damaseko,” go bua yo leina la gagwe e lengMorena, Modimo wa masomosomo.