1 Utlwang lefoko le, lona dikgomo tse dinamagadi tsa Basane tse di mo thabeng ya Samaria; lona ba lo gatelelang batlhoki, ba lo pitlaganyang bahumanegi, ba lo rayang beng ba lona lo re: “Tlisang re nwe!”
2 Morena Modimo o ikanne ka boitshepo jwa gagwe gore: “Malatsi a tla lo tlela a ba tla lo tlosang ka ona ka dikobe, le ba ba setseng mo go lona ka dikobe tsa motshwara-ditlhapi.
3 Lo tla tswa lo gapilwe, mosadi mongwe le mongwe a tlhamaletse fela kwa a isiwang teng, lo latlhelwa kwa Haremona,” go buaMorena.
Baiseraele ba tlhoka go ithuta
4 “Tlayang kwa Bethele, lo leofe, le kwa Gilegala, lo leofele pele; tlisang ditlhabelo tsa lona mo mesong yotlhe, le dikarolo tsa bosome tsa lona ka letsatsi la boraro lengwe le lengwe.
5 Tshubang he tshupelo ya tebogo ya tse di bedisitsweng, lo tlhabe mokgosi wa ditlhabelo tse di ntshiwang ka bopelotshweu, lo di bege; gonne ke se lo se ratang, lona Baiseraele,” go bua Morena Modimo.
6 “Jaanong le fa ke lo nnisitse ka legano le se botlhoko mo metseng yotlhe ya lona, ka lo tlhokisa dijo mo mafelong otlhe a lona, ga lo a ka lwa boela kwa go nna,” go buaMorena.
7 “Le fa ke lo ganetse ka pula, ka go sa le dikgwedi di le tharo go fitlha thobong, ka e nesetsa motse mongwe, mme ka se ka ka e nesetsa motse o mongwe; tshimo nngwe ya nesediwa pula, mme tshimo e ke sa e nesetsang pula, ya swaba.
8 Le fa ba metse e mebedi gongwe e meraro ba ne ba totobela kwa motseng o le mongwe gore ba nwe metsi, mme ba se ka ba nyorologa, ga lo a ka lwa boela kwa go nna,” go buaMorena.
9 “Ke lo beditse ka phori le ka mongadule mo mabeleng; le gona tsie e jele masimo a lona le masimo a meweine a lona le ditlhare tsa difeie le tsa diolefa tsa lona gantsi, mme ga lo a ka lwa boela kwa go nna,” go buaMorena.
10 “Ke rometse leroborobo mo go lona jaaka kwa Egepeto, ka bolaya makau a lona ka tšhaka; dipitse tsa lona tsa thopiwa, ka tlhatlosa sebodu sa bothibelelo jwa lona, sa ba sa lo nkgela mo dinkong tsa lona, mme ga lo a ka lwa boela kwa go nna,” go buaMorena.
11 “Ke ne ka ribegetsa bangwe ba lona jaaka Modimo o kile wa ribegetsa Sotoma le Gomora, lwa nna jaaka motswaiso o o swatotsweng mo molelong; mme ga lo a ka lwa boela kwa go nna,” go buaMorena.
12 “Ke ka moo ke tla lo direlang jaana, lona Baiseraele; jaanong e re ka ke tla lo direla jaana, iketleeletseng go kgatlhantsha Modimo wa lona, lona Baiseraele.”
13 Gonne bonang,
ene yo o bopang dithaba,
a tlhola phefo,
a itsise batho
maikaelelo a gagwe,
a dira mahube le lefifi,
a gata mo mafelong
a a kwa godimo a lefatshe:
Leina la gagwe keMorena
Modimo wa masomosomo.