JOELE 2

Tsie ke setshwantsho sa batlhabani

1 Letsang lonaka mo Sione,

opang mokgosi mo thabeng

e e boitshepo ya me,

lo rorome,

baagi botlhe ba lefatshe;

gonne letsatsi laMorenale e tla,

le gaufi.

2 Ke letsatsi la lefifi, la bontsho,

ke letsatsi la maru le mouwane;

morafe o e tla jaaka mahube a a

adilweng mo godimo ga dithaba,

ke morafe o mogolo o o thata.

Ga go ise go nne teng

o o tshwanang

le ona go tswa bogologolo.

Le gona ga go kitla go nna

le o o tshwanang le ona go fitlha

dinyageng tsa ditshika tsotlhe.

3 O etelelwa pele ke molelo

o o jang,

o latelwa ke kgabo e e tukang;

lefatshe le tshwana le tshimo

ya Etene fa pele ga ona,

mme fa morago ga ona go sekaka

fela se se tobekanyeng.

Le gona ga go na sepe

se se ka falolang mo go ona.

4 Tebego ya ona e tshwana

le ya dipitse;

ba bile ba siana jaaka dipitse

tse di palangwang.

5 Ba tlola mo ditlhoeng

tsa dithaba,

ba utlwala jaaka dikoloi

tse di kgothoselang

le jaaka kgabo ya molelo

o o tutumang, fa o ja dirite,

le jaaka morafe o o thata

o o iketleeleditseng tlhabano.

6 Merafe e roroma ka tlalelo

fa pele ga ona,

difatlhego tsotlhe di tlhontse.

7 Ba tla taboga jaaka diganka,

ba palama lobota lwa motse

jaaka batlhabani,

ba tsamaya, mongwe le mongwe

mo tseleng ya gagwe,

ba sa fapoge mo mebileng

ya bona.

8 Ga ba thulane ba a tsamaya,

mongwe le mongwe

mo mmileng wa gagwe;

ba a tlhasela, ba ralala marumo,

ba ntse ba tlhomaganye.

9 Ba wela motse,

ba siana godimo ga lobota,

ba palama matlo,

ba tsena ka difenstere

jaaka legodu.

10 Lefatshe le roroma

fa pele ga bona,

magodimo a a tetesela;

letsatsi le ngwedi di a fifala,

dinaledi di gonyetsa

phatsimo ya tsona.

11 MmeMorenao dumisa kodu

ya gagwe fa pele ga lesomo

la ntwa la gagwe;

gonne lesomo la ntwa la gagwe

le legolo thata.

Ee, yo o dirafatsang lefoko

la gagwe o thata;

gonne letsatsi laMorena

le legolo,

le boitshega thata.

Ke mang yo o ka le itshokelang?

Baiseraele ba bilediwa boikwatlhaong

12 MmeMorenaa re:

“Le jaanong

boelang kwa go nna

ka bojotlhe jwa pelo tsa lona,

le ka go itima go ja le ka selelo

le ka khutsafalo.”

13 Ikgagoleng dipelo,

e seng diaparo,

lo tlhabologele kwaMoreneng,

Modimo wa lona;

gonne ene o boitshwarelo

le kutlwelo-botlhoko;

o pelotelele le lorato lo logolo,

mme o a tle a buse

bogale jwa gagwe.

14 Go itse mang,

ka gongwe o tla bo busa gape,

a tlogela lesego,

e leng dijo le dino

tse di supelwangMorena,

Modimo wa lona.

15 Letsang lonaka mo Sione,

bayang sebaka sa go itima go ja,

bitsang phuthego!

16 Phuthang morafe,

itshepiseng phuthego,

phuthang banna bagolo,

kgobokanyang bana

le ba ba anyang!

Monyadi a a tswe

mo ntlwaneng ya gagwe

le monyalwa

mo borobalong jwa gagwe!

17 A baperesiti,

badiredi baMorena,

ba lele fa gare ga mathudi

le aletare!

A ba rapele ba re: “Morena,

rekegela morafe wa gago!

O se ka wa tlhabisa boswa

jwa gago ditlhong

gore ditšhaba di se ka tsa bo opela

dipina tsa tshotlo!

Kana ba tla bo ba buelang

mo merafeng ba re:

‘Modimo wa bona o kae?’ ”

18 Ke faMorenaa tlhoafalela

lefatshe la gagwe,

a rekegela morafe wa gagwe.

19 MmeMorenaa araba,

a raya morafe wa gagwe a re:

“Bonang, ke tla lo romela mabele

le matute a moweine

le lookwane,

mme lo tla kgora ka tsona.

Ga nkitla ke tlhola ke lo tlhabisa

ditlhong mo ditšhabeng.

20 “Mme mmaba

yo o tswang kwa bokone

ke tla mo kobela kgakala le lona,

ke mo lelekela kwa lefatsheng

le le omileng la sekaka;

tlhogo ya gagwe

kwa lewatleng la botlhabatsatsi

le mogatla wa gagwe

kwa lewatleng la bophirimatsatsi.

Monkgo o o maswe wa gagwe

o tla tlhatloga,

sebodu sa gagwe se tla utlwala;

gonne o ne a ikgantsha

ka ditiro tsa gagwe.

21 “Se boife, wena naga!

Duduetsa o itumele;

gonne tse dikgolo

di dirwa keMorena.

22 Se boifeng,

lona diphologolo tsa naga!

Gonne mafulo a naga

a tla tlhoga,

ee, le ditlhare di tla ungwa

maungo a tsona.

Setlhare sa feie le sa moweine

di tla ungwa

ka fa thateng ya tsona.

23 “Le lona, bana ba Sione,

duduetsang lo itumele

moMoreneng, Modimo wa lona;

gonne o tla lo naya moruti

yo o lo rutang tshiamo;

a lo nesetsa pula,

pula ya ntlha le ya kgogolamoko

jaaka mo metlheng ya pele.

24 Diboana di tla tlala mabele,

ditlhotlhelo di penologa matute

a moweine le lookwane.

25 Ke tla lo busetsa tsa dinyaga

tsele tse di jelweng ke boijane

le segongwane le molome le tsie,

e leng lesomo le legolo la me

le ke neng ke le rometse

kwa go lona.

26 “Mme lo tla ja letlotlo, lo kgora;

lo tla baka leina laMorena,

Modimo wa lona, yo o dirileng

tse di gakgamatsang mo go lona,

mme batho ba me ga ba nke

ba tlhajwa ke ditlhong

ka bosakhutleng.

27 Mme lo tla itse gore,

nna ke mo gare ga Iseraele,

le gore ke nnaMorena,

Modimo wa lona,

go se ope o sele!

Mme batho ba me

ga ba nke ba tlhajwa ke ditlhong

ka bosakhutleng.”

Letsatsi la Morena

28 “Morago ga moo ke tla tshela

Mowa wa me

mo bathong botlhe.

Bomorwaa-lona le bomorwadia-lona

ba tla bolela

Lefoko la Modimo;

banna bagolo ba lona

ba tla lora ditoro,

makau a lona a tla bona dipono.

29 Le gona ke tla tshela Mowa

wa me mo batlhankeng

le mo malateng mo metlheng eo.

30 “Ke tla dira dikgakgamatso

kwa legodimong

le mo lefatsheng,

e leng madi le molelo

le dipinagare tsa musi.

31 Letsatsi le tla fetoga lefifi,

ngwedi o tla fetoga madi,

go ise go tle letsatsi laMorena

le legolo, le le boitshegang.

32 Mme mongwe le mongwe

yo o tla bitsang leina laMorena

o tla pholosiwa.

Gonne go tla nna pholoso

mo thabeng ya Sione

le mo Jerusalema

jaakaMorenaa buile,

le mo go ba ba falotseng

baMorenao ba bitsang.