Boikanyologo jwa Eferaime le Juta
1 “Eferaime o ntikanyeditse ka maaka le ba ntlo ya Iseraele ka tsietso. Juta le ene o sa ntse a kgarakgatshega ka boitaolo fa pele ga Modimo, ee, fa pele ga Moitshepi yo o ikanyegang.
2 Eferaime o ikanya phefo, o latela phefo e kgolo ya botlhabatsatsi. O tlhola a ntsifatsa maaka le kgatelelo. Ba dira kgolagano le Asiria, lookwane lo isiwa kwa Egepeto.”
3 Morenao na le kgang le Juta, o tla betsa Jakobe ka ntlha ya ditsela tsa gagwe, a mmusolosa ka fa ditirong tsa gagwe.
4 Jakobe o ne a tshwara mogolowe mo seretheng a sa le mo mmeleng wa ga mmaagwe, a kampana le Modimo ka thata ya gagwe ya bonna.
5 Ee, a kampana le moengele, a mo fenya a lela, a ba a mo rapela, a kopa boitshwarelo. O mo fitlhetse kwa Bethele, teng koo o buile le rona.
6 MmeMorena, Modimo wa masomosomo, leina la gagwe le le tumileng keMorena.
7 Mme wena, boela Modimong wa gago, o dirise lorato le tshiamo, o solofele mo Modimong wa gago ka tlhomamo.
Mafoko a mangwe a katlholo
8 Jakobe o na le sekale se se tsietsang, o rata go patika jaaka Kanana.
9 Eferaime a re: “Ruri, ke humile, ke iponetse khumo; mo go tsotlhe tse ke di bapetseng ga go nke go fitlhelwa molato ope mo go tsona o e leng boleo.”
10 “Mme nna keMorena, Modimo wa gago, go tloga kwa lefatsheng la Egepeto. Ke tla go nnisa gape mo ditenteng jaaka mo malatsing a moletlo.
11 “Ke buile le baporofeti, ka ntsifatsa dipono, ka bua ka ditshwantsho ka melomo ya baporofeti.
12 Fa ba Gileate e le baikepi, ruri, ba tla latlhega; fa ba dira dipoo ditlhabelo mo Gilegala, dialetare tsa bone le tsona di tla fetoga mekoa ya matlapa mo meseleng ya tshimo.”
13 Jakobe ene o kile a tshabela kwa nageng ya Siria, Iseraele a dira ka ntlha ya mosadi, a disa gore a bone mosadi.
14 MmeMorenao ntshitse Baiseraele kwa Egepeto ka moporofeti, mme ba disiwa ke moporofeti.
15 Eferaime o gakaditseMorenathata, mme Morena wa gagwe o tla digela melato ya polao ya gagwe mo go ene, a mmusolosetsa nyatso e o mo nyaditseng ka yona.