HOSEA 6

Boikwatlhao jwa morafe bo sa ntse bo belaetsa

1 “ ‘Tlayang, a re boeleng kwa goMorena, gonne ke ene yo o garotseng, mme o tla re fodisa; ke ene yo o iteileng, mme o tla re fapa.

2 O tla re rudisa morago ga malatsi a mabedi, a re tsosa ka letsatsi la boraro gore re phele fa pele ga gagwe.

3 A re itsengMorena, re tlhoafalele go mo itse. O tla tswa ruri jaaka mahube, a tla kwa go rona jaaka pula, le jaaka pula ya dikgakologo e e kolobisang lefatshe.’

4 “Nka go direlang, Eferaime? Nka go direlang, Juta? ka lorato lwa lona lo tshwana le mouwane wa masa, lo tshwana le monyo o o tlhotlhoregang e sa le phakela.

5 Ka lebaka le ke ba remile ka baporofeti, ka ba bolaya ka dipolelo tsa molomo wa me. Dikatlholo tsa me di tla tswa jaaka lesedi.

6 Gonne se se nkgatlhang ke lorato, e seng setlhabelo, le go itse Modimo bogolo go ditlhabelo tsa phiso.

7 “Mme bona ba sentse kgolagano mo motseng wa Atame; teng ba ntiretse ka boikanyologo.

8 Gileate ke motse wa basenyi, o tletse metlhala ya madi.

9 Lekoko la baperesiti le bolaela batho mo tseleng e e yang kwa Šegeme jaaka senokwane se se laletseng. Ee, ba dirile tse di tlhabisang ditlhong.

10 Mo ntlong ya Iseraele ke bonye se se boitshegang: Boaka bo teng mo go Eferaime, Iseraele o itladitse maswe.

11 “Le wena, Juta, o baakanyeditswe thobo, mogang ke busetsang batshwarwi ba morafe wa me kwa gae.