HOSEA 3

Bopelotelele jwa Modimo bo tla kgona batho ba ona

1 Morenaa nthaya a re: “Yaa gape o rate mosadi wa seaka yo o ratwang ke yo mongwe, jaakaMorenaa rata Baiseraele, le fa bone ba fapogela kwa medimong e sele, ba tshwakgotswe ke dinkgwenyana tsa maswabi a moweine.”

2 Jaanong ka mo ithekela ka diselefera di le 15 le ka kgetse e le nngwe ya garase le bontlhanngwe jwa yona.

3 Ka mo raya ka re: “Ntulele malatsi a mantsi! Se akafale, o se nne le monna ope! Le nna ke tla itshwara jalo ka ntlha ya gago.”

4 Gonne Baiseraele ba tla nna fela sebaka se seleele, ba se na kgosi, ba se na kgosana, ba se na setlhabelo, ba se na lentswe le le motloutlo, ba se na khiba ya boperesiti, ba se na medimo ya lelapa.

5 Morago ga moo Baiseraele ba tla tlhabologa, ba batlaMorena, Modimo wa bone, le Dafita, kgosi ya bone; mo sebakeng sa bofelo ba tla atamelaMorenale molemo wa gagwe ka thoromo.