Tumediso
1 Nna Simone Petoro, motlhanka le moapostolo wa ga Jesu Keresete, ke kwalela ba ba neilweng tumelo ya botlhokwa jaaka rona ka tshiamo ya Modimo wa rona le ya Mopholosi Jesu Keresete:
2 A bopelotlhomogi le kagiso di lo ntsifalele ka go itse Modimo le Jesu, Morena wa rona!
Kaelo ya go dirisa maitsholo a bokeresete
3 Kana ke thata ya gagwe ya bodimo e e re abetseng dilo tsotlhe tse di re direlang bophelo le poifo-Modimo, ka go itse ene yo o re biditseng ka kgalalelo ya gagwe le ka maatlametlo a gagwe.
4 Ka tsona o re abetse ditsholofetso tse di tlotlegang, tse dikgolo thata, gore lo nne le kabelo mo popegong ya bodimo ka go dumela tsona, lo sena go falola mo tshenyegong e e mo lefatsheng ka keletso.
5 Ka ntlha ya moo, tlhoafalang thata gore lo oketse tumelo ya lona ka maatlametlo, le maatlametlo ka kitso,
6 le kitso ka boitshwaro, le boitshwaro ka tshwarelelo, le tshwarelelo ka poifo-Modimo,
7 le poifo-Modimo ka go rata bakaulengwe, le go rata bakaulengwe ka go rata botlhe.
8 Gonne fa dilo tse, di le teng mo go lona, mme di ntse di ata, di tlosa botshwakga le botlhoka-leungo ntlheng ya go itse Morena wa rona Jesu Keresete.
9 Yo o tlhokang dilo tse o foufetse, ga a bonele kgakala, o bile o lebetse tlhapiso ya maleo a gagwe a pele.
10 Ka ntlha ya moo, ba ga etsho, tlhoafalang bogolo gore lo tlhomamise go bidiwa ga lona le go tlhaolwa ga lona; gonne fa lo dira jalo, ga lo kitla lo kgotšwa ka gope.
11 Gonne foo lo tla abelwa segolo go tsena mo pusong e e sa khutleng ya Morena wa rona Jesu Keresete, Morepholosi.
12 Ke ka ntlha ya moo ke ikaeletseng go lo gakolola dilo tseo ka gale, le fa lo di itse, lo bile lo tlhomamisitswe mo boammaaruring jo bo leng teng.
13 Mme ke fitlhela e le tshwanelo go lo kurusa ka kgakololo, ke sa ntse ke le mo motlaaganeng ono wa mmele;
14 ka ke itse gore motlaagana wa me o tla akofa o tlhomololwa ka fa le Morena wa rona Jesu Keresete a ntshenoletseng ka teng.
15 Mme ke tla tlhoafalela gore ka gale lo nne lo gakologelwe dilo tseo, le fa ke sena go tsamaya.
16 Gonne e rile re lo itsise thata ya Morena wa rona Jesu Keresete le go tla gape ga gagwe, ra bo re sa latele dinaane tse di rulagantsweng ka botlhale, mme re ne re le basupi ba ba bonyeng borena jwa gagwe.
17 Gonne o amogetse tlotlo le kgalalelo mo go Modimo Rara, jale fa lentswe le le ntseng jaana le tswa kgalalelong ya borena, le tla go ene le re: “Yoo ke Morwaake yo o rategang, yo o nkgatlhang.”
18 Lentswe leo re le utlwile le tswa legodimong, re na nae mo thabeng e e boitshepo.
19 E bile re na le lefoko la polelelopele le le tlhomameng bogolo, le lo tla bong lo dira sentle, fa lo le tlhokomela jaaka lobone lo lo phatsimang mo felong ga lefifi go ya bo be bo se, le naledi ya moso e be e tlhabe mo dipelong tsa lona,
20 ka lo itse bogolo gore ga go na polelelopele epe ya Lokwalo e e bolelwang ka tlhaloso ya boithatelo ya motho;
21 gonne ga go ise go ke go tle polelelopele ka go rata ga motho, mme batho ba ba boitshepo ba Modimo ba buile, ba tlhotlheleditswe ke Mowa o o Boitshepo.