HESEKIELE 37

Leboa la marapo a baswi

1 Seatla saMorenase ne sa nna mo go nna, mmeMorenaa nntshetsa kwa ntle ka Mowa wa gagwe, a nkemisa fa gare ga leboa; lone le ne le tletse marapo a baswi.

2 A a mpotolosa mo tikologong yotlhe, ka bona a le mantsi thata mo leboeng; le gona a omeletse thata.

3 A mpotsa a re: “Morwa-motho, a marapo a, a ka phela?”

Ka fetola ka re: “Morena Modimo, go itse wena.”

4 A ba a nthaya a re: “Rerela marapo a, ò a ree ò re: ‘Lona marapo a a omeletseng, utlwang Lefoko laMorena!’

5 Morena Modimo o bua jaana le lona marapo ao o a re: ‘Bonang, ke tla tsenya mowa mo go lona, mme lo tla phela.

6 Ke tla baya mesifa mo go lona, ke tlhogisa nama mo go lona, ke lo apesa letlalo, ke tsenya mowa mo go lona gore lo tle lo phele, lo be lo itse gore ke nnaMorena.’ ”

7 Ka rera jaaka ke laetswe. Ya re ke rera, ga utlwala modumo le mokgwasa; marapo a atamelana, lesapo kwa lesapong la mong wa lone.

8 Ka leba, ka bona mesifa e le mo go ona, le nama e tlhoga; le gona a apesiwa letlalo ka fa ntle, mme go se na mowa mo go ona.

9 A ba a nthaya a re: “Rerela mowa, rera, morwa-motho, ò ree mowa ò re: ‘Morena Modimo o bua jaana o a re: Wena mowa, tswaa kwa ntlheng tse nne, o budulegele babolawi ba gore ba phele!’ ”

10 Ka rera ka fa a ntaetseng ka teng, ke fa mowa o tsena mo go bone, ba phela, ba ema ka dinao, e le mophato o mogolo thata.

11 Ya baa gona a nthayang a re: “Morwa-motho, marapo a ke Baiseraele botlhe. Bona, ba bua ba re: ‘Marapo a rona a omeletse, tsholofelo ya rona e nyeletse, re fedile!’

12 Ka moo rera, ò ba ree ò re: ‘Morena Modimo o bua jaana o a re: Bonang, ke tla bula diphupu tsa lona, ke lo ntsha mo diphupung tsa lona, lona batho ba me, ke lo busetsa kwa lefatsheng la Iseraele.

13 Lo tla lemoga, fa ke leMorena, mogang ke bulang diphupu tsa lona, ke lo ntsha mo diphupung tsa lona, lona batho ba me.

14 Ke tla tsenya Mowa wa me mo go lona gore lo tle lo phele; ke tla lo baya kwa lefatsheng la lona, mme lo tla itse gore ke nnaMorenake buileng jalo, ka ba ka dira jalo.’ ” Go buaMorena.

Bogosi bo le bongwe jwa Bajuta le Baiseraele

15 Lefoko laMorenala ba la tla kwa go nna la re:

16 “Wena morwa-motho, tsaya thobane, ò kwale mo go yona ò re: ‘Ya ga Juta le ya Baiseraele ba ba gogang nae!’ O be ò tsee thobane e nngwe gape, o kwale mo go yona ò re: ‘Ya ga Josefa – thobane ya ga Eferaime – le ya Baiseraele botlhe ba ba gogang nae!’

17 O be ò di pataganye gore e nne thobane e le nngwe mo seatleng sa gago.

18 Jaanong e re batho ba morafe wa ga eno ba go botsa ba re: ‘A ga ò ka ke wa re bolelela gore ò kaya eng ka dilo tseo?’

19 ò ba arabe ò re: ‘Morena Modimo o bua jaana o a re: Bonang, ke tla tsaya thobane ya ga Josefa e e mo seatleng sa ga Eferaime le ditso tsa Iseraele tse di gogang nae, ke e kopanya le thobane ya ga Juta, ke di dira thobane e le nngwe fela gore tsone e nne thobane e le nngwe fela mo seatleng sa me.’

20 “Jaanong fa dithobane tse o kwalang mo go tsona di le mo seatleng sa gago fa pele ga matlho a bone,

21 ò ba ree ò re: ‘Morena Modimo o bua jaana wa re: Bonang, ke tsaya Baiseraele kwa ditšhabeng, kwa ba ileng teng, ke ba phutha mo ntlheng tsotlhe, ke ba busetsa kwa lefatsheng la bone.

22 Ke tla ba dira setšhaba se le sengwe fela mo lefatsheng la me le mo dithabeng tsa Iseraele. Kgosi e le nngwe fela e tla ba busa botlhe, e sa tlhole e le ditšhaba tse pedi. Le gona ga ba nke ba tlhola ba kgaogana go nna dipuso tse pedi.

23 Ga ba nke ba tlhola ba kgotlelega ka medimo e e maila ya bone le ka makgapha a bone le ka maleo otlhe a bone. Ke tla ba golola mo ditenegong tsotlhe tsa bone tse ba nteofetseng ka tsona, ke ba itshekisa. Ba tla nna morafe wa me; nna ke nne Modimo wa bone.

24 Dafita, motlhanka wa me, o tla nna kgosi ya bone; botlhe ba tla nna le Modisa a le mongwe. Ba tla sepela ka fa ditshiamong tsa me, ba tshegetsa melao ya me, ba e dirisa.

25 Ba tla nna mo lefatsheng le ke le neileng Jakobe, motlhanka wa me, le borraabo ba neng ba nna mo go lone. Ba tla nna mo go lone le bana ba bone le bana ba bana ba bone ka bosakhutleng. Dafita, motlhanka wa me, o tla nna kgosi ya bone ka go sa feleng.

26 Ke tla dira kgolagano ya kagiso nabo. E tla nna kgolagano e e sa feleng. Ke tla ba tshegofatsa, ke ba atisa, ke baya Felo ga me fa go Boitshepo mo gare ga bone ka bosakhutleng.

27 Boago jwa me bo tla nna mo go bone. Ke tla nna Modimo wa bone, bone ba nne morafe wa me.

28 Ke gona ditšhaba di tla lemogang gore ke nnaMorenake itshepisang Iseraele, fa Felo ga me fa go Boitshepo go le mo go bone ka bosakhutleng.’ ”