HESEKIELE 36

Baiseraele ba tshegofadiwa ke Modimo

1 “Wena morwa-motho, rerela dithaba tsa Iseraele, ò di ree ò re: ‘Lona dithaba tsa Iseraele, utlwang Lefoko laMorena!

2 Morena Modimo o bua jaana o a re: E re ka mmaba a buile ka ga lona a re: Ahee! Dithaba tse di sa khutleng di fetogile boswa jwa rona!’

3 “Ka moo rera ò re: ‘Morena Modimo o bua jaana o a re: Ba lo fetotse sekaka, ba re ba lo metsa go tswa mo ntlheng tsotlhe gore lo nne boswa jwa masalela a ditšhaba; babuabui ba a lo seba, batho ba lo senya leina.

4 Ka moo utlwang Lefoko la Morena Modimo, lona dithaba tsa Iseraele! Morena Modimo o bua jaana, o raya dithaba le meboto le melapo le megorogoro le marope a a senya, le metse e e tlogetsweng, tse di fetogileng thopo le tshotlego tsa masalela a ditšhaba tse di mo tikologong.’

5 “Ka moo Morena Modimo o bua jaana o a re: ‘Ruri, ke buile ka molelo wa lefufa la me ka ga masalela a ditšhaba le ka ga Etomo yotlhe, ba ba iphileng lefatshe la me go nna boswa ka boitumelo jwa pelo yotlhe le ka nyatso ya pelo gore ba leleke baagi ba lone, ba le thukhuthe dilo.’

6 “Ka moo rera ka ga naga ya Iseraele, ò ree dithaba le meboto le melapo le megorogoro ò re: ‘Morena Modimo o bua jaana o a re: Bonang, ke buile ka lefufa la me le ka bogale jwa me, gonne lo rwele kgobo ya ditšhaba.’

7 Ka moo Morena Modimo o bua jaana o a re: ‘Ke tsholeditse letsogo, ka ikana ka re: Ruri, ditšhaba tse di mo tikologong ya lona, tsona di tla rwala kgobo ya tsona.

8 Mme lona dithaba tsa Iseraele lo tla tlhogisa ditlhare tsa lona, lo ungwela Iseraele, morafe wa me, maungo a lona, gonne ba gaufi le go tla.

9 Bonang, ke tla tla koo go lona, ke boela gape koo go lona; lo tla lengwa, lo jwalwa.

10 Ke tla ntsifatsa batho mo go lona, e le Baiseraele botlhe mmogo. Go tla nna batho mo metseng, go tsosiwa marope.

11 Ke tla atisa batho le diruiwa mo go lona. Go tla ntsifala, go ata bone le tsone. Ke tla nnisa batho mo go lona jaaka gale, ke lo direla molemo bogolo go pele, mme lo tla itse gore ke nnaMorena.

12 Ke tla tsamaisa batho mo go lona, e bong Baiseraele, morafe wa me. Ba tla lo rua; lo tla nna boswa jwa bone. Ga lo kitla lo tlhola lo ba thukhutha bana.’

13 “Morena Modimo o bua jaana a re: ‘E re ka ba go raya ba re: Wena lefatshe, ò ja batho, ò thukhutha setšhaba sa gago bana.

14 Ka moo ga ò kitla ò tlhola ò ja batho, le e seng go thukhutha setšhaba sa gago bana gape,’ go bua Morena Modimo.

15 ‘Ga nkitla le tlhola ke utlwatsa kgobo ya baheitane ka ga gago; ga ò nke ò tlhola ò rwala nyatso ya merafe le e seng go thukhutha setšhaba sa gago bana gape,’ go bua Morena Modimo.”

Botshelo jo bošwa jwa Baiseraele

16 Lefoko laMorenala ba la tla kwa go nna la re:

17 “Morwa-motho, e rile Baiseraele ba ntse ba le mo nageng ya bone, ba e itshekolola ka tsamao ya bone le ka ditiro tsa bone. Tsamao ya bone fa pele ga me e ne e tshwana le leswe la mosadi yo o iponang.

18 Ka moo ka goromeletsa bogale jwa me mo go bone ka ntlha ya madi a ba a tsholotseng mo lefatsheng le ka ntlha ya medimo e e maila ya bone, e ba le itshekolotseng ka yona.

19 Ka ba falaletsa kwa baheitaneng, ba phatlalalediwa kwa mafatsheng; ka ba atlhola ka fa tsamaong ya bone le ka fa ditirong tsa bone.

20 Jaanong ya re ba sena go fitlha kwa ditšhabeng, kwa ba ileng teng, ba itshepolola leina le le boitshepo la me, fa go builwe ka ga bone go twe: ‘Bao ke morafe waMorena, mme ba dule mo lefatsheng la gagwe.’

21 Ke fa ke tlhomoga pelo ka ntlha ya leina le le boitshepo la me le Baiseraele ba neng ba le itshepolotse kwa baheitaneng, kwa ba fitlhileng teng.

22 “Ka moo raya Baiseraele ò re: ‘Morena Modimo o bua jaana o a re: Ga ke dire jalo ka ntlha ya lona Baiseraele, mme ke ka ntlha ya leina la me le le boitshepo, le lo le itshepolotseng kwa baheitaneng, kwa lo ileng teng.

23 Ke tla itshepisa leina le legolo la me le le itshepolotsweng mo baheitaneng, le lo le itshepolotseng mo go bone. Baheitane ba tla itse gore ke nna Morena, mogang ke itshupang mo go lona fa pele ga matlho a bone, fa ke le boitshepo.’MorenaModimo o a re jalo.

24 ‘Ke tla lo ntsha kwa baheitaneng, ke lo phutha kwa mafatsheng aotlhe, ke lo busetsa kwa nageng ya lona.

25 Ke tla lo kgatsha ka metsi a a phepa gore lo itsheke; ke tla lo tlhapisa maswe otlhe, ke tlosa medimo e e maila yotlhe ya lona.

26 Ke tla lo naya pelo e ntšhwa, ke tsenya mowa o mošwa mo teng ga lona. Ke tla ntsha pelo eo ya lentswe mo nameng ya lona, ke lo naya pelo ya nama.

27 Ke tla tsenya Mowa wa me mo teng ga lona, ke lo dira batho ba ba sepelang ka fa melaong ya me ba ba tshegetsang ditshiamo tsa me, ba di dirisa.

28 Lo tla nna mo lefatsheng le ke le neileng borraeno; lo tla nna morafe wa me, nna ke nne Modimo wa lona.

29 Ke tla lo golola mo go tsotlhe tse di maswe tsa lona, ke be ke bitsa mabele, ke a ntsifatsa, ke sa tlhole ke lo bolaisa tlala.

30 Le gona ke tla ntsifatsa maungo a ditlhare le kotulo mo masimong gore lo se ka lwa tlhola lo kgobiwa ka tlala kwa baheitaneng.

31 Foo lo tla gakologelwa ditsela tsa lona tse di bosula le ditiro tsa lona tse di neng di se molemo, lo itenegela ka losi ka ntlha ya maleo a lona le ka ntlha ya makgapha a lona.

32 Ga ke dire jalo ka ntlha ya lona,’ go bua Morena Modimo. ‘Moo a go itsiwe ke lona! Tlhajwang ke ditlhong, lo inyaletse ditsela tsa lona, lona Baiseraele!’

33 “Morena Modimo o bua jaana o a re: ‘E tla re ka letsatsi le ke lo tlhapisang melato yotlhe ka lone, ke agise batho gape mo metseng, le marope a tla tsosiwa.

34 Lefatshe le le sentsweng le tla lengwa gape, e sa tlhole e le sekaka fela mo matlhong a botlhe ba ba fetang teng.

35 Ba tla re: Lefatshe le, le le neng le sentswe, le fetogile, le tshwana le tshimo ya Etene. Metse e, e e neng e le marope fela, e sentswe, e rutlilwe, jaanong e agilwe e femetswe sentle gape, e na le batho.

36 Baheitane ba ba sadisitsweng mo tikologong ya lona ba tla itse gore ke nnaMorenake agileng gape se se neng se digilwe, ka tlhoma se se neng se sentswe. NnaMorenake buile jalo, le gona ke tla dira jalo.’

37 “Morena Modimo o bua jaana o a re: ‘Gape se ke tla dumelang go se kopiwa ke Baiseraele gore ke se ba direle ke sa go re: Ke ba atisetse batho jaaka letsomane la dinku.

38 Metse e e neng e le marope fela e tla tlala matsomane a batho a a kana ka dinku tse di isiwang kwa Felong-ga-Boitshepo le dinku tsa Jerusalema ka meletlo ya teng. Ba tla itse jalo, fa ke leMorena.’ ”