Kotlo ya Etomo
1 Lefoko laMorenala ba la tla kwa go nna la re:
2 “Morwa-motho, lebisa sefatlhego kwa thabeng ya Seire, ò e rerele, ò e kgalemele,
3 ò e ree ò re: ‘Morena Modimo o bua jaana o a re:
“ ‘Bona, ke tla go tlhasela,
wena thaba ya Seire,
ke go tsholeletsa letsogo,
ke go fetola sekaka le theregiso.
4 Metse ya gago
ke tla e fetola marope;
mme wena o tla fetoga sekaka
gore ò tle ò itse,
fa ke leMorena.
5 “ ‘E re ka ò tlhoile Baiseraele ka go sa feleng, wa ba neela mo thateng ya tšhaka ka sebaka sa tatlhego ya bone, ka sebaka sa petso ya molato ya bofelo,
6 ka moo, ruri, ka bophelo jwa me! O dirile molato ka go tsholola madi; ka moo madi a tla go latelela.’ Morena Modimo o a re jalo.
7 ‘Thaba ya Seire ke tla e dira sekaka le theregiso. Ke tla fedisa mo go yona yo o tswang teng le yo o boelang gona.
8 Dithaba tsa gago, Etomo, ke tla di tlatsa babolawi ba gago. Fa e le meboto ya gago le megorogoro ya gago le melapo ya gago, ba ba bolailweng ka tšhaka ba tla wela mo go tsona.
9 Ke tla go fetola sekaka se se sa khutleng; ga go kitla go nna ope mo metseng ya gago, gore lo itse, fa ke leMorena.
10 “ ‘E re ka ò buile wa re: “Ditšhaba tse pedi le mafatshe a mabedi e tla nna tsa me; re tla di rua” – le faMorenaa le teng koo –
11 ka moo, ka bophelo jwa me! ke tla go direla ka fa bogaleng jwa gago le ka fa lefufeng la gago tse o di ba diretseng ka ntlha ya letlhoo la gago. Ke tla ikitsise mo go bone, mogang ke go atlholang.’ Morena Modimo o a re jalo.
12 ‘O tla lemoga gore ke nnaMorena. Ke utlwile dikgalo tsotlhe tsa gago tse ò di buileng ka ga dithaba tsa Iseraele wa re: “Di fetogile sekaka. Re di neilwe go di ja boswa.”
13 Lo ikgodisitse, lwa nnyatsa, lwa bua tse dintsi ka ga me ka matepe; ke utlwile!’
14 “Morena Modimo o buile jaana wa re: ‘Le fa lefatshe lotlhe le itumela, wena ke tla go fetola sekaka.
15 O ne ò itumelela boswa jwa Baiseraele, ka gonne bo ne bo sentswe. Le wena ke tla go direla jalo. O tla fetoga sekaka, wena thaba ya Seire le Etomo yotlhe mmogo. Ba tla itse jalo, fa ke leMorena.’ ”