HESEKIELE 34

Badisa ba Iseraele

1 Lefoko laMorenala ba la tla kwa go nna la re:

2 “Morwa-motho, rera o kgalemele badisa ba Iseraele, rera ò ba ree o re: ‘Lona badisa, Morena Modimo o bua jaana a re: A tatlhego wee ya badisa ba Iseraele ba ba iphudisang! Badisa a ga ba a tshwanela go fudisa letsomane?

3 Lo ja mašwi, lo apara boboa, lo tlhaba tse di nonneng, mme letsomane ga lo le fudise.

4 Tse di fokolang ga lo a ka lwa di tiisa; tse di lwalang ga lo a ka lwa di alafa; tse di robegileng ga lo a ka lwa di fapa; tse di lelekilweng ga lo a ka lwa di busa; tse di timetseng ga lo a ka lwa di batla; mme tse di tiileng lwa di gataka ka kgatelelo.

5 Dinku tsa me tsa phatlalala jalo ka go tlhoka modisa, tsa nna dijo tsa dibata tsotlhe tsa naga ka go phatlalala.

6 Dinku tsa me tsa kgarakgatshega mo dithabeng tsotlhe le mo mebotong yotlhe e e godimo. Dinku tsa me tsa falalediwa kwa ntlheng tsotlhe tsa lefatshe, go se na yo o di tlhokomelang, le fa e le yo o di batlang.

7 “ ‘Ka moo, lona badisa, utlwang lefoko laMorena!’

8 Morena Modimo o bua a re: ‘Ruri! Ka bophelo jwa me! Dinku tsa me di fetogile thopo, dinku tsa me ke dijo tsa dibata tsotlhe tsa naga ka go tlhoka modisa; badisa ba me ga ba a ka ba tlhokomela dinku tsa me – kana badisa ba ne ba iphudisa fela, ba sa fudise letsomane la me.

9 Ka moo he, lona badisa, utlwang Lefoko laMorena!’

10 Morena Modimo o bua jaana o a re: ‘Bonang, ke tla wela badisa bao, ke batla dinku tsa me mo diatleng tsa bone, mme bone ke tla ba ntsha mo tirong ya go disa dinku tsa me. Badisa bao ga ba nke ba tlhola ba iphudisa ka bosi. Ke tla namola dinku tsa me mo maganong a bone gore di se ka tsa tlhola di nna dijo tsa bone.’

Modisa yo o siameng

11 “Gonne Morena Modimo o bua jaana o a re: ‘Bonang, ke tla batla dinku tsa me ka nosi, ke di tlamela.

12 Modisa o tlhokomela letsomane la gagwe ka letsatsi le ka lone a leng mo gare ga dinku tsa gagwe tse di neng di phatlaletse, ke tla tlhokomela dinku tsa me jalo, ke di pholosa mo mafelong otlhe kwa di phatlalaletseng teng ka letsatsi la maru le lefifi.

13 Ke tla di ntsha mo merafeng, ke di phutha mo mafatsheng, ke di isa kwa nageng ya tsona, ke di fudisa mo dithabeng tsa Iseraele le mo melapong le gotlhe fa di ka nnang teng mo lefatsheng leo.

14 Ke tla di fudisa mo mafulong a a molemo; meraka ya tsona e tla nna mo dithabeng tse di godimo tsa Iseraele. Di tla botha teng mo marakeng a a molemo, di fula mafulo a manana mo dithabeng tsa Iseraele.

15 Ke tla fudisa dinku tsa me ka nosi, ke di bothisa ka nosi,’ go bua Morena Modimo.

16 “ ‘Ke tla batla tse di timetseng, ke busa tse di lelekilweng, ke fapa tse di robegileng, ke tiisa tse di lwalang, ke disa tse di akotseng le tse di tiileng, ke di fudisa ka tshwanelo.

17 “ ‘Mme lona letsomane la me,’ Morena Modimo o bua jaana o a re: ‘Bonang, ke tla siamisa fa gare ga nku le podi, fa gare ga diphelehu le diphoko.

18 A ga go a lo lekana, fa lo fula mafulo a a molemo? Ke go reng, fa e bile lo gataka mafulo a lona a setseng ka ditlhako? A e ka re lo nwa metsi a a itshekileng, mme a a setseng lwa a kgobera ka ditlhako?

19 A dinku tsa me di na le go fula fa lo go gatakileng ka ditlhako? A di na le go nwa metsi a lo a kgoberileng ka ditlhako?’

20 “Ke ka moo Morena Modimo o buang jaana natso o re: ‘Bonang, ke tla siamisa ka nosi fa gare ga nku e e nonneng le nku e e otileng.

21 Jaanong e re ka lo kgorometsa tsotlhe tse di fokolang ka lotlhakore le ka legetla, lo di tlhaba ka dinaka tsa lona go tsamaya lo di lelekele kwa ntle;

22 ka moo ke tla pholosa dinku tsa me gore di se ka tsa tlhola di nna thopo; ke tla siamisa fa gare ga nku le nku.

23 Ke tla di tsosetsa Modisa a le mongwe, o tla di fudisa, e bong Dafita, motlhanka wa me; ene o tla di disa, o tla nna Modisa wa tsona.

24 NnaMorenake tla nna Modimo wa bone. Dafita, motlhanka wa me, o tla nna kgosi mo go bone. Ke nnaMorenake buileng jalo.

25 Ke tla dira kgolagano ya kagiso nabo; ke fedisa dibata tse di bosula mo lefatsheng. Ba tla nna mo nageng le go robala mo dikgweng ba iketlile.

26 “ ‘Ke tla ba tshegofatsa le mafelo a a mo tikologong ya thabana ya me. Ke tla nesa pula ka nako ya yona. E tla nna dipula tsa tshegofatso.

27 Foo ditlhare tsa naga di tla ungwa maungo a tsona; lefatshe le tla ntsha kotulo ya lone. Ba tla nna mo nageng ya bone ba iketlile, ba itse gore ke nnaMorena, mogang ke robang dijoko tsa bone le go ba golola mo diatleng tsa ba ba neng ba ba dira batlhanka ba bone.

28 Ga ba nke ba tlhola ba nna thopo ya ditšhaba, sebata sa lefatshe ga se nke se ba ja. Ba tla aga ba le mo tshireletsong, go se na yo o ba tshosang.

29 Ke tla ba tlhomela ditlhare tsa maungo a a monate. Go tla bo go se na ope yo o ka fedisiwang ke tlala mo lefatsheng leo. Ga ba nke ba tlhola ba rwala kgobo ya ditšhaba.

30 Ba tla itse gore nnaMorena, Modimo wa bone, ke na nabo; le gore bone Baiseraele ke morafe wa me.’ Morena Modimo o buile jalo.

31 “ ‘Lona lo dinku tsa me, lo dinku tse ke di fudisang; lo batho, mme nna ke Modimo wa lona,’ go bua Morena Modimo.”