HESEKIELE 33

Tshwanelo ya badisa ba batho

1 Lefoko laMorenale tsile kwa go nna la re:

2 “Morwa-motho, bua le batho ba morafe wa gago, ò ba ree o re: ‘Fa ke tlisetsa lefatshe lengwe tšhaka, mme batho ba lefatshe leo ba tlhopha monna mo go bone, ba mo dira motlholedi wa bone;

3 ene fa a bona tšhaka e tlela lefatshe leo, o tla letsa lonaka, a tlhagisa morafe.

4 Jaanong fa motho a utlwa modumo wa lonaka fela, mme a sa dumele go tlhagisiwa; fa tšhaka e tla, e mo gapa, foo madi a gagwe a tla tshololwa e le molato wa gagwe.

5 O utlwile mokgosi wa lonaka, mme ga a ka a tlhagisega, o tla swa e le molato wa gagwe. Mme yo o dumetseng go tlhagisiwa o pholositse bophelo jwa gagwe.

6 Mme fa motlhodi a bona tšhaka e tla, a sa letse lonaka; fa morafe o sa tlhagisiwe, mme tšhaka e tla, e bolaya mongwe wa ona, ene yo, o tla bo a bolailwe ka ntlha ya molato wa gagwe, mme madi a gagwe ke tla a lopa mo diatleng tsa motlhodi.’

7 “Wena morwa-motho, ke go dirile motlholedi wa Baiseraele. Jaanong fa o utlwile lefoko le le tswang mo molomong wa me, o ba tlhagise, o romilwe ke nna.

8 Fa ke raya moikepi ke re: ‘Wena moikepi, ò tshwanetse go swa!’ mme ò sa bue sepe go tlhagisa moikepi gore a tlogele mokgwa wa gagwe, foo ene moikepi o tla swa ka ntlha ya molato wa gagwe, mme madi a gagwe ke tla a batla mo diatleng tsa gago.

9 Mme fa ò tlhagisitse moikepi yoo ka ntlha ya tsamao ya gagwe gore a e tlogele, mme a sa tlogele tsamao ya gagwe, foo o tla swa ka molato wa gagwe, mme wena o pholositse bophelo jwa gago.

Boikarabelo jwa mongwe le mongwe

10 “Wena morwa-motho, raya Baiseraele o re: Lo buile jaana lwa re: ‘Ditlolo tsa rona le dibe tsa rona di a re imela, re nyelela ka tsona. Re ka phela jang?’

11 Ba ree ò re: ‘Morena Modimo o buile wa re: Ka bophelo jwa me! Ga ke kgatlhwe ke loso lwa moikepi. Se se nkgatlhang ke fa moikepi a tlogela tsamao ya gagwe, a phela. Boang, lo tlogele ditsela tse di bosula tsa lona! Lo ratelang go swa, lona Baiseraele?’

12 “Wena morwa-motho, raya batho ba morafe wa gago ò re: ‘Tshiamo ya mosiami ga e nke e mo pholosa ka letsatsi la go ikepa ga gagwe; gape boikepo jwa moikepi ga bo nke bo mo diga ka letsatsi le a tlogelang boikepo jwa gagwe ka lone; le gona mosiami ga a kgone go phologa ka tshiamo ya gagwe ka letsatsi le a leofang ka lone.’

13 Fa ke raya mosiami ke re: ‘Ruri, ò tla phela!’ mme ene a ikaega ka tshiamo ya gagwe, a dira tshiamololo, foo tshiamo yotlhe ya gagwe ga e nke e gopolwa, mme o tla swa ka tshiamololo e o e dirileng.

14 Fa ke raya moikepi ke re: ‘Ruri, ò tla swa!’ mme a tlogela boleo jwa gagwe, a dira tse di siameng le tse di tshwanetseng;

15 fa moikepi a rebola peeletso, a busa tse a di thukhuthileng, a sepela ka fa melaong ya bophelo, a sa dire tshiamololo, foo o tla phela tota; ga a nke a swa.

16 Maleo otlhe a gagwe a o leofileng ka ona ga a kitla a a balelwa. O dirile ka tshiamo le ka tshwanelo; ruri, o tla phela.

17 “Mme batho ba morafe wa ga eno ba re: ‘Tsela ya Morena ga e a siama,’ etswe e le tsela ya bone ka bosi e e sa siamang.

18 Fa mosiami a tlogela tshiamo ya gagwe, a dira tshiamololo, o tla swa ka ntlha ya moo.

19 Mme fa moikepi a tlogela boikepo jwa gagwe, a dira ka tshiamo le ka molao, foo o tla phela ka go dira jalo.

20 Mme lona lo a re: ‘Tsela ya Morena ga e a siama.’ Mme ke ntse ke atlhola mongwe le mongwe wa lona Baiseraele ka fa tsamaong ya gagwe.”

Jerusalema o thopilwe

21 E rile ka ngwaga wa 12 wa botshwaro jwa rona, ka kgwedi ya lesome, ka letsatsi la botlhano ga tla mofalodi kwa go nna, a tswa kwa Jerusalema, a re: “Motse o thopilwe.”

22 Seatla saMorenase ne se le mo go nna mantsiboana, mofalodi a ise a tle,Morenaa ise a bule molomo wa me; ga tsamaya a tla kwa go nna mo mosong, ke fa molomo wa me o bulega, ke sa tlhole ke le semumu.

Maleo a batho

23 Lefoko laMorenala ba la tla kwa go nna la re:

24 “Morwa-motho, ba ba nnang mo maropeng ale a a mo nageng ya Iseraele ba bua ba re: ‘Aborahame o ne a le mongwe fela, mme a rua lefatshe; rona re ba bantsi, re neilwe lefatshe go nna boswa.’

25 “Ke moo ò ba ree o re: ‘Morena Modimo o bua jaana o a re: Lo ja nama e e nang le madi, lo tsholeletsa matlho kwa medimong e e maila ya lona, lo tsholola madi. A lo gopola gore lo ka rua lefatshe?

26 Lo ikaega ka ditšhaka tsa lona, lo dirile makgapha, mongwe le mongwe o sentse mosadi wa mongwe-ka-ene. A lona lo tla rua lefatshe?’

27 “O ba ree jaana ò re: ‘Morena Modimo o bua jaana o a re: Ka bophelo jwa me! Ruri, ba ba mo maropeng ba tla wa ka tšhaka; ba ba kwa nageng ke tla ba dira dijo tsa dibata; ba ba mo dikgageng le mo mengobong ba tla swa ka leroborobo.

28 Ke tla fetola lefatshe sekaka le theregiso; boikgantsho jwa thata ya lone bo tla khutlisiwa; dithaba tsa Iseraele di tla nna senya, go se na yo o di ralalang.

29 E tla re ke sena go dira lefatshe sekaka le theregiso ka ntlha ya makgapha otlhe a ba a dirileng, ba itse gore ke nnaMorena.’

Mafoko a moporofeti a tsholwa ke Baiseraele

30 “Wena morwa-motho, batho ba morafe wa ga eno ba buisanya ka ga gago mo malapeng le mo mejakong ya matlo, mongwe le mongwe a bua le morwa-rraagwe, ba raana ba re: ‘A re ye tlhe, re utlwe se lefoko le le tswang moMorenengle se bolelang.’

31 Jaanong ba phuthegela kwa go wena jaaka morafe, ba nna fatshe fa pele ga gago jaaka morafe wa me, ba utlwa mafoko a gago, mme ga ba a ke ba a dirafatsa; gonne ba bua maikano a lorato ka melomo ya bone, mme dipelo tsa bone di latetse kgwebo ya bone ya tshiamololo.

32 Bona, o tshwana le moopedi wa difela tsa lorato mo go bone, o na le lentswe le le monate, o itse go letsa sentle: Ba utlwa mafoko a gago, mme ba se ke ba a dirise.

33 Bona, dipolelelopele di tla dirafala. Mme fa di dirafala, foo ba tla itse fa ba ne ba na le moporofeti.”