HESEKIELE 31

Kgosi ya Egepeto e tla ntshiwa mo bogosing jaaka kgosi ya Asiria

1 E rile ka ngwaga wa 11, ka kgwedi ya boraro, ka letsatsi la ntlha Lefoko laMorenala tla kwa go nna la re:

2 “Morwa-motho, raya Farao, kgosi ya Egepeto le morafe wa gagwe ò re:

“ ‘O kile wa tshwana le mang

ka bogolo jwa gago?

3 Bona, Asiria e ne e le mosetere

kwa Lebanone,

o na le dikala tse dintle

le moriti wa matlhare a mantsi;

o goletse kwa godimo,

ntlha ya ona e le mo marung.

4 Metsi a ne a o godisa,

metsi a mantsi a o godisetsa

kwa godimo,

a eledisa dinokana tsa ona

mo tikologong

ya felo fa o tlhomilweng teng,

a eledisa mesele ya ona

kwa ditlhareng tsotlhe tsa naga.

5 Ka moo wa golela godimo

go phala ditlhare tsotlhe

tsa naga,

dikala tsa ona tsa ntsifala;

ya re o tlhoga dikala tsa ona,

tsa nna ditelele

ka ntlha ya metsi a mantsi.

6 Dinonyane tsotlhe tsa loapi

tsa aga dintlhaga

mo dikaleng tsa ona;

diphologolo tsotlhe tsa naga

tsa tsalela ka fa tlase

ga dikala tsa ona;

ditšhaba tse dintsi tse dikgolo

tsa nna mo moriting wa ona.

7 O ne o le montle

ka bogolo jwa ona

le ka boleele jwa dikala tsa ona;

gonne medi ya ona

e ne e le mo metsing a mantsi.

8 Mesetere ya tshimo ya Modimo

e ne e sa lekane nao;

ditlhare tsa mesiperese

ga di tshwane le dikala tsa ona;

tsa palatane ga di a nna

jaaka dikala tsa ona;

go ne go se na setlhare sepe

mo tshimong ya Modimo

se se tshwanang nao ka bontle.

9 Ke ne ke o dirile montle

ka bontsi jwa dikala tsa ona,

mo ditlhare tsotlhe tsa Etene

di bileng tsa o fufegela,

tse di neng di le mo tshimong

ya Modimo.’

10 “Ke ka moo Morena Modimo o buang jaana o re: ‘E re ka ò goletse kwa godimo, wa tsenya ntlha ya ona mo marung, mme pelo ya ona ya ikgodisa ka ntlha ya boleele jwa ona,

11 ka moo ka o neela mo diatleng tsa yo o thata mo ditšhabeng gore a o direle tota ka fa boikepong jwa ona; ka o latlha.

12 Baeng ba ba setlhogo go feta ditšhaba tsotlhe ba o remile, ba o diga; dikala tsa ona tsa wela mo dithabeng le mo megorogorong yotlhe; dikala tsa ona tsa robegela mo melapong yotlhe ya lefatshe; merafe yotlhe ya lefatshe ya tshaba mo moriting wa ona, ya o tlogela.

13 Dinonyane tsotlhe tsa loapi tsa nna mo kutung ya ona e e oleng; diphologolo tsotlhe tsa naga di ne di le mo dikaleng tsa ona;

14 gore go se nne ditlhare dipe tse di fa metsing, tse di golelang kwa godimo, tse di tsenyang dintlha tsa tsona mo marung; mme tse dikgolo tsa tsona tse di nwang metsi di se ka tsa ema ka boikgantsho jwa tsona. Gonne di neetswe losong tsotlhe, di tla ya kwa tengteng ga lefatshe jaaka batho ba bangwe, kwa go ba ba fologetseng kwa felong ga baswi.’

15 “Morena Modimo o bua jaana o a re: ‘E rile ka letsatsi le o fologetseng kwa felong ga baswi ka lone, ka tsosa bohutsana, ka khurumetsa metsi a a boteng ka ntlha ya ona, ka thibela dinoka tsa ona, metsi a mantsi a emisiwa; ka apesa Lebanone bontsho ka ntlha ya ona, mme ditlhare tsotlhe tsa naga tsa swaba ka ntlha ya ona.

16 E rile ke o kgoromeletsa kwa felong ga baswi, kwa go ba ba fologetseng teng, ka roromisa ditšhaba ka loratla lwa go wa ga ona. Ke fa go gomotsega ditlhare tsotlhe tsa Etene kwa felong fa go kwa tengteng ga lefatshe, le tse di tlhaotsweng tse dintlentle tsa Lebanone tse di nwang metsi tsotlhe.

17 Le tsona di ne tsa fologela nao kwa felong ga baswi kwa go ba ba bolailweng ka tšhaka; ba ba neng ba nna mo moriting wa ona ba falalediwa mo ditšhabeng.

18 “ ‘Jaanong wenao tshwana le setlhare sefe mo Etene ka kgalalelo le ka bogolo? Le wena o tla folosediwa kwa tengteng ga lefatshe mmogo le ditlhare tsa Etene; o tla namalala mo gare ga ba ba sa rupang mmogo le ba ba bolailweng ka tšhaka. Ke ene Farao le morafe otlhe wa gagwe,’ go bua Morena Modimo.”