Go lelelwa boikepo jwa Bajuta le tatlhego ya bone
1 Malo-nna-wee!
Gouta e fifetse jang,
ga fetoga gouta e ntlentle!
Mafika a a boitshepo a tshololwa
kwa dikhutlong tsa mebila.
2 Bomorwa Sione
ba e leng dinatla,
ba ne ba tlotlega
jaaka gouta e ntlentle. Ijoo!
Ba kailwe dinkgwana
tsa letsopa fela,
tse di dirwang
ke diatla tsa mmopi.
3 Diphokojwe le tsona
di ntshetsa diphokojwana
mabele a tsona go di amusa.
Mme morwadia morafe wa me
o ne a le setlhogo
jaaka bontšhwe mo nageng.
4 Loleme lwa lesea lo ne lwa
kgomarela magalapa a lone
ka lenyora;
bana ba lelela bogobe,
go se na yo o ba nathelang.
5 Baji ba tse di monate
ba ne ba felelela mebileng;
ba ba neng ba robadiwa
maseleng a mahibidu
ba lala kwa thutubudung.
6 Gonne molato wa morwadia
morafe wa ga etsho o ne o feta
boleo jwa Sotoma,
ona motse o o ribegeditsweng
ka ponyo ya leitlho,
o sa amiwe ke diatla.
7 Baikiledi ba ona
ba ne ba phatsima
bogolo go semathana,
ba phala mašwi ka bosweu;
ba ne ba le mmele o mohibidu
bogolo go matlapana a dikorala,
ba bopegile jaaka a botala
jo bowebu.
8 Ponalo ya bone e ntshofetse
bogolo go mosidi,
ga ba itsiwe mebileng;
letlalo la bone
le ngaparetse marapo a bone,
ba omeletse jaaka dikgong.
9 Ba ba bolailweng ka tšhaka
ba tlhogonolo bogolo
go ba ba suleng ka tlala,
ba ba feleletseng,
ba bolawa ka go tlhoka dijo
tsa masimo.
10 Basadi ba ba bonolo
ba apaya bana ba bone
ka diatla tsa bone;
ya nna dijo tsa bone
mo tatlhegong
ya morwadia morafe wa ga etsho.
11 Morenao dirafaditse
kgalefo ya gagwe,
a gorometsa bogale jwa gagwe
jo bo tukang; a tshuba molelo
mo motseng wa Sione
o o jeleng metheo ya ona.
12 Dikgosi tsa lefatshe
le baagi botlhe ba lone
ga ba a ka ba dumela,
fa mopitlaganyi le mmaba
ba ka tsena mo dikgorong
tsa Jerusalema.
13 Mme ba tsenye ka ntlha ya dibe
tsa baporofeti ba gagwe
le ka ntlha ya maleo
a baperesiti ba gagwe,
ba ba neng ba tsholola madi
a basiami teng.
14 Ba ne ba thekesela
jaaka difofu mebileng,
ba kgotlelegile ka madi;
batho ba bile ba palelwa
ke go ama diaparo tsa bone.
15 Ba goelana ba re:
“Fapogang,
yo o itshekologileng ke yo!
Fapogang, fapogang,
se mo ameng!”
Ba bua mo ditšhabeng ba re:
“Fa ba tshaba le go thekesela
ga ba a tshwanela go nna mono.”
16 Morenaka esi o ba faladitse,
ga a tlhole a ba tlhokomela.
Baba ga ba a ka ba tlotla
baperesiti,
le e seng go tlhomogela
baporofeti pelo.
17 Matlho a rona a ntse a itapisitse
go lebelela thuso
e e leng ya lefelafela;
re ne re tlhola
re le mo diraleng tsa rona,
re letela setšhaba
se se sa tleng go re thusa.
18 Ba ne ba lalela dikgato tsa rona,
re sa kgone go tsamaya
mo dipatlelong tsa rona.
Bokhutlo jwa rona
bo ne bo atametse,
malatsi a rona a feleletse,
ee, bokhutlo jwa rona
bo ne bo tlile.
19 Ba ba re lateletseng
ba ne ba le bobebe bogolo
go bontsu ba legodimo;
ba re tsoma mo dithabeng,
ba re lalela mo sekakeng.
20 Mowa wa bophelo jwa rona,
e bong Motlodiwa waMorena,
o ne a tshwarwa mo digopong
tsa bone;
yo re buileng ka ga gagwe ra re:
“Re tla phela mo moriting
wa gagwe
re le gare ga ditšhaba.”
21 Wena morwadia Etomo
yo o agileng mo lefatsheng la Use,
itumele o thabe.
Le wena o tla tlelwa ke senwelo;
o tla tagwa, o ikapola!
22 Kotlo ya gago e lekanye,
wena morwadia Sione;
ga a ka ke a go isa gape
mo botshwarong.
Mme wena morwadia Etomo
o tla go beletsa molato wa gago,
a ba a senola maleo a gago.