JEREMIA 47

Taelo ya Modimo ka ga Bafelesita

1 Lefoko laMorenale le tlileng kwa go moporofeti Jeremia ka ga Bafelesita, Farao a ise a thope motse wa Gasa.

2 Morenao bua jaana a re:

“Metsi ke ao,

a tlhaga a tswa kwa bokone.

E tla nna noka e e gogolang.

E tla gogola lefatshe

le tse di tletseng mo go lone,

le motse le ba ba agileng

mo go ona.

Go tla goa batho,

go bokolela botlhe

ba ba agileng mo lefatsheng.

3 Fa go utlwala mesito ya ditlhako

tsa dipitse tsa gagwe

le go kgothosela ga dikoloi

tsa gagwe le modumo

wa maotwana a tsona,

borra-bana

ga ba kitla ba gadima bana,

gonne ba repile mabogo

4 ka ntlha ya letsatsi le le tlang

go senya Bafelesita botlhe

le go nyeletsa masalela otlhe

a a ka thusang Tiro le Sitone.

GonneMorenao tla senya

Bafelesita ba e leng masalela

a setlhakatlhake sa Khafethore.

5 Gasa o kutilwe tlhogo,

Ašekalone o sentswe,

le masalela a leboa la bone.

O tla iphatsa go fitlha leng?

6 Ao, tšhaka yaMorena!

O tla tlhoka boikhutso

go fitlha leng?

Itshomele mo kgatleng ya gago,

ikhutse o nne!

7 Fela e ka ikhutsa jang,

kaMorenaa e rometse go senya

Ašekalone le losi lwa lewatle,

a e lebisitse teng?”