Ka ga kgololo ya Bajuta kwa Babele le ka ga kgololo ya kgolagano e ntšhwa
1 Lefoko le le tsileng kwa go Jeremia le tswa moMorenengla re:
2 “Morena, Modimo wa Iseraele, o bua jaana a re: ‘Ikwalele mafoko aotlhe a ke a buileng nao mo lokwalong;
3 gonne, bona, malatsi a e tla,’ go buaMorena, ‘a ke tla fetolang tatlhego ya morafe wa me wa Iseraele le Juta ka ona.’Morenao buile a re: ‘Ke tla ba busetsa kwano lefatsheng le ke le neileng borraabo, mme ba tla le rua.’ ”
4 Mafoko aMorenao a buileng ka ga Iseraele le ka ga Juta ke a:
5 “Ee,Morenao bua jaana a re:
‘Re utlwetse selelo sa letshogo
le sa therego,
mme ga go na kagiso.
6 Botsang thata, lo bone gore
a monna o ka belega?
Ke eng, fa ke bona banna botlhe
ba itshwere dinoka ka diatla
jaaka mosadi yo o belegang,
mme difatlhego tsotlhe
di setlhafetse.
7 Ijoo! Kana letsatsi leo
ke le legolo!
Ijoo! Ga go na
le le tshwanang nalo!
Ke sebaka sa tlalelo
mo go Jakobe,
mme o tla gololwa mo go yona.
8 “ ‘E tla re ka letsatsi leo,’ go buaMorena, ‘ke robe joko e e mo thamong tsa bone, ke kgaole dikgole tsa bone. Baeng ga ba kitla ba tlhola ba ba dira batlhanka.
9 Mme ba tla direlaMorena, Modimo wa bone, le Dafita, kgosi ya bone, yo ke tla mo ba tsosetsang.
10 “ ‘Mme wena, se boife, Jakobe,
motlhanka wa me!’
go buaMorena.
‘Se rerege, Iseraele!
Gonne bona, ke tla go pholosa
kwa kgakala le losika lwa gago
mo lefatsheng la botshwaro
jwa bone.
Jakobe o tla boa, a ikhutsa,
a le mo tshireletsong,
go se na yo o mo tshosang.
11 Gonne ke na nao,’
go buaMorena,
‘gore ke go pholose.
Ee, ke tla fedisa ditšhaba tsotlhe
tse ke go falaleditseng
kwa go tsona,
mme wena ga nkitla ke go fedisa.
Ee, ke tla go otla ka tekanyo,
mme ga nkitla ke tlosa kotlo
mo go wena fa gotlhe.’
12 “GonneMorenao bua jaana a re:
‘Tatlhego ya gago
ke e e befileng;
ntho ya gago ke e e sa foleng.
13 Ga go na yo o go okang
ka tshwanelo;
tlhagala e tlhoka ditlhare;
go fola ga go teng mo go wena.
14 Baratwi botlhe ba gago
ba go lebetse,
ga ba na sepe nao;
gonne ke go otlile jaaka mmaba
a otla ka petso e e setlhogo;
gonne molato wa gago o mogolo,
maleo a gago a mantsi.
15 O goelang ka ga tshenyegelo
ya gago le ka ga botlhoko
jwa gago jo bo sa foleng?
Ke go diretse tseo,
ka molato wa gago o le mogolo,
ka maleo a gago a le mantsi.
16 Ka ntlha ya moo go tla jewa
botlhe ba ba go jeleng.
Botlhe ba ba go pitlagantseng
ba tla ya mo botshwarong;
ba ba go thopileng
ba tla thopiwa;
ba ba go thukhuthileng
ke tla ba neela bathukhuthi.
17 Gonne ke tla go fodisa,
ke alafa dintho tsa gago,’
go buaMorena.
‘E re ka ba go bitsa
“Yo o lelekilweng” le
“Sione yo o sa batlweng ke ope.” ’ ”
18 “Morenao bua jaana a re:
‘Bonang, ke tla fetola tatlhego
ya malapa a ga Jakobe,
ke tlhomogela
meago ya gagwe pelo.
Motse o tla tsosiwa gape
mo dithoteng tsa marope a ona.
Ntlo ya borena e tla nna
fa go e tshwanetseng.
19 Mme go tla utlwala difela
tsa pako mo go bona
le mantswe a ba ba thabileng.
Ke tla ba ntsifatsa,
ga ba ne ba fokotsega;
ke tla ba tlotla,
ga ba ne ba nyatsega.
20 Bomorwawe ba tla nna jaaka
pele.
Phuthego ya gagwe
e tla tlhomamisiwa
fa pele ga me;
mme bagateledi botlhe ba gagwe
ke tla ba otla.
21 Kgosi ya bone
e tla nna ya ga bone.
Mmusi wa bone
o tla tswa mo gare ga bone.
Ke tla mo atametsa
gore a nne gaufi le nna.
Gonne ke mang
yo o ka betang pelo,
a nkatamela?’ go botsaMorena.
22 ‘Mme lo tla nna morafe wa me;
ke tla nna Modimo wa lona.’ ”
23 Bonang, ledimo laMorenale bolotse; ke bogale jo bo tukang. Sefefo se se boitshegang se tla tlhasela ditlhogo tsa baikepi.
24 Bogale jwaMorenaga bo nke bo khutla a ise a dirafatse, a fetse maikaelelo a pelo ya gagwe. Lo tla lemoga sentle mo malatsing a bofelo.