Jeremia o bolelela tshenyo ya Tempele le ya Jerusalema pele. Ka moo ba rata go mmolaya jaaka moporofeti Uria
1 E rile mo tshimologong ya puso ya ga Joyakime, morwa Josia, kgosi ya Juta, ga tswa lefoko le kwaMoreneng, la tla kwa go Jeremia la re:
2 “Morenao bua jaana a re: ‘Yaa o eme mo lapeng la Ntlo yaMorena, o rerele ba metse yotlhe ya Juta ba ba tlang go obamela mo Ntlong yaMorenamafoko aotlhe a ke go laetseng go a ba bolelela; se lobe lefoko lepe!
3 Ka gongwe ba tla utlwa, ba boa, mongwe le mongwe mo tseleng e e bosula ya gagwe; foo ke tla latlha thupa e ke neng ke ikaeletse go ba otla ka yona ka ntlha ya bosula jwa ditiro tsa bone.’
4 “O ba ree o re: ‘Morenao bua jaana a re: Fa lo sa nkutlwe, fa lo sa sepele ka fa molaong wa me, o ke o le neileng,
5 fa lo sa utlwe mafoko a baporofeti, batlhanka ba me, ba ke ntseng ke ba romela kwa go lona ka tlhoafalo – mme kana ga lo a ka lwa nkutlwa ka gope–
6 foo ke tla direla Ntlo e jaaka Silo. Mme motse o ke tla o dira thogako mo ditšhabeng tsotlhe tsa lefatshe.’ ”
7 Mme baperesiti le baporofeti le morafe otlhe ba utlwa Jeremia a bua mafoko a mo Ntlong yaMorena.
8 Jaanong e rile Jeremia a sena go fetsa go bua tsotlhe tseMorenao di mo laetseng gore a di rerele morafe otlhe, baperesiti le baporofeti le batho botlhe ba mo tshwara ba re: “O tshwanetse go swa!
9 Ke ka ntlhaang, fa o rera mo leineng laMorenao re: ‘Ntlo e, e tla direlwa jaaka Silo, le motse o o tla ntshiwa marope fela, go sa tlhole go nna ope mo go ona’?” Ke fa morafe otlhe o kgobokanela Jeremia mo Ntlong yaMorenago mo lwantsha.
10 Jaanong ya re dikgosana tsa Juta di utlwa dilo tseo, tsa tloga kwa ntlong ya kgosi tsa ya kwa Ntlong yaMorena, tsa nna fa mojakong wa kgoro e ntšhwa ya Ntlo yaMorena.
11 Ke fa baperesiti le baporofeti ba raya dikgosana le morafe otlhe ba re: “Monna yo, o tshwanetse go atlholelwa loso! Gonne o reretse motse o tatlhego jaaka lo utlwile ka ditsebe tsa lona.”
12 Mme Jeremia a raya dikgosana tsotlhe le morafe otlhe a re: “Morenao nthomile gore ke rerele Ntlo e le motse o tatlhego ka mafoko otlhe a lo a utlwileng.
13 Jaanong siamisang ditsela tsa lona le ditiro tsa lona, lo utlwe lentswe laMorena, Modimo wa lona! FooMorenao tla boa bogaleng, a sa lo otle jaaka a lo bopetse.
14 Fa e le nna, bonang, ke mo diatleng tsa lona. Dirang ka nna jaaka go le molemo le tshiamo mo matlhong a lona!
15 Fela lo tshwanetse go itse gore, fa lo mpolaya, lo itirela molato wa madi a a se nang molato, mmogo le motse o le baagi ba ona; gonne ka boammaaruriMorenao nthomile kwa go lona gore ke bue mafoko aotlhe a mo ditsebeng tsa lona.”
16 Ke fa dikgosana le morafe otlhe ba raya baperesiti le baporofeti ba re: “Monna yo ga a tshwanelwa ke go atlholelwa loso. Gonne o buile le rona mo leineng laMorena, Modimo wa rona.”
17 Le gona banna bagolo ba lefatshe ba ema, ba raya phuthego yotlhe ya morafe ba re:
18 “Miga wa Morešethe o ne a rera mo malatsing a ga Hesekia, kgosi ya Juta, a raya morafe otlhe wa Juta a re: ‘Morenawa masomosomo o bua jaana a re:
“ ‘Sione o tla lengwa jaaka tshimo,
le Jerusalema
o tla fetoga marope,
le thaba ya Tempele
e tla nna thaba ya sekgwa fela.’
19 “Jaanong a Hesekia, kgosi ya Juta, le Bajuta botlhe ba mmolaile? A ga ke re, o ne a boifaMorena, a kopa bopelothomogi fa pele gaMorena! Ke faMorenaa fetola maikaelelo a gagwe, a sa ba ise mo tatlhegong jaaka a ba bopetse. Jaanong a rona re ka dira bosula jo bo kana, ra ikisa ka rosi mo tatlhegong?”
20 Le gona go ne go le monna yo mongwe yo o neng a rera mo leineng laMorena, e bong Uria, morwa Semaya, wa kwa Khiriathe-Jearime; a rerela motse o le lefatshe le tatlhego fela jaaka Jeremia.
21 Jaanong e rile kgosi Joyakime le bagale botlhe ba gagwe le dikgosana tsotlhe tsa gagwe ba utlwa mafoko a gagwe, kgosi ya batla go mmolaya. Ya re Uria a utlwa jalo, a boifa, a tshaba, a falolela kwa Egepeto.
22 Ke fa kgosi Joyakime a roma banna kwa Egepeto, e leng Elenathane, morwa Agebore, le banna ba bangwe nae kwa Egepeto.
23 Bao ba tshwara Uria, ba mo ntsha kwa Egepeto, ba mo tlisa kwano go kgosi Joyakime; ene a mmolaya ka tšhaka, a latlhela setoto sa gagwe kwa mabitleng a ba e leng batho fela.
24 Mme seatla sa ga Ahikame, morwa Safane, se ne sa sireletsa Jeremia gore a se ka a neelwa mo diatleng tsa morafe, le e seng go bolawa ke ona.