JEREMIA 9

1 Ao! Tlhogo ya me e ka bo e le metsi, le leitlho la me e ka bo e le motswedi wa dikeledi gore ke lelele ba ba bolailweng ba morwadia morafe wa me bosigo le motshegare!

2 Ao! Nka bo ke na le ntlo ya baeti

mo sekakeng gore ke tlogele

morafe wa me,

ke tswe mo go bone!

Gonne ba senya nyalo botlhe;

ke lesomo la balotsana fela.

3 “Ba gagamatsa diteme tsa bone

jaaka bora;

ba busa ka maaka mo lefatsheng,

e seng ka boammaaruri;

ba tswa bosuleng,

ba ya bosuleng jo bongwe,

mme nna ga ba nkitse,”

go buaMorena.

4 “Itiseng lo tshabane;

se ikanyeng ngwana ope

wa rraalona;

gonne mongwe le mongwe

o tsietsa morwa-rraagwe

ka bonokwane.

Ba tsamaya ba senyana maina.

5 Ba a aketsanya,

ga ba bue boammaaruri.

Ba tlwaeditse diteme tsa bone

go bua maaka.

Ba itapisa

ka go sokamisa mafoko.

6 Boago jwa gago

bo mo gare ga bolotsana;

ba gana ka bolotsana go nkitse,”

go buaMorena.

7 Ke ka mooMorenawa

masomosomo o buang jaana a re:

“Bonang, ke tla ba gakolosa,

ke ba leka.

Kana nka direla morwadia

morafe wa me jang

ka mokgwa o sele?

8 Diteme tsa bone ke metsu

e e bolayang,

di bua tsa bolotsana;

ba bua kagiso

le mongwe-ka-bone ka melomo,

mme mo pelong ba a mo lalela.

9 Jaanong a ga ke na go ba betsa

ka ntlha ya dilo tseo?”

go botsaMorena.

“Mowa wa me a ga o na

go ipusolosetsa mo setšhabeng

se se tshwanang le se?”

10 Ke tla lelela dithaba,

ke di hutsafalela,

ke tlhaba sefela sa khutsafalo

ka ga mafulo a naga,

gonne a tubakegile,

go se na ope yo o a ralalang;

le gona ga go utlwale melelo

ya matlhape;

dinonyane tsa loapi le diphedi

tsotlhe di tshabile, di ile.

11 “Mme ke tla dira Jerusalema

marope

le bonno jwa diphokojwe;

ke fetola metse ya Juta

sekaka se se se nang moagi.”

12 Monna yo o botlhale yo o tlhaloganyang tseo ke mang? Ke mang yo molomo waMorenao buileng nae, go ka itsise gore ke ka ntlhaang, fa lefatshe le latlhegile le go senyega jaaka sekaka, go se na yo o ralalang?

13 Morenaa ba a re: “E re ka ba tlogetse molao wa me o ke o beileng fa pele ga bone; ba se ka ba utlwa lentswe la me, le e seng go sepela ka lone;

14 mme ba latela dipelo tsa bone tse di thatafetseng, le boBaale ba ba ba tlwaeditsweng ke borraabo.”

15 Ke ka mooMorenawa masomosomo, Modimo wa Iseraele, o buang jaana a re: “Bonang, morafe o ke tla o jesa longana, ke o nosa metsi a a nang le botlhole;

16 ke tla o falaletsa kwa ditšhabeng tse bone le borraabo ba sa di itseng; ke ba latedisa tšhaka go tsamaya ke ba fedise.”

Batho ba Jerusalema ba lelela thuso

17 Morenawa masomosomo a ba a bua jaana a re:

“Tlhokomelang,

lo bitse basadi ba selelo gore

ba tle; lo romele kwa basading

ba ba tlhalefetseng selelo gore

ba tle.”

18 A ba akofe, ba tlhabe sefela

sa khutsafalo ka ga rona gore

matlho a rona a tshologe dikeledi

le dintshi tsa rona di ele metsi.

19 Gonne go utlwala sefela

sa khutsafalo

se se tswang kwa Sione se re:

“Joo! Re gateletswe jang!

Re tlhajwa ke ditlhong

tse dikgolo;

gonne re na le go tlogela

lefatshe,

ka ba rutlile meago ya rona.”

20 Ee, lona basadi,

utlwang Lefoko laMorena!

A ditsebe tsa lona

di amogele lefoko

la molomo wa gagwe le le reng:

“Rutang bomorwadia-lona

sefela sa khutsafalo,

lo rutane sefela

sa go lelela moswi se se reng:

21 ‘Loso lo palame,

lwa tsena mo difenstereng

tsa rona,

lwa tsena mo matlong

a borena a rona

go fetsa bana mo mebileng

le makau mo dipatlelong.’ ”

22 Bua o re: “Morenaa re:

‘Ditoto tsa batho di namaletse

fa fatshe jaaka moutele

mo masimong

le jaaka dingata

fa morago ga mosegi,

go se yo o di phuthang.’ ”

23 Morenao buile jaana a re:

“A Motlhalefi a se ka a ipelafatsa

ka botlhale jwa gagwe!

A seganka se se ka sa ipoka

ka thata ya sona!

A mohumi a se ka a ikgodisa

ka khumo ya gagwe!

24 Mme yo o ratang go itumisa

a a itumise

ka go tlhalefela go nkitse,

fa e le nnaMorena

yo o dirafatsang bopelotlhomogi

le katlholo le tshiamo

mo lefatsheng;

gonne ke kgatlhwa ke dilo tseo.”

Morenao buile jalo.

25 “Bonang, malatsi a e tla,” go buaMorena, “a ka ona ke tla betsang botlhe ba ba rupileng mo mmeleng fela,

26 e leng Baegepeto le Bajuta le Baetomo le Baamone le Bamoabe le botlhe ba ba sekotsweng ditlhogo ba ba agileng mo sekakeng. Gonne ditšhaba tsotlhe tseo le Baiseraele botlhe ba na le dipelo tse di sa rupang.”