1 Morenaa re: “Ka sebaka seo ba tla ntsha marapo a dikgosi tsa Juta le marapo a dikgosana tsa teng le marapo a baperesiti le marapo a baporofeti le marapo a baagi ba Jerusalema mo diphupung tsa bona,
2 ba a anegela letsatsi le ngwedi le lesomo lotlhe la legodimo, le ba le ratileng, ba le direla, ba le latela, ba le batla, ba le obamela. Ga a kitla a phuthwa le e seng go fitlhwa gape. E tla nna moutele mo masimong.
3 Mme masalela otlhe a ba ba setseng ba losika lo lo bosula lo, a tla ipatlela loso bogolo go bophelo mo mafelong otlhe kwa ke ba leleketseng teng.” Go buaMorenawa masomosomo.
Boikepo jwa Bajuta jo bo bitsang petso
4 “Le gona o ba ree o re: ‘Morenao bua jaana a re: A motho o a tle a we, a sa tsoge gape? A o a tle a fapoge, a sa boe gape?
5 Ke ka ntlhaang, fa morafe wa Jerusalema o ntse o fapogela pele? Ba palelela mo tsietsong, ba gana go boa.
6 Ke ne ka utlwelela, ka utlwa gore ba bua tse di sa siamang; ga go na ope yo o ikwatlhaelang bosula jwa gagwe a re: Kana ke dirileng? Ba sianela pele ba ntse ba ikepile jaaka pitse e sianela mo tlhabanong.
7 Le lekololwana le le fofang mo loaping le itse metlha ya lone, le leeba le peolwane le mogolori di tlhokomela sebaka sa go boa ga tsona. Mme ba morafe wa me ga ba itse molao waMorena.
8 Lo ka bua jang lo a re: Re botlhale, re bile re na le molao waMorena? Ruri, sekwadi se se tsietsang sa bakwadi se o fetotse maaka!
9 Batlhalefi ba tla tlhajwa ke ditlhong, ba tseana, ba tshwarega; gonne ba latlhile Lefoko laMorena. Jaanong ba na le botlhale bofe?
10 Ka moo ke tla neela ba bangwe basadi ba bone le bathopi masimo a bone. Gonne botlhe ba rata kgwebo ya tshiamololo, ba bannye le ba bagolo; baporofeti le baperesiti le bone ba tsietsa botlhe.
11 Mme ba alafa tshenyego ya morwadia morafe wa me ka botlhofo fela ba re: Kagiso! Kagiso! le fa kagiso e se yo.
12 Ba a nyatsega, gonne ba dirile maila. Mme ga ba tlhole ba ikutlwa ditlhong; ga ba itse go tlhajwa ke kgala. Ka moo ba tla wa le ba ba wang; ka nako ya petso ya bone ba tla digwa.’ ”Morenao buile jalo.
13 “ ‘Ke tla ba phutha, ke ba tlosa,’ ” go buaMorena. “ ‘Moweine ga o na maungo; setlhare sa feie ga se na difeie; ee, matlhare a a swaba. Le gona ke tla ba neela bagateledi.’ ”
14 Re sa ntse re nnetseng? Kgobokanang, a re tshabeleng mo metseng e e femetsweng, re swele teng! GonneMorena, Modimo wa rona, o re isa losong; o re nosa metsi a a nang le botlhole, ka gore re leofetseMorena.
15 Re lebeletse kagiso, mme ga go na sepe se se molemo; le sebaka sa kalafo, mme re fitlhela therego fela.
16 Phegelo ya dipitse tsa gagwe e utlwala go tswa kwa Dane. Lefatshe lotlhe le roroma ka tumo ya selelo sa dipitse tse di thata tsa gagwe. Ba tla tla, ba ja lefatshe le tse di tletseng mo go lone, le motse le ba ba agileng mo go ona.
17 “Bonang, ke tla lo romela dinoga tse di nang le botlhole; tse go se nang sepe se se ka di upang; mme di tla lo loma,” go buaMorena.
Jeremia o utlwa botlhoko ka maleo a morafe
18 Ke eng se se ka nkgomotsang
mo botlhokong jwa me?
Pelo ya me e nyemile.
19 Utlwelelang! Morwadia morafe
wa me o lelela thuso kwa
lefatsheng le le kgakala a re:
“AMorenaga a teng mo Sione?
Gongwe kgosi ya gagwe
a ga e mo teng?” –
“Ke ka ntlhaang,
fa ba ne ba nkgakatsa ka medimo
ya diseto ya bone le ka medimo
e sele?”
20 “Kotulo e fedile.
Selemo se fetile,
mme ga re ise re pholosiwe.”
21 Ke phatlogile pelo ka ntlha ya
tshenyego ya morwadia morafe
wa me;
ke a hutsafala.
Therego e ntshwere.
22 A ga go na molemo mo Gileate?
Gongwe a ga go na ngaka teng?
Ke ka ntlhaang,
fa morwadia morafe wa me
a ise a fole?