JEREMIA 4

Baiseraele ba bilediwa tlhabologong

1 Morenaa re: “Fa o rata go tlhabologa, Iseraele, o ka boela kwa go nna. Fa o tlosa maila a gago fa pele ga me, ga o na go ntshaba.

2 Mme fa o ikana ka boammaaruri le ka tshiamo le ka tshwanelo o re: ‘KaMorenayo o phelang!’ foo ditšhaba di tla itshegofatsa ka ene, di itumisa ka ene.”

3 GonneMorenao bua jaana le banna ba Juta le Jerusalema a re: “Ikgatheleng tshimo e ntšhwa, se jwaleng mo mitlweng!

4 RupelangMorena, lo tlose bosarupang jwa dipelo tsa lona, banna ba Juta le baagi ba Jerusalema; e se re gongwe bogale jwa me jwa bolola, jwa tuka jaaka molelo ka ntlha ya bosula jwa ditiro tsa lona, go se yo o o timang.”

Tatlhego ya Juta e e tlang ka ntwa e a begwa

5 Itsiseng mo Juta,

utlwatsang mo Jerusalema lo re:

“Letsang lonaka mo lefatsheng,

lo tlhabe mokgosi o mogolo lo

re: ‘Phuthegang,

a re tshabeleng kwa metseng

e e femetsweng!’

6 Emisang sefoka

se se isang kwa Sione.

Tshabang, se diegeng!

Gonne ke tlisa tatlhego

e e tswang kwa bokone

le tshenyo e kgolo.

7 Tau e dule mo dikhung tsa yona;

mosenyi wa ditšhaba o tlogile,

a bolola mo felong ga gagwe gore

a ntshe lefatshe la gago sekaka;

metse ya gago e tla fetoga

marope, e se na moagi.

8 Ka ntlha ya tseo itlameng

ka diaparo tsa bohutsana;

hutsafalang lo goe!

Gonne bogale jo bo tukang jwa

Morenaga bo a tloga mo go

rona.”

9 Morenaa re: “Ka letsatsi leo kgosi le dikgosana di tla nyema moko; baperesiti ba tla tlhoka puo, baporofeti ba rerega.”

10 Mme ka re: “Ijoo, Morena Modimo! Ruri, o akeditse morafe o le Jerusalema wa re: ‘Lo tla bona kagiso,’ etswe tšhaka e amile bophelo.”

11 Ka sebaka seo ba tla raya morafe o le Jerusalema ba re: “Phefo e e fisang e tswa kwa dithabeng tse di iphotlhereng tsa sekaka, e tla kwa go morwadia morafe wa me; ga se ya go olosa le e seng ya go fefera.

12 Phefo e e thata e e gaisang ya tiro tseo e tla tswa mo go nna. Jaanong le nna ke tla bua dikatlholo ka ga bone.”

Juta o dikanyeditswe ke baba

13 Bonang, o tlhaga jaaka maru, dikoloi tsa gagwe jaaka ledimo; dipitse tsa gagwe di lobelo go phala dintsu. A tatlhego ya rona wee, gonne re fentswe!

14 Jerusalema, tlhapa pelo bosula, gore o tle o pholosiwe. Megopolo ya gago ya boithamako e tla nna mo teng ga gago go fitlha leng?

15 Gonne mokgosi o utlwala go tswa kwa Dane, o bolela tatlhego e e tswang kwa dithabeng tsa Eferaime.

16 Begelang, ditšhaba, utlwatsang ka ga Jerusalema lo re: “Bonang, ba ba re dikanyetsang ka ntwa ke ba, ba tswa kwa lefatsheng le le kgakala, ba tlhabela metse ya Juta mokgosi.

17 Ba e dikeletsa tikologong jaaka baleti ba tshimo; gonne ba ntsogetse,” go buaMorena.

18 “Tsamao ya gago le ditiro tsa gago di go diretse tseo; ke ka bosula jwa gago, fa di le bogalaka; fa di go setla pelo.”

Jeremia o ba tlhomogela pelo

19 Mala a me wee! Mala a me wee!

Ke a tetesela,

ke boifela pelo ya me

go phatloga.

Pelo ya me e huduega

mo go nna.

Ke palelwa ke go didimala.

Gonne mowa wa me o utlwile

modumo wa lonaka

le mokgosi wa tlhabano.

20 Ditshenyo di begwa ka tatelano,

gonne lefatshe lotlhe le thopilwe.

Matlo a me a sentswe

ka tshoganyetso,

ditente tsa me

ka ponyo ya leitlho.

21 Ke na le go bona sefoka

le go utlwa modumo wa lonaka

go fitlha leng?

22 “Kana morafe wa me

ke masilo a a sa nkitseng;

ke bana ba ba boeleele,

ga ba tlhaloganye sepe.

Ba tlhalefetse go dira bosula,

mme ga ba itse go dira

tse di siameng.”

Tatlhego ya Baiseraele e e tla

23 Ke ne ka leba lefatshe,

ka fitlhela le tobekanye,

le se na sepe;

le legodimo le se na lesedi

la lone.

24 Ka leba dithaba,

ka fitlhela di roroma;

le dithabana tsotlhe

di tshikinyega.

25 Ka leba,

ka fitlhela go se na motho;

dinonyane tsotlhe tsa loapi

di tshabile.

26 Ka leba masimo a ditlhare

tse di ungwang,

ka fitlhela e le sekaka fela,

metse yotlhe ya teng

e sentswe keMorena

ka bogale jo bo tukang

jwa gagwe.

27 Ee,Morena, o buile jaana a re:

“Lefatshe lotlhe

le tla fetoga sekaka,

mme ga nkitla

ke le fedisa gotlhe.

28 Ka moo lefatshe

le tla hutsafala,

legodimo le ntshofala

kwa godimo;

ka gonne ke di buile,

mme ga ke di fetole;

ke di ikaeletse,

mme ga ke boe mo go tsona.”

29 Motse otlhe o tshabile loratla

lwa bapalami ba dipitse

le lwa ba ba hulang ka bora,

ba tshabela kwa dikhung,

ba palama mo mafikeng.

Motse otlhe o tlogetswe,

go se na moagi ope mo go ona.

30 Wena Jerusalema

yo o gateletsweng,

o tla dirang?

Le fa o ka apara masela

a mahibidu

a mantle jaaka mosadi;

le fa o ka kgaba

ka mekgabiso ya gouta;

le fa o ka budulola matlho

ka setlolo se sentsho,

o ikgabisetsa lefela.

Barati ba a go nyatsa.

Se ba se batlang

ke bophelo jwa gago.

31 Gonne ke utlwa selelo

e kete sa mosadi

yo o segwang ke metlotsedi,

sa tlalelo

e kete ya yo o belegang ga ntlha.

Ke selelo sa morwadia Sione.

O a fegelwa,

a phutholola mabogo a gagwe

a re: “A tatlhego ya me wee!

Bophelo jwa me bo wela

mo diatleng tsa bampolai,

ke se na thata.”