Boikanyologo jwa Baiseraele
1 “Fa monna a tlhala mosadi wa gagwe, mme ene a mo tlogela, a nyalwa ke monna yo mongwe, a mosadi o ka boela gape kwa go ene? A lefatshe leo ga le kitla le itshekologa tota? Jaanong wena o dirile boaka le dinyatsi tse dintsi. A o a re o boela kwa go nna?” Go botsaMorena.
2 “Tsholeletsa matlho kwa dithabaneng tse di iphotlhereng, o bone gore ke fa kae, fa o sa tlotlolelwang teng? O ne o ba nnela fa ditseleng jaaka Moarabia mo sekakeng, o itshekolola lefatshe ka boaka jwa gago le ka bosula jwa gago.
3 Mme le fa dipula di thibilwe le kgogolamoko e se teng, o ne o na le sefatlhego sa boaka; o ganne go tlhajwa ke ditlhong.
4 “A ga se gona o mpitsang o re: ‘Rra, o tsala ya bošwa jwa me’?
5 O a re: ‘A o tla nna bogale ka bosakhutleng le go bo boloka ka gale?’ – Bona, o buile jalo, mme o dirile tse di bosula, ka fa o kgonang ka teng.”
Iseraele le Juta ba tshwanetse go ikwatlhaya
6 E rile ka malatsi a kgosi JosiaMorenaa nthaya a re: “A o bonye se Iseraele wa moikepi a se dirileng? Ene o ile kwa godimo ga thaba e kgolo nngwe le nngwe le fa tlase ga setlhare sengwe le sengwe se setala, a dira boaka teng.
7 Jaanong ya re a sena go dira tse tsotlhe tse, ka re, o tla boela kwa go nna, mme ga a ka a boa. Mme Juta mogolowe, yo o seng boikanyo, a bona tseo.
8 Mme le fa ke ne ke tlhadile Iseraele wa moikepi ka ntlha ya tsotlhe tse a sentseng nyalo ka tsona, le go mo naya lokwalo lwa tlhalo, ka fitlhela Juta mogolowe, yo o seng boikanyo, a sa boife, mme a ya, a dira boaka le ene.
9 A itshekolola lefatshe ka boaka jwa pelo e e botlhofo ya gagwe, a senya nyalo ka go ineela kota le lefika.
10 Mme le fa tsotlhe tseo di ntse jalo, Juta mogolowe, yo o seng boikanyo, ga a ka a boela kwa go nna ka pelo yotlhe, mme e le ka bolotsana fela.”Morenaa re jalo.
11 MmeMorenaa nthaya a re: “Iseraele wa moikepi o itshupile a siame bogolo go Juta yo o seng boikanyo.
12 Tsamaya o kuele mafoko a kwa bokone o re: ‘Iseraele wa moikepi, boa! Go bitsaMorena.’ Ga nkitla ke lo leba ke tlhontse sefatlhego, gonne ke bopelotlhomogi; ga nka ke ka galefela ruri.Morenao buile jalo.
13 Fela o ipone molato, fa o ikepile moMoreneng, Modimo wa gago, wa ineela medimo e sele thata fa tlase ga setlhare sengwe le sengwe se setala, mme lwa se ka lwa utlwa lentswe la me,” go buaMorena.
14 “Boang, lona bomorwaaka ba lo tenegileng!” Go bitsa Morena. “Gonne ke nnaMorenawa lona. Ke tla lo tsaya, mongwe mo motseng, ba le babedi mo lotsong, ke lo tlisa kwano Sione.
15 Ke tla lo naya badisa ba ba lo fudisang ka temogo le ka botlhale ka fa pelo ya me e ratang ka teng.”
16 Morenaa re: “E tla re ka malatsi ao fa lo sena go ntsifala le go ata mo lefatsheng, go se ke go tlhole go buiwa ka ga Letlole la Kgolagano yaMorena, le e seng go le gakologelwa ka pelo, le e seng go le elelelwa, le e seng go le tlhologelelwa, le e seng go le dira gape.
17 Ka sebaka seo Jerusalema o tla bidiwa ‘Sedulo sa bogosi saMorena’. Ditšhaba tsotlhe di tla phuthegela teng kwa Jerusalema ka ntlha ya leina laMorena, di sa tlhole di latela bogwadi jwa dipelo tse di bosula tsa bone.
18 Ka malatsi ao Bajuta ba tla goga le Baiseraele, ba tswa mmogo kwa lefatsheng la bokone, ba boela kwano lefatsheng le ke le abetseng borraeno boswa.
Morafe wa Modimo o obamela medimo e sele
19 “Kana nna ke ne ke re:
‘Ke tla go tshola jaaka morwaake,
ke go naya lefatshe
le le eletsegang,
e leng boswa jo bontlentle
go phala jwa ditšhaba;
ka ba ka re:
O tla mpitsa o re: “Rra,”
o sa ikepe mo go nna.
20 Mme ruri,
lona ba lotso lwa Iseraele,
lo ntlogetse ka boikanyologo
jaaka mosadi a tlogela monna
wa gagwe ka boikanyologo,’
go buaMorena.”
21 “Utlwelela! Go utlwala selelo
le mekokotlelo ya Baiseraele
kwa dithabeng
tse di iphotlhereng,
ka gore ba tsamaile
mo ditseleng tse di sokameng,
ba lebalaMorena,
Modimo wa bone.
22 Boang, lona bomorwaaka
ba lo tenegileng!
Ke tla alafa boikepo jwa lona!” –
“Re fano, re e tla kwa go wena. Gonne oMorena, Modimo wa rona.
23 Ruri, tsa kwa dithabaneng le tlhodio e e kwa dithabeng ke tsietso fela. Ruri pholoso ya Iseraele e moMoreneng, Modimo wa rona.
24 Modimo-wa-botlhabisa-ditlhong o jele dilo tsa borraetsho go tswa bonyaneng jwa rona, le dinku tsa bone le dikgomo tsa bone le bomorwaa-bone le bomorwadia-bone.
25 A re itelegeng mo ditlhonnye tsa rona! A nyatsego ya rona e re khurumetse! Gonne re leofetseMorena, Modimo wa rona, rona le borraetsho go tswa bonyaneng jwa rona go fitlha letsatsing la kajeno, mme ra se ka ra utlwa lentswe laMorena, Modimo wa rona.”