JEREMIA 2

Modimo o tlhokomela Baiseraele

1 Lefoko laMorenale tsile kwa go nna la re:

2 “Yaa o rere mo ditsebeng tsa Jerusalema o re:

“ ‘Morenao bua jaana a re:

Ke gakologelwa bopelonomi

jwa bošwa jwa gago

le lorato lwa gago,

fa o sa ntse o beeletswe,

o ntatela mo sekakeng,

mo nageng fa go sa jwalweng

teng.

3 Iseraele o ne a itshepetse

Morena,

e le letlhafula la kotulo ya gagwe.

Botlhe ba ba neng ba le ja

ba dira molato;

tatlhego ya ba wela.’

Morenao buile jalo.”

Molato wa Baiseraele ba pele

4 Utlwang lefoko laMorena,

ba ntlo ya ga Jakobe,

le lona ditso tsotlhe

tsa ntlo ya Iseraele!

5 Morenao bua jaana a re:

“Borraeno ba ne ba bonye

molato ofe mo go nna,

fa ba nkatoga,

ba latela medimo ya boithamako,

mme ba fetoga boithamako

ka bosi?

6 Ga ba a ka ba botsa ba re:

‘Morenao kae, yo o re

ntshitseng kwa lefatsheng

la Egepeto,

a re etelela pele mo sekakeng,

mo nageng e e senya

ya mangope,

mo nageng ya komelelo,

ya lefifi le le kwenneng,

mo nageng e e sa ralalweng

ke ope,

kwa batho ba sa nneng teng?’

7 Ke lo tlisitse mo lefatsheng

la masimo a ditlhare

tse di ungwang

gore lo je maungo a lone

le dijo tse di molemo tsa lone.

Mme e rile lo sena go tsena,

lwa itshepolola lefatshe la me,

lwa fetola boswa jwa me maila.

8 Baperesiti ga ba a ka ba botsa

ba re: ‘Morenao kae?’

Baokamedi ba molao

ba ne ba sa nkitse;

badisaba ikepa mo go nna;

baporofeti ba rera ka ga Baale,

ba latela medimo

e e sa thuseng sepe.”

Tsheko ya Morena le morafe wa gagwe

9 “Ka moo ke tla seka gape

le lona,”

go buaMorena;

“ke tla seka le bana ba bana

ba lona.

10 Tshelelang kwa ditlhakatlhakeng

tsa Bakhithime, lo tlhole;

romang kwa Ketare,

lo tlhokomele thata,

lo bone gore,

a tse di ntseng jaana

di kile tsa dirafala?

11 A setšhaba se kile sa ananya

medimo ya sona,

le fa yona e se medimo?

Mme morafe wa me o anantse

kgalalelo ya onaka ntlha ya dilo

tse di sa thuseng sepe.

12 Lona magodimo,

silofalang ka ntlha ya tseo,

lo sisimoge, lo rerege thata!”

Go buaMorena.

13 “Gonne morafe wa me o dirile

masula a mabedi:

Ba ntlogetse ke le motswedi

wa metsi a a phelang,

ba ya ba ikgabela dikgatampi,

e leng dikgatampi

tse di phanyegileng,

tse di sa tshwareng metsi.”

Boikanyologo jwa Baiseraele

14 “A Iseraele ke lekgoba?

Gongwe a o tsaletswe

mo bokgobeng?

Ke ka ntlhaang, fa a thopilwe?

15 Ditau di ne tsa mo rorela,

tsa utlwatsa modumo wa tsona.

Tsa fetola lefatshe la gagwe

sekaka,

tsa senya metse ya gagwe,

ya nna marope fela

a a se nang moagi.

16 Batho ba Nofe

le ba Thagephanese

le bone ba tla go kuta tlhogo.

17 A ga o a itirela tseo ka wesi

ka go tlogelaMorena,

Modimo wa gago,

motlhang a go tsamaisang

mo tseleng?

18 Jaanong go ya kwa Egepeto

le go nwa metsi a Nile

go go thusa eng?

Go ya kwa Asiria

le go nwa metsi a Ferathe

go go thusa eng?

19 Bosula jwa gago bo tla go otla,

boikepo jwa gago bo tla go betsa.

Lemoga o bone

gore ke botlhoko jo bo galakang,

fa o tlogela Morena,

Modimo wa gago,

o sa mpoife, go bua Morena,

Modimo wa masomosomo.”

Baiseraele ba gana go obamela Morena

20 “Gonne ga o bolo go roba

joko ya gago le go kgaola dikgole

tsa gago wa re:

‘Ga ke rate go go direla.’

Gonne o ntse o ithobatsa fatshe

o le seaka mo dithabaneng

tsotlhe tse di godimo

le fa tlase ga setlhare sengwe

le sengwe se setala.

21 Mme nna ke ne ke go tlhomile

o le moweine o montlentle,

o le peo ya nnete tota.

Jaanong o mphetogetse jang

go nna matlhogela a moweine

wa naga?

22 Ee, le fa o ka tlhapa ka molora,

wa tsaya sesepa se sentsi,

setshubaba sa molato wa gago

se ntse se bonala fa pele ga me.”

Morena Modimo o buile jalo.

23 “O ka bua jang o a re:

‘Ga ke a itshekologa,

ga ke a latela boBaale’?

Bona tsela ya gago

mo mogorogorong,

ipone se o se dirileng!

O kammele e namagadi

e e lemaletseng

e e tlolaganyang ditsela tsa yona.

24 O esele ya nageng e namagadi

e e tlwaetseng sekaka

e e hupelang mowa mo keletsong

e kgolo ya yona.

Fa e lemaletse,

ke mang yo o ka e busang?

Botlhe ba ba e batlang

ga ba na go itapisa.

Ba tla e bona fela

mo kgweding ya yona.

25 Thibela dinao tsa gago

gore ditlhako tsa gago

di se ka tsa tšhomoga,

le mometso wa gago

gore o se ka wa oma.

Mme o a re: ‘Ga go kgonege!

Nnyaya! Kana ke rata baeng,

ke tla ba latela.’

Baiseraele ba tshwanetswe ke petso

26 “Legodu le tlhajwa ke ditlhong, fa le tshwarwa; Baiseraele ba tla tlhajwa ke ditlhong jalo, bone le dikgosi tsa bone le dikgosana tsa bone le baperesiti ba bone le baporofeti ba bone;

27 ba ba rayang kota ba re: ‘O rraetsho!’ le lefika ba re: ‘O re tsetse!’ Gonne ba nkhularetse, ba sa ntebe. Mme e re ba le mo tlalelong, ba bitse ba re: ‘Tsoga, o re thuse!’

28 “Medimo ya gago e kae e o e itiretseng? A e tsoge, fa e itse go go thusa mo sebakeng sa tlalelo ya gago. Gonne palo ya metse ya gago e lekana le palo ya medimo ya gago, Juta!

29 Ke ka ntlhaang fa lo ganetsanya le nna? Lo ikepile mo go nna lotlhe.”Morenao buile jalo.

30 “Bana ba lona ke ba iteetse lefelafela. Ga ba a amogela kgalemelo. Tšhaka ya lona e nyeleditse baporofeti ba lona jaaka tau e e gagolang.

31 Kana lona lo losika lo lo ntseng jang? Lemogang Lefoko laMorena! A ke fetogetse Iseraele sekaka gongwe lefatshe le lentsho? Ke ka ntlhaang fa batho ba me ba re: ‘Re a itaola. Ga re kitla re tlhola re boela kwa go wena.’

32 A lekgarebe le lebala mokgabo wa lone? A monyalwa o lebala moitlamo wa gagwe? Mme batho ba me ga ba bolo go ntebala, e setse e le malatsi a a se nang palo.

33 Tsela ya gago ya go batla lorato, o e itse sentle jang! Ke ka moo o itlwaeditseng tse di kgopo mo tsamaong ya gago.

34 Le gona go fitlhetswe madi a bahumanegi ba ba se nang molato mo mejeng ya diaparo tsa gago, Iseraele, ba o sa ba fitlhelang ba thuba ntlo.

“Mme le fa go ntse jalo,

35 wena o a re: ‘Ga ke na molato; kana bogale jwa gagwe bo boile mo go nna.’ ”

Mme Modimo o a re: “Bona, ke tla go sekisa ka ntlha ya puo ya gago e e reng: ‘Ga ke a leofa.’

36 Ke ka ntlhaang, fa o fetola tsela ya gago ka botlhofo fela? Egepeto le ene o tla go tlhabisa ditlhong jaaka Asiria a go tlhabisitse ditlhong.

37 Le ene Egepeto o tla mo tlogela o ithwele megono; gonneMorenao ba latlhile ba wena o ba ikanyang. Ga o na o bona tlhogonolo epe ka bone.